Esekiele 41:1-26

  • Phaposi e e boitshepo ya tempele (1-4)

  • Lobota le matlwana a a mo matlhakoreng (5-11)

  • Kago e e ka fa bophirima (12)

  • Dikago di a lekanngwa (13-15a)

  • Karolo e e ka fa teng ya phaposi e e boitshepo (15b-26)

41  Go tswa foo, o ne a nkisa kwa phaposing ya Boitshepo* a bo a lekanya* dipota tse di fa thoko ga kgoro; lobota lo lo mo letlhakoreng le lengwe lo ne lo le bophara jwa dikubita di le thataro* mme lo lo mo letlhakoreng le lengwe lo le bophara jwa dikubita di le thataro.  Kgoro e ne le bophara jwa dikubita di le lesome, mme dipota tse di mo matlhakoreng* a kgoro e ne e le dikubita di le tlhano mo letlhakoreng le lengwe le dikubita di le tlhano mo go le lengwe. O ne a lekanya boleele jwa phaposi eo mme e ne e le dikubita di le 40, mme bophara jwa yone e le dikubita di le 20.  Go tswa foo, o ne a tsena mo teng* a bo a lekanya lobota lo lo fa thoko ga kgoro, mme lo ne lo le bokima jwa dikubita di le pedi, mme kgoro eno e ne e le bophara jwa dikubita di le thataro. Dipota tse di fa thoko ga kgoro* e ne e le dikubita di le supa.  Go tswa foo, o ne a lekanya phaposi e e lebaganeng le phaposi ya Boitshepo, mme e ne e le boleele jwa dikubita di le 20 le bophara jwa dikubita di le 20.+ Mme o ne a nthaya a re: “Eno ke phaposi ya Boitshepo Jwa Maitshepo.”+  Morago ga moo, o ne a lekanya lobota lwa tempele, mme lo ne lo le bokima jwa dikubita di le thataro. Matlwana a a mo matlhakoreng a a dikologileng tempele, a ne a le bophara jwa dikubita di le nnê.+  Matlwana ao a a mo matlhakoreng e ne e le matlhatlaganyane a mararo. Letlhatlaganyane lengwe le lengwe le ne le na le matlwana a le 30. Go ne go na le dipota go dikologa lobota lwa tempele tse di neng di tshegeditse matlwana a a mo matlhakoreng, gore dikota tsa one di se ka tsa tsena mo loboteng lwa tempele.+  Mo matlhakoreng oomabedi a tempele go ne go na le tselana e e itsokeletsang* e e neng e ntse e nna sephara fa e tlhatlogela kwa matlwaneng a a kwa godimo.+ Bophara jwa yone bo ne bo oketsega fa motho a tlhatloga a tswa mo letlhatlaganyaneng le le kwa tlase a ya kwa go le le kwa godimodimo a feta mo letlhatlaganyeng le le mo gare.  Ke ne ka bona setupu se se kwa godimo go dikologa tempele, mme metheo ya matlwana a a mo matlhakoreng e ne e le selekanyo sa lotlhaka lo lo tletseng lwa dikubita di le thataro go ya kwa khoneng.  Bophara jwa lobota lo lo ka fa ntle lwa matlwana a a mo matlhakoreng e ne e le dikubita di le tlhano. Go ne go na le phatlha* gaufi le moago wa matlwana a a mo matlhakoreng, o e neng e le karolo ya tempele. 10  Fa gare ga tempele le diphaposi tsa bojelo*+ go ne go na le lefelo la bophara jwa dikubita di le 20 mo letlhakoreng lengwe le lengwe. 11  Fa gare ga matlwana a a mo matlhakoreng le fa phatlheng, go ne go na le kgoro ka fa bokone le kgoro e nngwe ka fa borwa. Bophara jwa phatlha eno e ne e le dikubita di le tlhano go dikologa. 12  Kago e e neng e le ka fa bophirima e lebile kwa lebaleng e ne e le bophara jwa dikubita di le 70 le boleele jwa dikubita di le 90; lobota lwa kago eo lo ne lo le bokima jwa dikubita di le tlhano go dikologa. 13  O ne a lekanya tempele, mme e ne e le boleele jwa dikubita di le 100. Lebala, kago* le dipota tsa yone, le tsone di ne di le boleele jwa dikubita di le 100. 14  Bophara jwa karolo e e kwa pele ya tempele e e lebileng kwa botlhaba mmogo le lebala e ne e le dikubita di le 100. 15  O ne a lekanya boleele jwa kago e e lebileng kwa lebaleng le le ka kwa morago, mmogo le mathudi a yone mo matlhakoreng oomabedi, mme e ne e le dikubita di le 100. Gape o ne a lekanya phaposi ya Boitshepo, phaposi ya Boitshepo Jwa Maitshepo+ le mathudi a lolwapa, 16  mmogo le matseno, difensetere tse di nang le diforeimi tse ditshesane+ le mathudi a a neng a le mo dikarolong tseo tse tharo. Gaufi le matseno go ne go manegilwe diboto tsa logong+ go tloga mo bodilong go ya kwa difensetereng; mme difensetere di ne di na le dipolanka tse di nang le diphatlha. 17  O ne a lekanya karolo e e fa godimo ga kgoro, mo teng ga tempele le kwa ntle ga yone le lobota lotlhe go dikologa. 18  Go ne go gabilwe ditšheruba+ le ditshwantsho tsa ditlhare tsa mokolane,+ setlhare sengwe le sengwe sa mokolane se le fa gare ga ditšheruba tse pedi, mme tšheruba nngwe le nngwe e ne e na le difatlhego di le pedi. 19  Sefatlhego sa motho se ne se lebile kwa setlhareng sa mokolane mo letlhakoreng le lengwe, mme sefatlhego sa tau* se ne se lebile kwa setlhareng sa mokolane mo letlhakoreng le lengwe.+ Di ne di gabilwe ka tsela eno mo tempeleng yotlhe. 20  Ditšheruba tseno le ditshwantsho tsa ditlhare tsa mokolane di ne di gabilwe mo loboteng lwa lefelo le le boitshepo go tloga mo bodilong go ya kwa karolong e e kwa godimo ga kgoro. 21  Diforeimi tsa dikgoro* tsa lefelo le le boitshepo di ne di na le matlhakore a manê a a lekanang.+ Fa pele ga lefelo le le boitshepo* go ne go na le sengwe se se tshwanang le 22  sebeso sa logong+ se se neng se le bogodimo jwa dikubita di le tharo le boleele jwa dikubita di le pedi. Se ne se na le dikota mo dikhoneng, mme karolo ya sone e e ka fa tlase* le matlhakore a sone di ne di dirilwe ka logong. Foo o ne a nthaya a re: “Eno ke tafole e e fa pele ga ga Jehofa.”+ 23  Phaposi ya Boitshepo e ne e na le mabati a le mabedi le phaposi ya Boitshepo Jwa Maitshepo e na le mabati a le mabedi.+ 24  Mabati ao a ne a na le mefama e mebedi e e retologang, lebati lengwe le lengwe le na le mefama e mebedi. 25  Mabati a lefelo le le boitshepo a ne a gabilwe ditšheruba le ditshwantsho tsa setlhare sa mokolane, tse di tshwanang le tse di gabilweng mo dipoteng.+ Gape go ne go na le marulelo a logong fa pele ga mathudi ka fa ntle. 26  Gape go ne go na le difensetere tsa diforeimi tse ditshesane+ le ditshwantsho tsa ditlhare tsa mokolane mo matlhakoreng oomabedi a mathudi, mmogo le mo matlwaneng a a mo matlhakoreng a tempele le mo marulelong.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “kwa tempeleng.” Mo kgaolo 41 le 42, polelwana eno e kaya phaposi ya Boitshepo kgotsa lefelo lotlhe le le boitshepo (go akaretsa Boitshepo le Boitshepo Jwa Maitshepo).
Go tewa dikubita tse ditelele. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “meta.”
Seheb., “mme matlhakore.”
Go tewa mo tengteng ga lefelo le le boitshepo kgotsa mo phaposing ya Boitshepo Jwa Maitshepo.
Seheb., “Bophara jwa kgoro.”
Go lebega go tewa ditepisi tse di sediko.
Go lebega go tewa tselana e tshesane go dikologa tempele.
Kgotsa “le matlwana.”
Go tewa kago e e ka fa bophirima jwa lefelo le le boitshepo.
Kgotsa “tawana e e seriri.”
Seheb., “Mophakwana wa kgoro.” Go lebega go tewa kgoro e e tsenang mo phaposing ya Boitshepo.
Go lebega go tewa phaposi ya Boitshepo Jwa Maitshepo.
Seheb., “mme boleele jwa sone.”