Esekiele 29:1-21

  • Boporofeti ka se se tla diragalelang Faro (1-16)

  • Babelona e tla duelwa ka Egepeto (17-21)

29  Mo ngwageng wa bolesome, mo kgweding ya bolesome, mo letsatsing la bo12 la kgwedi eo, Jehofa o ne a nthaya a re:  “Morwa motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa go Faro kgosi ya Egepeto, mme o mmolelele molaetsa wa katlholo ga mmogo le Egepeto yotlhe.+  O bue mafoko ano: ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Jaanong ke fetogile mmaba wa gago, wena Faro, kgosi ya Egepeto,+Setshedi se setona sa lewatle se se namaletseng mo gare ga mesele ya Nile,*+Yo o neng a re, ‘Noka ya Nile ke ya me. Ke e itiretse.’+   Le fa go ntse jalo, ke tla tsenya dihuku mo ditlhaeng tsa gago ke bo ke dira gore ditlhapi tsa Nile di ngaparele makape a gago. Mme ke tla go ntsha mo nokeng ya gago ya Nile mmogo le ditlhapi tsotlhe tsa Nile tse di ngaparetseng makape a gago.   Ke tla go latlhela kwa sekakeng, wena le ditlhapi tsotlhe tsa noka ya gago ya Nile. O tla wela mo nageng, mme ga go na ope yo o tla go selang a bo a go fitlha.+ Ke tla go neela dibatana tsa naga le dinonyane tsa loapi gore di go je.+   Ka nako eo, batho botlhe ba ba nnang mo Egepeto ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa,Gonne mo Baiseraeleng ba ne ba tshwana fela le thobane e e dirilweng ka lotlhaka.+   Fa ba ne ba tshwara seatla sa gago, o ne wa thubagana,Mme o ne wa dira gore ba kumole legetla la bone. Fa ba ne ba ikaega ka wena, o ne wa robega,Mme o ne wa dira gore maoto* a bone a kgwetlhe.”+  “‘Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Jaanong ke go tlisetsa tšhaka,+ mme ke tla fedisa motho mmogo le phologolo mo go wena.  Lefatshe la Egepeto le tla fetoga marope le lefelo le le kgakgabetseng;+ mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa, ka gonne o ne wa* re, ‘Noka ya Nile ke ya me; ke nna ke e dirileng.’+ 10  Ka jalo, ke mmaba wa gago e bile ke mmaba wa noka ya gago ya Nile, mme ke tla dira gore lefatshe la Egepeto le kgakgabale le bo le omelele, e nne lefatshe le le phaphaletseng,+ go tloga kwa Migedole+ go ya kwa Siene+ le go ya kwa molelwaneng wa Ethiopia. 11  Ga le kitla le ralalwa ke motho ope kgotsa phologolo epe,+ e bile ga le kitla le nniwa dingwaga di le 40. 12  Ke tla dira gore lefatshe la Egepeto le kgakgabale go gaisa mafatshe a mangwe, mme ka dingwaga di le 40 metse ya lone e tla kgakgabala thata go gaisa metse e mengwe yotlhe;+ mme ke tla gasamisetsa Baegepeto kwa ditšhabeng tse dingwe ke bo ke ba phatlalaletsa kwa dinageng tse dingwe.”+ 13  “‘Gonne seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Morago ga dingwaga di le 40 ke tla phutha Baegepeto ke ba ntsha mo ditšhabeng tse ba neng ba gasamiseditswe kwa go tsone;+ 14  ke tla busetsa Baegepeto ba ba neng ba isitswe botshwarwa kwa lefatsheng la Patherose,+ kwa lefatsheng le ba simologileng kwa go lone, mme fa ba le koo ba tla nna bogosi jo bo nyatsegang. 15  Egepeto e tla nna kwa tlase ga magosi a mangwe, mme ga e kitla e tlhola e laola ditšhaba tse dingwe,+ e bile ke tla dira gore ba nne bannye ka palo mo ba se kitlang ba kgona go fenya ditšhaba tse dingwe.+ 16  Baiseraele ga ba kitla ba tlhola ba ikaega ka Egepeto gape.+ Se se diragaletseng Baegepeto se tla gopotsa Baiseraele phoso e ba neng ba e dira fa ba ne ba kopa thuso kwa Baegepetong. Mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Morena Molaodimogolo Jehofa.”’” 17  Jaanong mo ngwageng wa bo27, mo kgweding ya ntlha, mo letsatsing la ntlha la kgwedi eo, Jehofa o ne a nthaya a re: 18  “Morwa Motho, Kgosi Nebukadenesare*+ wa Babelona o ne a dira gore masole a gagwe a dire ka natla fa a ne a tlhasela Ture.+ Ditlhogo tsa bone di ne tsa nna lefatla, e bile magetla a bone a ne a kgoboga. Le fa go ntse jalo, ene le masole a gagwe ga ba a ka ba amogela dituelo dipe ka ntlha ya matsapa a ba neng ba a tsaya fa ba tlhasela Ture. 19  “Ka jalo, Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘Jaanong ke naya Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona lefatshe la Egepeto,+ mme o tla tsaya dikhumo tsa lone a bo a gapa dilo di le dintsi mo go lone; mme dilo tseo e tla nna tuelo ya masole a gagwe.’ 20  “‘Ke tla mo naya lefatshe la Egepeto ke mo duelela tiro e a e dirileng fa a ne a e tlhasela,* ka gonne ba ne ba ntirela,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 21  “Mo letsatsing leo, ke tla dira gore batho ba Iseraele ba nne le maatla,*+ mme ke tla go naya tshono ya gore o bue mo gare ga bone; mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mo temaneng eno le mo go tse di latelang, “Nile” e kaya noka le melatswana ya yone ya go nosetsa.
Seheb., “dinôka.”
Seheb., “o ne a.”
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Go tewa fa a ne a tlhasela Ture.
Seheb., “ke tla tlhogisetsa ba ntlo ya Iseraele lonaka.”