Esekiele 26:1-21

  • Boporofeti ka se se tla diragalelang Ture (1-21)

    • “Segotlo sa go anegela matlowa a a gogwang” (5, 14)

    • Maje le mmu di latlhelwa mo metsing (12)

26  Mo ngwageng wa bo11, mo letsatsing la ntlha la kgwedi, Jehofa o ne a nthaya a re:  “Morwa motho, e re ka Ture a buile ka ga Jerusalema+ a re, ‘Lo laegile! Kgoro e ditšhaba di tsenang ka yone e robagantswe!+ Sengwe le sengwe se tla tla kwa go nna, mme jaanong ke tla huma ka gonne o sentswe’;  ka jalo seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Jaanong ke fetogile mmaba wa gago, wena Ture, mme ke tla dira gore ditšhaba di le dintsi di go tlhasele, fela jaaka lewatle le tlhatlosa makhubu a lone.  Ba tla senya dipota tsa Ture ba bo ba diga ditora tsa gagwe,+ mme ke tla gopa mmu wa gagwe ke bo ke dira gore a nne lefika le le se nang mmu, le le phatsimang.  O tla fetoga segotlo sa go anegela matlowa a a gogwang mo lewatleng.’+ “‘Gonne nna ke buile,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘mme o tla nna sengwe se se gapiwang ke ditšhaba.  Mme metsana e e mo dikologileng* e tla bolawa ka tšhaka, mme batho ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’  “Gonne seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Jaanong ke romela Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona go tswa kwa bokone gore a tle go tlhasela Ture;+ ke kgosi ya dikgosi,+ o tla tla ka dipitse,+ dikara tsa ntwa,+ masole a a palamang dipitse le mophato o mogolo wa masole.*  O tla senya metsana e e go dikologileng ka tšhaka, mme o tla aga lobota a bo a dira thotana go go dikologa e bile o tla go tsholeletsa thebe e kgolo.  O tla thuba dipota tsa gago ka kota e kgolo e e thubang dipota,* e bile o tla diga ditora tsa gago ka dilepe* tsa gagwe. 10  Dipitse tsa gagwe di tla bo di le dintsi thata mo di tla go khurumetsang ka lorole, mme modumo wa masole a gagwe a a palamang dipitse le wa maotwana a dikara tsa ntwa o tla dira gore dipota tsa gago di rorome fa a tsena mo dikgorong tsa gago, jaaka banna ba tlhasela motse o dipota tsa one di thubegileng. 11  Ditlhakwana tsa dipitse tsa gagwe di tla gataka mebila ya gago yotlhe;+ o tla bolaya batho ba gago ka tšhaka, e bile o tla digela dipilara tsa gago tse di nonofileng fa fatshe a di thubaganya. 12  Ba tla utswa dithoto tsa gago, ba tla gapa dilo tse o di rekisang,+ ba tla diga dipota tsa gago ba bo ba thuba matlo a gago a mantle; go tswa foo ba tla latlhela maje a gago le dilo tsa gago tse di dirilweng ka logong le mmu wa gago mo metsing.’ 13  “‘Ke tla fedisa modumo wa dipina tsa gago, e bile modumo wa diharepa tsa gago ga o kitla o tlhola o utlwiwa.+ 14  Ke tla go dira lefika le le se nang mmu, le le phatsimang mme o tla nna segotlo sa go anegela matlowa a a gogwang.+ Ga o kitla o tlhola o agiwa sesha, ka gonne nna Jehofa, ke buile,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 15  “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se bolelelang Ture: ‘Fa go utlwala modumo wa go wa ga gago, fa ba ba tlogang ba swa ba lela, fa batho ba bolawa setlhogo mo go wena, a ditlhaketlhake ga di kitla di roroma?+ 16  Dikgosana tsotlhe tsa lewatle di tla fologa mo ditulong tsa tsone tsa bogosi di bo di apola diaparo tsa tsone tse ditelele* le diaparo tsa tsone tse di kgabisitsweng, mme di tla bo di roroma fela thata.* Di tla nna fa fatshe di roroma di sa kgaotse e bile di tla go leba di gakgametse.+ 17  Mme di tla go opelela pina ya khutsafalo+ di bo di go raya di re: “Ruri o nyeletse,+ wena yo o neng o nniwa ke batho ba ba tswang kwa mawatleng, wena motse o o tseelwang kwa godimo;Wena le ba ba nnang mo go wena lo ne lo nonofile mo lewatleng,+Lo tshosa batho botlhe ba ba nnang mo lefatsheng! 18  Ditlhaketlhake di tla roroma mo letsatsing la fa o tla bo o wa,Ditlhaketlhake tse di mo lewatleng di tla fuduega fa o sena go nyelela.”’+ 19  “Gonne seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Fa ke go senya jaaka metse e e sa nniweng ke ope, fa ke go hupetsa ka metsi a a bilogang e bile metsi a mantsintsi a go khurumetsa,+ 20  le wena ke tla go folosetsa kwa tlase fela jaaka ke folosetsa ba bangwe mo lebitleng kwa batho ba bogologolo ba ba suleng ba leng gone; mme ke tla dira gore o nne mo lefelong le le kwa tlasetlase, o nne le mafelo a a sa bolong go senngwa, mmogo le ba bangwe botlhe ba ba fologelang mo lebitleng,+ gore go se ka ga nna le ope yo o nnang mo go wena. Go tswa foo, ke tla galaletsa* lefatshe la batho ba ba tshelang. 21  “‘Ke tla go tlisetsa letshogo la tshoganyetso, mme ga o kitla o tlhola o nna teng.+ Ba tla go batla, mme ga ba kitla ba tlhola ba go bona gape,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “bomorwadie.”
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Seheb., “batho.”
Kgotsa “ka motšhine o a tlhaselang ka one.”
Kgotsa “ditšhaka.”
Kgotsa “diaparo tsa tsone tse di se nang mabogo.”
Seheb., “di tla aparelwa ke go roroma.”
Kgotsa “kgabisa.”