Esekiele 28:1-26

  • Boporofeti ka se se tla diragalelang kgosi ya Ture (1-10)

    • “Nna ke modimo” (2, 9)

  • Pina ya khutsafalo e e opelelwang kgosi ya Ture (11-19)

    • “O ne o le kwa Edene” (13)

    • “Tšheruba e e tloditsweng e e sireletsang” (14)

    • O ne wa “simolola go dira dilo tse di sa siamang” (15)

  • Boporofeti ka se se tla diragalelang Sidona (20-24)

  • Iseraele e busediwa kwa nageng ya yone (25, 26)

28  Jehofa o ne a bua le nna gape a re:  “Morwa motho, raya moeteledipele wa Ture o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “E re ka pelo ya gago e le mabela,+ o nna o re, ‘Nna ke modimo. Ke nna mo setulong sa bogosi sa modimo mo gare ga lewatle.’+ Le fa go ntse jalo, o motho fela, ga o modimo,Le fa gone mo pelong ya gago o ipolelela gore o modimo.   O botlhale go feta Daniele.+ Ga go na diphiri dipe tse o sa kgoneng go di bona.   O ikhumisitse ka botlhale jwa gago le ka temogo ya gago,E bile o nna o ipolokela gauta le selefera mo mabolokelamatlotlong a gago.+   Bokgoni jwa gago jwa go dira kgwebo bo dirile gore o hume thata,+Mme pelo ya gago e ne ya nna mabela ka ntlha ya dikhumo tsa gago.”’  “‘Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “E re ka mo pelong ya gago o ipolelela gore o modimo,   Ke go tlisetsa batswakwa gore ba go tlhasele, e leng setšhaba se se setlhogo go gaisa ditšhaba tse dingwe,+Mme ba tla somola ditšhaka tsa bone ba bo ba kgemetha sengwe le sengwe se sentle se o se dirileng ka botlhale jwa gagoE bile ba tla dira gore kgalalelo ya gago e kgolo e se ka ya tlhola e nna boitshepo.+   Ba tla go folosetsa mo lebitleng,Mme o tla swa loso lo lo botlhoko mo lewatleng.+   A o sa ntse o tla raya yo o go bolayang o re, ‘Nna ke modimo’? O tla bo o le motho fela mo seatleng sa ba ba go leswafatsang, o se modimo.”’ 10  ‘Batswakwa ba tla go bolaya gore o swe jaaka batho ba ba sa rupang,Gonne nna ke buile,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.” 11  Mme Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 12  “Morwa motho, opelela kgosi ya Ture pina ya khutsafalo, mme o mo reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “O ne o le sekao se se itekanetseng,O le botlhale thata+ e bile o le montle thata.+ 13  O ne o le kwa Edene, kwa tshingwaneng ya Modimo. O ne o kgabisitswe ka maje otlhe a a tlhwatlhwakgolo: Rubi, topase le jasepere; kerusolete, onikise le jeide; safire, thekoise+ le emeraleda;Lengwe le lengwe la maje ano le ne le kgomareditswe ka gauta. A ne a baakanngwa mo letsatsing le o neng wa bopiwa ka lone. 14  Ke ne ka go tlhoma gore o nne tšheruba e e tloditsweng e e sireletsang. O ne o le mo thabeng ya Modimo e e boitshepo,+ e bile o ne o tsamayatsamaya mo gare ga maje a a tukang. 15  Go tloga mo letsatsing le o neng wa bopiwa ka lone, o ne o se na molato mo ditseleng tsa gagoGo fitlha o simolola go dira dilo tse di sa siamang.+ 16  O ne wa tlala thubakanyo, e bile o ne wa simolola go leofa+Ka ntlha ya kgwebo ya gago e ntsi.+ Ka jalo, ke tla go ntsha mo thabeng ya Modimo ke go latlhela kwa ntle jaaka yo o itshekologileng ke bo ke go senya,+Wena tšheruba e e sireletsang, ke go latlhela kgakala le maje a a tukang. 17  Pelo ya gago e ne ya nna mabela ka gonne o le montle.+ O ne wa senya botlhale jwa gago ka ntlha ya kgalalelo ya gago e kgolo.+ Ke tla go latlhela mo lefatsheng.+ Ke tla dira gore dikgosi di go bogele. 18  O dirile gore mafelo a gago a a boitshepo a se ka a tlhola a nna boitshepo ka ntlha ya molato wa gago o mogolo le ka ntlha ya kgwebo e o e dirileng o sa ikanyege. Ke tla dira gore go tswe molelo mo go wena, mme o tla go laila.+ Ke tla dira gore o nne melora fela mo lefatsheng fa pele ga botlhe ba ba go lebileng. 19  Botlhe ba ba neng ba go itse mo ditšhabeng ba tla go rotolela matlho ba gakgametse.+ Bokhutlo jwa gago bo tla tla ka tshoganyetso e bile bo le maswe thata,Mme ga o kitla o tlhola o nna teng ka bosakhutleng.”’”+ 20  Mme Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 21  “Morwa motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa Sidona,+ mme o mmolelele molaetsa wa katlholo. 22  O mo reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Jaanong ke fetogile mmaba wa gago, wena Sidona, mme ke tla galalediwa ka ntlha ya se se tla go diragalelang;Fa ke tla bo ke go otlhaya e bile ke go dirisa go bontsha gore ke Modimo yo o boitshepo, batho ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa. 23  Ke tla romela bolwetse jwa leroborobo mo go ene e bile madi a tla elela mo mebileng ya gagwe. Batho ba tla wela mo go ene ba bolailwe setlhogo fa tšhaka e mo tlhasela go tswa mo matlhakoreng otlhe;Mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.+ 24  “‘“Foo Baiseraele ga ba kitla ba tlhola ba dikologiwa ke mmitlwa le mengana e e tlhabang botlhoko,+ e leng batho ba ba ba sotlang; mme batho ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Morena Molaodimogolo Jehofa.”’ 25  “‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Fa ke phutha batho ba Iseraele gape ke ba ntsha mo ditšhabeng tse ba neng ba gasametse kwa go tsone,+ ke tla dira gore ditšhaba di bone gore ke Modimo yo o boitshepo.+ Mme Baiseraele ba tla nna mo lefatsheng la bone+ le ke neng ka le naya motlhanka wa me Jakobe.+ 26  Ba tla nna mo go lone ba babalesegile+ mme ba tla aga matlo ba bo ba jala masimo a morara,*+ e bile ba tla nna ba babalesegile fa ke atlhola botlhe ba ba ba sotlang, ba ba ba dikologileng;+ mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa, Modimo wa bone.”’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”