Esekiele 27:1-36

  • Pina ya khutsafalo e e opelelwang sekepe sa Ture se se nwelang (1-36)

27  Jehofa o ne a bua le nna gape a re:  “Wena morwa motho, opelela Ture pina ya khutsafalo,+  mme o reye Ture o re,‘Wena yo o nnang mo dikgorong tsa lewatle,Yo o dirang kgwebo le ditšhaba tse di nnang mo ditlhaketlhakeng tse dintsi,Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Wena Ture, o rile, ‘Ke montle thata.’+   Melelwane ya gago e mo gare ga lewatle,Mme ba ba go agang ba dirile gore o nne montle thata.   Ba ne ba dira dipolanka tsotlhe tsa gago ka dikota tsa ditlhare tsa mofira tsa kwa Senire,+Mme ba ne ba tsaya mosedara kwa Lebanona gore ba go direle pilara ya sekepe.   Ba ne ba dira dikota tsa gago tse di tsamaisang sekepe ka ditlhare tsa moakere* tsa kwa Bashana,Nko ya sekepe sa gago e ne e dirilwe ka logong lwa setlhare sa mokuperese lo lo manegilweng lonaka lwa tlou lo lo tswang kwa ditlhaketlhakeng tsa Kitime.+   Saile ya gago e ne e dirilwe ka letsela le le boleta la mebalabala le le tswang kwa Egepeto,Letsela le le neng le khurumeditse mathudi a sekepe sa gago le ne le dirilwe ka tlhale e e botala jwa loapi le wulu e phepole tse di tswang kwa ditlhaketlhakeng tsa Elisha.+   Banni ba kwa Sidona le kwa Arefade+ e ne e le ba ba tsamaisang sekepe sa gago ka dikota. Wena Ture, banna ba gago ba ba ditswerere e ne e le bakgweetsi ba sekepe sa gago.+   Banna ba ba nang le maitemogelo* le ba ba ditswerere ba kwa Gebale+ ba ne ba thiba diphatlha tse di mo sekepeng sa gago gore metsi a se ka a tsena mo go sone.+ Dikepe tsotlhe tsa lewatle le batsamaisi ba tsone ba ne ba tla mo go wena gore ba reke dithoto tsa gago. 10  Banna ba Peresia, Lude le Pute+ e ne e le masole a gago, e le banna ba gago ba ntwa. Ba ne ba kaletsa dithebe le ditlhoro tsa bone tsa phemelo mo go wena, mme ba ne ba dira gore o galalele. 11  Banna ba Arefade ba ba mo mophatong wa gago wa masole ba ne ba eme go dikologa dipota tsa gago,E bile banna ba ba pelokgale ba ne ba le mo ditoreng tsa gago. Ba ne ba kaletsa dithebe tsa bone tse di kgolokwe go dikologa dipota tsa gagoMme ba ne ba dira gore o nne montle thata. 12  “‘“Batho ba Tareshishe+ ba ne ba dira kgwebo le wena ka ntlha ya dikhumo tsa gago tse dintsi.+ Ba ne ba go naya selefera, tshipi, thini le lloto gore o ba neye dithoto tsa gago.+ 13  Batho ba kwa Jafane, Tubale+ le Mesheke+ ba ne ba dira kgwebo le wena, ba go naya makgoba+ le dilwana tsa kopore gore o ba neye dithoto tsa gago tse di rekisiwang. 14  Batho ba kwa Togarema+ ba ne ba go naya dipitse le bommoulo gore o ba neye dithoto tsa gago. 15  Batho ba kwa Dedane+ ba ne ba dira kgwebo le wena; o ne wa thapa bagwebi go tswa kwa ditlhaketlhakeng tse dintsi; ba ne ba go ntshetsa sehuba* ka dinaka tsa tlou+ le logong lo lontsho lo lo tlhwatlhwakgolo. 16  Baedoma ba ne ba dira kgwebo le wena ka ntlha ya dilwana tsa gago tse dintsi. Ba ne ba ntsha maje a thekoise, wulu e phepole, matsela a mebalabala a a kgabisitsweng, letsela le le boleta, dikorale le maje a rubi gore o ba neye dithoto tsa gago. 17  “‘“Batho ba Juda le ba lefatshe la Iseraele ba ne ba dira kgwebo le wena, ba go naya korong ya kwa Minithe,+ dijo tsa maemo a a kwa godimo, tswina ya dinotshe,+ leokwane le balema+ gore o ba neye dithoto tsa gago.+ 18  “‘“Batho ba Damaseko+ ba ne ba dira kgwebo le wena ka ntlha ya dilwana tsa gago tse dintsi le ka ntlha ya letlotlo lotlhe la gago, ba rekisa beine ya kwa Helebone le wulu ya kwa Sahare.* 19  Batho ba kwa Fedane le ba kwa Jafane, e leng metse e e gaufi le Usale ba ne ba go naya tshipi e e thudilweng, kasia* le lotlhaka* gore o ba neye dithoto tsa gago. 20  Batho ba kwa Dedane+ ba ne ba dira kgwebo le wena ka matsela a disale* tse di dirisiwang fa go palangwa dipitse. 21  O ne wa thapa Baarabia le dikgosana tsotlhe tsa kwa Kedare,+ ba e neng e le bagwebi ba dikwanyana, diphelefu le dipodi.+ 22  Bagwebi ba kwa Sheba le ba kwa Raama+ ba ne ba dira kgwebo le wena; ba ne ba go naya mefuta yotlhe ya dinkgisamonate tsa boleng jo bo kwa godimo thata, maje a a tlhwatlhwakgolo le gauta gore o ba neye dithoto tsa gago.+ 23  Batho ba kwa Harana,+ Kane, Edene,+ bagwebi ba kwa Sheba,+ Aseshure+ le Kilemade ba ne ba dira kgwebo le wena. 24  Kwa marekisetsong a gago, ba ne ba rekisa diaparo tse dintle, dikobo tse di dirilweng ka matsela a mmala o o botala jwa loapi e bile di kgabisitswe ka mebalabala, le diphate tse di mebalabala, tsotlhe di bofilwe e bile di gagamaditswe ka megala. 25  Dikepe tsa Tareshishe+ di ne di rwala dithoto tsa gago tse di rekisiwang,Mo e leng gore o ne wa tlala wa bo wa imelwa* mo gare ga lewatle. 26  Ba ba tsamaisang sekepe sa gago ka dikota ba go tlisitse mo metsing a mantsi;Phefo ya botlhaba e go thubagantse mo gare ga lewatle. 27  Dikhumo tsa gago, dithoto tsa gago, dilwana tsa gago tse di rekisiwang, batsamaisasekepe ba gago le bakgweetsi ba sekepe sa gago,Ba ba thibang diphatlha tse di mo sekepeng sa gago, ba ba rekisang dilwana tsa gago+ le banna botlhe ba ntwa,+Batho botlhe ba bantsintsi* ba ba mo go wena,Ba tla nwela mo lewatleng mo letsatsing la fa o wa.+ 28  Fa bakgweetsi ba sekepe sa gago ba goa, mafelo a a mo losing lwa lewatle a tla roroma. 29  Botlhe ba ba tsamaisang sekepe ka dikota, bakgweetsi ba sekepe le batho botlhe ba ba tsamayang ka sekepe,Ba tla tswa mo dikepeng tsa bone ba bo ba ema mo lefatsheng. 30  Ba tla tsholetsa mantswe a bone ba bo ba go lelela mo go botlhoko+Ba ntse ba itshela lorole mo ditlhogong e bile ba bidikama mo meloreng. 31  Ba tla ipeola lefatla ba bo ba apara letsela la kgetsi;Ba tla go lelela mo go botlhoko ba bokolela thata. 32  Fa ba ntse ba lela selelo sa khutsafalo ba tla go opelela pina ya khutsafalo ba re: ‘Ke mang yo o tshwanang le Ture, yo jaanong a didimetseng mo lewatleng?+ 33  Fa dithoto tsa gago di ne di goroga di tswa mo lewatleng, o ne wa kgotsofatsa ditšhaba di le dintsi.+ Dikhumo tsa gago tse dintsi le dilwana tsa gago tse di rekisiwang di ne tsa humisa dikgosi tsa lefatshe.+ 34  Jaanong o thubagantswe mo lewatleng, mo metsing a a boteng,+E bile dilwana tsa gago tse di rekisiwang le batho ba gago ba nwetse le wena mo go lone.+ 35  Batho botlhe ba ba nnang mo ditlhaketlhakeng ba tla go rotolela matlho ba gakgametse,+E bile dikgosi tsa bone di tla roroma ka ntlha ya letshogo,+ difatlhego tsa bone di tla bo di tlhontse. 36  Bagwebi ba ba mo ditšhabeng ba tla letsa molodi ka ntlha ya se se go diragaletseng. Bokhutlo jwa gago bo tla tla ka tshoganyetso e bile bo le maswe thata,Mme ga o kitla o tlhola o nna teng ka bosakhutleng.’”’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mofuta mongwe wa ditlhare tse dikgolo. Ka Seesemane se bidiwa oak.
Seheb., “Banna ba ba godileng.”
Kgotsa “le wulu e e boputswa jo bohibitswana.”
Mofuta wa setlhare se se tshwanang le setlhare sa sinamone.
Lotlhaka lo lo nkgang monate.
Kgotsa “diaparo tsa matsela a a logilweng.”
Kgotsa gongwe “wa bo wa galalela.”
Seheb., “Phuthego yotlhe.”