Esekiele 35:1-15

  • Dithaba tsa Seire di a atlholwa (1-15)

35  Jehofa o ne a bua le nna gape a re:  “Morwa motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa kgaolong e e dithaba ya Seire,+ mme o e bolelele molaetsa wa katlholo.+  O e reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Jaanong ke fetogile mmaba wa gago, wena kgaolo e e dithaba ya Seire, mme ke tla go otlololela seatla sa me ke bo ke dira gore o nne naga e e kgakgabetseng.+  Ke tla fetola metse ya gago marope, e bile o tla nna naga e e kgakgabetseng;+ mme o tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.  Gonne o ne o tlhoile+ Baiseraele thata e bile o ne wa dira gore ba bolawe ka tšhaka fa ba ne ba wetswe ke masetlapelo, ka nako ya katlholo ya bone ya bofelo.”’+  “‘Ka jalo, ke ikana ka nna,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘ke go atlholetse loso mme ga o kitla o lo tshabela gope.+ E re ka o ne o atlholela ba o ba tlhoileng loso, jaanong loso lo tla go latelela.+  Ke tla dira gore kgaolo e e dithaba ya Seire e kgakgabale,+ mme ke tla nyeletsa mongwe le mongwe yo o e ralalang.  Ke tla tlatsa dithaba tsa yone ka batho ba ba bolailweng; mme ba ba bolailweng ka tšhaka ba tla wela mo dithoteng tsa gago, mo mekgatšheng ya gago le mo melatswaneng yotlhe ya gago.  Ke tla dira gore o kgakgabale, e bile metse ya gago ga e kitla e nniwa;+ mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’ 10  “E re ka o ne wa re, ‘Ditšhaba tseno tse pedi le dinaga tseno tse pedi e tla nna tsa me, mme tsotlhe e tla nna tsa rona,’+ le fa Jehofa a ne a le gone koo, 11  ‘ka jalo ke ikana ka nna,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘o ne wa galefela batho ba me, o ba fufegela e bile o ba tlhoile, ka jalo le nna ke tla go tshwara fela jalo;+ mme ke tla dira gore ba nkitse fa ke go atlhola. 12  Foo o tla tshwanelwa ke go itse gore nna, Jehofa, ke utlwile dilo tsotlhe tse o di buileng ka lenyatso ka dithaba tsa Iseraele fa o ne o re, “Di kgakgabaditswe e bile re di neilwe gore re di kometse.”* 13  Lo ne lwa bua bosula ka nna lo ikgogomosa e bile lo ne lwa bua mafoko a mantsintsi lo ntlhapatsa.+ Ke utlwile dilo tseo tsotlhe.’ 14  “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Lefatshe lotlhe le tla itumela fa ke tla bo ke go dira naga e e kgakgabetseng. 15  Fela jaaka o ne wa itumela fa boswa jwa batho ba Iseraele bo ne bo kgakgabadiwa, ke tla go dira se se tshwanang.+ O tla fetoga marope a a kgakgabetseng, wena kgaolo e e dithaba ya Seire, naga yotlhe ya Edoma;+ mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “gore e nne dijo.”