Esekiele 3:1-27

  • Esekiele o laelwa gore a je memeno e a e neilweng ke Modimo (1-15)

  • Esekiele o nna molebeledi (16-27)

    • Go sa reetse go felela ka loso (18-21)

3  Go tswa foo, o ne a nthaya a re: “Morwa motho, ja se se fa pele ga gago.* Ja momeno ono, mme o bo o ya go bua le batho ba Iseraele.”+  Ka jalo, ke ne ka bula molomo, mme o ne a nnaya momeno ono gore ke o o je.  O ne a tswelela a nthaya a re: “Morwa motho, ja momeno ono o ke go o nayang, mme o tlatse mpa ya gago ka one.” Ka jalo, ke ne ka simolola go o ja, mme o ne o le botshe jaaka tswina ya dinotshe mo molomong wa me.+  O ne a nthaya a re: “Morwa motho, ya kwa bathong ba Iseraele mme o ba bolelele se ke se go bolelelang.  Gonne ga ke go rome kwa setšhabeng sa batho ba ba buang puo e e sa tlhaloganyesegeng kgotsa loleme lo lo sa itsiweng, mme ke go roma kwa bathong ba Iseraele.  Ga ke go rome kwa ditšhabeng tse dintsi tse di buang puo e e sa tlhaloganyesegeng kgotsa loleme lo lo sa itsiweng, ba o ka se kang wa tlhaloganya mafoko a bone. Fa ke ne nka go roma kwa go bone, ba ne ba tla go reetsa.+  Mme batho ba Iseraele ba tla gana go go reetsa, ka gonne ga ba batle go ntheetsa.+ Batho botlhe ba Iseraele ba tlhogoethata e bile ba peloethata.+  Ke dirile gore sefatlhego sa gago se nne thata fela jaaka difatlhego tsa bone le phatla ya gago e nne thata fela jaaka diphatla tsa bone.+  Ke dirile gore phatla ya gago e nne jaaka teemane, e nne thata go feta leje le le thata.+ O se ka wa ba boifa kgotsa wa tshosiwa ke difatlhego tsa bone,+ ka gonne ke batlhanogi.” 10  O ne a tswelela a nthaya a re: “Morwa motho, reetsa mafoko otlhe a ke a go bolelelang mme o a tsenye mo pelong. 11  Tsamaya o ye kwa bathong ba gaeno* ba ba isitsweng botshwarwa,+ mme o bue le bone. O ba reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang,’ le fa ba ka tswa ba reetsa kgotsa ba sa reetse.”+ 12  Go tswa foo, moya o ne wa ntsaya+ mme ke ne ka utlwa modumo o mogolo o o kurutlang ka fa morago ga me o o neng o re: “E kete kgalalelo ya ga Jehofa e ka bakwa go tswa mo lefelong la gagwe.” 13  Go ne go na le modumo wa diphuka tsa ditshedi fa di ne di ntse di gotlhana,+ le modumo wa maotwana a a neng a le gaufi le tsone+ le modumo wa go tsubutla o mogolo. 14  Moya o ne wa ntsholetsa o bo o ntsaya, mme ke ne ka tsamaya ke utlwile botlhoko e bile ke shakgetse,* mme moya wa ga Jehofa o ne o nkaela ka tsela e e maatla. 15  Ka jalo, ke ne ka ya kwa bathong ba ba isitsweng botshwarwa kwa Tele-abibe, ba ba neng ba nna gaufi le noka ya Kebare,+ mme ke ne ka nna koo kwa ba neng ba nna teng; mme ke ne ka nna le bone malatsi a le supa ke gamaregile.+ 16  Kwa bokhutlong jwa malatsi a le supa, Jehofa o ne a nthaya a re: 17  “Morwa motho, ke go tlhomile gore o nne molebeledi wa batho ba Iseraele;+ mme fa o utlwa lefoko le le tswang mo molomong wa me o tshwanetse go ba tlhagisa.+ 18  Fa ke raya motho yo o bosula ke re, ‘Ruri o tla swa,’ mme o bo o sa mo tlhagise, e bile o sa bue sepe go tlhagisa motho yo o bosula gore a tlogele go dira dilo tse di bosula gore a tle a tswelele a tshela,+ o tla swa ka ntlha ya molato wa gagwe ka gonne a le bosula,+ mme ke tla batla madi a gagwe mo go wena.*+ 19  Le fa go ntse jalo, fa o tlhagisa mongwe yo o bosula mme a sa tlogele go dira dilo tse di bosula, o tla swa ka ntlha ya molato wa gagwe, mme wena o tla boloka botshelo* jwa gago.+ 20  Mme fa motho yo o siameng a tlogela go dira se se siameng a bo a dira se se sa siamang,* ke tla baya sengwe se se kgopang fa pele ga gagwe gore a we mme o tla swa.+ Fa e le gore ga o a ka wa mo tlhagisa, o tla swa ka ntlha ya boleo jwa gagwe e bile ditiro tsa gagwe tse di siameng ga di kitla di gakologelwa, mme ke tla batla madi a gagwe mo go wena.*+ 21  Mme fa e le gore o tlhagisitse motho yo o siameng gore a se ka a leofa, a bo a sa leofe, ruri o tla tswelela a tshela ka gonne o ne a tlhagisitswe,+ mme wena o tla bo o bolokile botshelo* jwa gago.” 22  Seatla sa ga Jehofa se ne sa tla mo go nna ke le koo, mme o ne a nthaya a re: “Ya kwa lebaleng, mme ke tla bua le wena o le koo.” 23  Ka jalo, ke ne ka ya kwa lebaleng, mme kgalalelo ya ga Jehofa e ne e le koo,+ e tshwana le kgalalelo e ke neng ka e bona gaufi le noka ya Kebare,+ mme ke ne ka wela fa fatshe ka sefatlhego. 24  Foo moya o ne wa tsena mo go nna o bo o dira gore ke eme ka dinao,+ mme Modimo o ne a simolola go bua le nna a re: “Tsamaya, o itswalele mo ntlong ya gago. 25  Mme wena morwa motho, ba tla go bofa ka megala ba bo ba go golega ka yone gore o se ka wa tswa wa tla mo go bone. 26  Ke tla dira gore loleme lwa gago lo ngaparele magalapa a gago, mme o tla nna semumu, o sa kgone go ba kgalemela, ka gonne ke batlhanogi. 27  Mme gone, fa ke bua le wena ke tla bula molomo wa gago, mme o ba reye o re,+ ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang.’ A yo o reetsang a reetse,+ e bile a yo o ganang go reetsa a gane, ka gonne ke batlhanogi.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ja se o se fitlhelang.”
Seheb., “kwa go bomorwa batho ba gaeno.”
Seheb., “ke galefile thata mo moyeng.”
Kgotsa “ke tla dira gore o ikarabelele ka ntlha ya madi a gagwe.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “a dira tshiamololo.”
Kgotsa “ke tla dira gore o ikarabelele ka ntlha ya madi a gagwe.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.