Esekiele 40:1-49

  • Esekiele o isiwa kwa Iseraele mo ponatshegelong (1, 2)

  • Esekiele o bona tempele mo ponatshegelong (3, 4)

  • Malwapa le dikgoro (5-47)

    • Kgoro e e kwa ntle ka fa botlhaba (6-16)

    • Lolwapa lo lo kwa ntle; dikgoro tse dingwe (17-26)

    • Lolwapa lo lo ka fa teng le dikgoro (27-37)

    • Diphaposi tse go dirwang ditiro tsa tempele mo go tsone (38-46)

    • Sebeso (47)

  • Mathudi a tempele (48, 49)

40  Mo ngwageng wa bo25 re le kwa botshwarwa,+ fa ngwaga o simologa, mo letsatsing la bolesome la kgwedi, mo ngwageng wa bo14 motse o sena go senngwa,+ mo go lone letsatsi leo maatla* a ga Jehofa a ne a tla mo go nna, mme o ne a nkisa kwa motseng.+  Modimo o ne a dirisa diponatshegelo go nkisa kwa lefatsheng la Iseraele a bo a mpaya mo thabeng e e kwa godimo thata,+ e mo go yone go neng go na le moago kwa borwa o lebega jaaka motse.  Fa ke fitlha koo, ke ne ka bona monna yo o neng a phatsima jaaka kopore.+ O ne a tshotse mogala o o dirilweng ka leloba* le lotlhaka* lo lo lekanyang,*+ mme o ne a eme mo kgorong.  Monna yoo o ne a nthaya a re: “Morwa motho, leba ka kelotlhoko, reetsa ka tlhoafalo, mme o ele tlhoko* sengwe le sengwe se ke se go bontshang, ka gonne ke lone lebaka la go bo o tlisitswe fano. Bolelela batho ba Iseraele sengwe le sengwe se o se bonang.”+  Ke ne ka bona lobota lo lo agilweng go dikologa tempele.* Mme monna yoo o ne a tshotse lotlhaka lo lo lekanyang lwa boleele jwa dikubita di le thataro (kubita nngwe le nngwe e ne ya okediwa ka bophara jwa seatla).* O ne a simolola go lekanya* lobota, mme bophara jwa lone e ne e le lotlhaka lo le longwe mme bogodimo jwa lone e le lotlhaka lo le longwe.  Go tswa foo, o ne a tla fa kgorong e e lebileng kwa botlhaba+ a bo a palama ditepisi tsa yone. Fa a ne a lekanya matseno a kgoro, bophara jwa one e ne e le lotlhaka lo le longwe, mme bophara jwa matseno a mangwe le one e ne e le lotlhaka lo le longwe.  Ntlwana nngwe le nngwe ya bafemedi e ne e le boleele jwa lotlhaka lo le longwe le bophara jwa lotlhaka lo le longwe, e bile sekgala se se fa gare ga matlwana a bafemedi e ne e le dikubita di le tlhano.+ Matseno a kgoro a a fa thoko ga mathudi a kgoro a a lebileng kwa tempeleng e ne e le selekanyo sa lotlhaka lo le longwe.  O ne a lekanya mathudi a kgoro a a lebileng kwa tempeleng, mme e ne e le selekanyo sa lotlhaka lo le longwe.  Go tswa foo, o ne a lekanya mathudi a kgoro, mme a ne a le bophara jwa dikubita di le robedi; gape o ne a lekanya dipilara tsa yone tse di mo matlhakoreng, tse di neng di le bophara jwa dikubita di le pedi; mme mathudi a kgoro a ne a le mo letlhakoreng le le lebileng kwa tempeleng. 10  Go ne go na le matlwana a bafemedi a le mararo mo letlhakoreng lengwe le lengwe la kgoro e e ka fa botlhaba. Matlwana ano ka boraro a ne a lekana, le dipilara tse di mo matlhakoreng oomabedi di ne di lekana. 11  Morago ga moo, o ne a lekanya bophara jwa kgoro, jo e neng e le dikubita di le 10; mme boleele jwa kgoro e ne le dikubita di le 13. 12  Fa pele ga matlwana otlhe a bafemedi go ne go agilwe lobota lo lokhutshwane lwa bophara jwa kubita e le nngwe. Ntlwana nngwe le nngwe ya bafemedi mo matlhakoreng oomabedi e ne e le bophara jwa dikubita di le thataro. 13  Go tswa foo, o ne a lekanya kgoro go tswa kwa borulelong jwa ntlwana e nngwe ya bafemedi go ya kwa borulelong jwa e nngwe,* mme e ne le bophara jwa dikubita di le 25; dikgoro tsa matlwana ano di ne di lebagane.+ 14  Morago ga moo, o ne a lekanya dipilara tse di mo matlhakoreng a kgoro, mme di ne di le boleele jwa dikubita di le 60. Gape o ne a lekanya dipilara tse di mo matlhakoreng a dikgoro tse dingwe tsa lolwapa. 15  Go tloga mo kgorong go ya go fitlha kwa mathudi a kgoro a felelang gone ka fa teng e ne e le dikubita di le 50. 16  Matlwana a bafemedi le dipilara tse di mo matlhakoreng di ne di na le difensetere tsa diforeimi tse ditshesane*+ mo teng ga kgoro, mo letlhakoreng lengwe le lengwe. Karolo e e mo teng ya mathudi le yone e ne e na le difensetere mo letlhakoreng lengwe le lengwe, mme dipilara tse di mo matlhakoreng di ne di na le ditshwantsho tsa ditlhare tsa mokolane.+ 17  Go tswa foo, o ne a ntsenya mo lolwapeng lo lo ka fa ntle, mme ke ne ka bona diphaposi tsa bojelo*+ le boalo jwa maje mo lolwapeng lotlhe. Go ne go na le diphaposi tsa bojelo di le 30 mo godimo ga boalo joo jwa maje. 18  Bophara jwa boalo jo bo ka fa matlhakoreng a dikgoro bo ne bo lekana le boleele jwa dikgoro, jono e ne e le boalo jo bo kwa tlase. 19  Morago ga moo, o ne a lekanya sekgala* sa go tloga fa pele ga kgoro e e kwa tlase go ya kwa kgorong e go tsenwang ka yone mo lolwapeng lo lo ka fa teng. Sekgala seo e ne e le dikubita di le 100 ka fa botlhaba le ka fa bokone. 20  Lolwapa lo lo ka fa ntle lo ne lo na le kgoro e e lebileng kwa bokone, mme o ne a lekanya boleele jwa yone le bophara jwa yone. 21  Go ne go na le matlwana a bafemedi a le mararo ka fa letlhakoreng lengwe le lengwe. Dipilara tsa yone le mathudi a yone di ne di lekana le tsa kgoro ya ntlha. E ne e le boleele jwa dikubita di le 50 le bophara jwa dikubita di le 25. 22  Difensetere tsa yone, mathudi a yone le ditshwantsho tsa yone tsa ditlhare tsa mokolane+ di ne di lekana le tsa kgoro e e lebileng kwa botlhaba. Batho ba ne ba kgona go tsena mo go yone ka ditepisi di le supa, mme mathudi a yone a ne a le fa pele ga tsone. 23  Lolwapa lo lo ka fa teng lo ne lo na le kgoro e e lebaganeng le kgoro e e kwa bokone, e bile lo na le kgoro e e lebaganeng le kgoro e e kwa botlhaba. O ne a lekanya sekgala sa go tswa mo kgorong e nngwe go ya kwa go e nngwe, mme e ne e le dikubita di le 100. 24  Go tswa foo, o ne a nkisa kwa borwa, mme ke ne ka bona kgoro kwa borwa.+ O ne a lekanya dipilara tsa yone tse di mo matlhakoreng le mathudi a yone, mme di ne di lekana le tsa dikgoro tse dingwe. 25  Go ne go na le difensetere mo matlhakoreng a yone le mo mathuding a yone, di lekana le difensetere tsa dikgoro tse dingwe. E ne e le boleele jwa dikubita di le 50 le bophara jwa dikubita di le 25. 26  Go ne go na le ditepisi di le supa tse go tsenwang ka tsone mo go yone,+ mme mathudi a yone a ne a le fa pele ga tsone. Dipilara tsa yone tse di mo matlhakoreng di ne di na le ditshwantsho tsa ditlhare tsa mokolane, e nngwe e le mo letlhakoreng leno mme e nngwe e le mo go le lengwe. 27  Lolwapa lo lo ka fa teng lo ne lo na le kgoro e e lebileng kwa borwa; o ne a lekanya sekgala sa go tswa mo kgorong e nngwe go ya kwa go e nngwe ka fa borwa, mme e ne e le sekgala sa dikubita di le 100. 28  Morago ga moo, o ne a ntsenya mo lolwapeng lo lo ka fa teng ka kgoro ya borwa; fa a ne a lekanya kgoro ya borwa, e ne e lekana le dikgoro tse dingwe. 29  Matlwana a yone a bafemedi, dipilara tsa yone tse di mo matlhakoreng le mathudi a yone di ne di lekana le tsa dikgoro tse dingwe. Go ne go na le difensetere mo matlhakoreng a yone le mo mathuding a yone. E ne e le boleele jwa dikubita di le 50 le bophara jwa dikubita di le 25.+ 30  Mathudi a dikgoro tsotlhe a ne a le boleele jwa dikubita di le 25 le bophara jwa dikubita di le 5. 31  Mathudi a yone a ne a lebile kwa lolwapeng lo lo ka fa ntle, mme dipilara tsa yone tse di mo matlhakoreng di ne di na le ditshwantsho tsa ditlhare tsa mokolane,+ e bile go ne go na le ditepisi di le robedi tse go tsenwang ka tsone mo go yone.+ 32  O ne a ntsenya mo lolwapeng lo lo ka fa teng go tswa kwa botlhaba a bo a lekanya kgoro, mme e ne e lekana le dikgoro tse dingwe. 33  Matlwana a yone a bafemedi, dipilara tsa yone tse di mo matlhakoreng le mathudi a yone di ne di lekana le tsa dikgoro tse dingwe, e bile go ne go na le difensetere mo matlhakoreng a yone le mo mathuding a yone. E ne e le boleele jwa dikubita di le 50 le bophara jwa dikubita di le 25. 34  Mathudi a yone a ne a lebile kwa lolwapeng lo lo ka fa ntle, mme dipilara tsa yone tse di mo matlhakoreng oomabedi di ne di na le ditshwantsho tsa ditlhare tsa mokolane, e bile go ne go na le ditepisi di le robedi tse go tsenwang ka tsone mo go yone. 35  Go tswa foo, o ne a nkisa kwa kgorong e e kwa bokone+ a bo a e lekanya; e ne e lekana le dikgoro tse dingwe. 36  Matlwana a yone a bafemedi, dipilara tsa yone tse di mo matlhakoreng le mathudi a yone di ne di lekana le tsa dikgoro tse dingwe. E ne e na le difensetere mo letlhakoreng lengwe le lengwe. E ne e le boleele jwa dikubita di le 50 le bophara jwa dikubita di le 25. 37  Dipilara tsa mathudi a yone tse di mo matlhakoreng di ne di lebile kwa lolwapeng lo lo ka fa ntle, mme dipilara tsa yone tse di mo matlhakoreng oomabedi di ne di na le ditshwantsho tsa ditlhare tsa mokolane, e bile go ne go na le ditepisi di le robedi tse di tsenang mo go yone. 38  Go ne go na le phaposi ya bojelo gaufi le dipilara tse di mo matlhakoreng a dikgoro, kwa ba neng ba tlhatswetsa ditlhabelo tse di fisiwang di feletse gone.+ 39  Go ne go na le ditafole di le pedi mo letlhakoreng lengwe le lengwe la mathudi a kgoro eno, tse mo go tsone go neng go tlhabelwa diphologolo tsa ditlhabelo tse di fisiwang di feletse,+ tsa ditlhabelo tsa boleo+ le tsa ditlhabelo tsa molato.+ 40  Fa o tsena ka kgoro ya bokone, go ne go na le ditafole di le pedi kwa ntle ga kgoro ka fa mojeng. Gape go ne go na le ditafole tse dingwe tse pedi ka fa molemeng wa kgoro. 41  Go ne go na le ditafole di le nnê mo letlhakoreng lengwe le lengwe la kgoro, tsotlhe e le ditafole di le robedi, tse go neng go tlhabelwa diphologolo tsa ditlhabelo mo go tsone. 42  Ditafole tse nnê tsa setlhabelo se se fisiwang se feletse di ne di dirilwe ka leje le le betlilweng. Di ne di le boleele jwa kubita e le nngwe le halofo, bophara jwa kubita e le nngwe le halofo le bogodimo jwa kubita e le nngwe. Mo godimo ga tsone go ne go bewa didirisiwa tsa go tlhaba diphologolo tsa ditlhabelo tse di fisiwang le tsa ditlhabelo tse dingwe. 43  Dishelofo tsa boatlhamo jwa bophara jwa seatla di ne di kgomareditswe mo teng mo dipoteng go dikologa; mme nama ya ditlhabelo tsa mpho e ne e bewa mo ditafoleng. 44  Go ne go na le diphaposi tsa bojelo tsa baopedi kwa ntle ga kgoro e e ka fa teng;+ di ne di le mo lolwapeng lo lo ka fa teng gaufi le kgoro e e kwa bokone di lebile kwa borwa. Phaposi e nngwe ya bojelo e ne e le gaufi le kgoro e e kwa botlhaba e lebile kwa bokone. 45  O ne a nthaya a re: “Phaposi eno ya bojelo e e lebileng kwa borwa ke ya baperesiti ba ba dirang ditiro tse di dirwang mo tempeleng.+ 46  Phaposi ya bojelo e e lebileng kwa bokone ke ya baperesiti ba ba dirang tiro e e dirwang mo sebesong.+ Bano ke bomorwa Sadoke,+ ba ba tswang mo lotsong lwa ga Lefi, ba ba abetsweng go atamela Jehofa gore ba mo direle.”+ 47  Go tswa foo, o ne a lekanya lolwapa lo lo ka fa teng. Boleele jwa lone e ne e le dikubita di le 100 mme bophara jwa lone e le dikubita di le 100, lo ne lo na le matlhakore a le manê a a lekanang. Sebeso se ne se le fa pele ga tempele. 48  Morago ga moo, o ne a nkisa kwa mathuding a tempele,+ mme o ne a lekanya lobota lwa mathudi lo lo fa thoko ga kgoro, mme lo ne lo le dikubita di le tlhano mo letlhakoreng le lengwe le dikubita di le tlhano mo go le lengwe. Bophara jwa kgoro e ne e le dikubita di le tharo mo letlhakoreng le lengwe le dikubita di le tharo mo go le lengwe. 49  Boleele jwa mathudi ano e ne e le dikubita di le 20 le bophara jwa dikubita di le 11.* Batho ba ne ba tsena kwa go one ka ditepisi. Go ne go na le dipilara gaufi le dipota tse di fa thoko ga kgoro, e nngwe mo letlhakoreng le lengwe, e nngwe mo letlhakoreng le lengwe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “seatla.”
Semela se se neng se jalwa bogologolo. Tlhale ya sone e ne e dirisiwa go dira letsela le le boleta.
Kgotsa “metang.”
Seheb., “o tlhome pelo ya gago mo go.”
Seheb., “ntlo.” E tlhalosiwa ka tsela eno mo kgaolo 40-48 fa “ntlo” e kaya dikago tsa tempele kgotsa tempele ka boyone.
Go buiwa ka dikubita tse ditelele. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “meta.”
Gongwe go tewa karolo e e kwa godimo ya lobota lwa ntlwana ya bafemedi.
Kgotsa “difensetere tse di gabilweng.”
Kgotsa “ke ne ka bona matlwana.”
Seheb., “bophara.”
Kgotsa gongwe “12.”