Esekiele 42:1-20

  • Dikago tsa diphaposi tsa bojelo (1-14)

  • Matlhakore a tempele a manê a a lekanngwa (15-20)

42  Go tswa foo, o ne a nkisa kwa lolwapeng lo lo ka fa ntle kwa ntlheng ya bokone.+ Mme o ne a nkisa kwa kagong ya diphaposi tsa bojelo, e e neng e bapile le lebala,+ e e kwa bokone jwa kago e e ka fa morago ga tempele.*+  Di ne di le boleele jwa dikubita* di le 100 kwa kgorong e e kwa bokone, mme di le bophara jwa dikubita di le 50.  Di ne di le fa gare ga lolwapa lo lo ka fa teng lwa bophara jwa dikubita di le 20+ le boalo jwa maje jwa lolwapa lo lo ka fa ntle. Mathudi a tsone a ne a lebagane e bile di ne di na le matlhatlaganyane a mararo.  Fa pele ga diphaposi tseno tsa bojelo* go ne go na le tselana ya dinao+ e e bophara jwa dikubita di le 10 le boleele jwa dikubita di le 100,* mme dikgoro tsa tsone di ne di lebile kwa bokone.  Diphaposi tsa bojelo tse di kwa godimodimo mo kagong eno di ne di le ditshesane go feta tse di mo letlhatlaganyaneng le le mo gare le le le kwa tlase, ka gonne karolo e kgolo ya tsone e ne e le mathudi.  Di ne di le bogodimo jwa matlhatlaganyane a le mararo, mme di ne di se na dipilara jaaka malwapa. Ke gone ka moo di neng di le dinnye go feta tse di mo letlhatlaganyaneng le le mo gare le le le kwa tlase.  Lobota lwa maje lo lo ka fa ntle lo lo neng lo le gaufi le diphaposi tsa bojelo tse di ka fa ntlheng ya lolwapa lo lo ka fa ntle lo lo neng lo lebile kwa diphaposing tse dingwe tsa bojelo lo ne lo le boleele jwa dikubita di le 50.  Gonne diphaposi tsa bojelo tse di neng di le ka fa ntlheng ya lolwapa lo lo ka fa ntle di ne di le boleele jwa dikubita di le 50, mme tse di neng di le ka fa ntlheng ya lefelo le le boitshepo, di ne di le boleele jwa dikubita di le 100.  Diphaposi tseno tsa bojelo di ne di na le tselana e go tsenwang ka yone go tswa ka fa botlhaba fa motho a tsena mo go tsone a tswa kwa lolwapeng lo lo ka fa ntle. 10  Gape go ne go na le diphaposi tsa bojelo mo teng ga* lobota lwa maje lo lo mo lolwapeng go ela kwa botlhaba, di bapile le lebala le kago e e ka fa morago ga tempele.*+ 11  Go ne go na le tselana fa pele ga tsone e e tshwanang le ya diphaposi tsa bojelo tse di neng di le ka fa bokone.+ Di ne di lekana ka boleele le ka bophara, e bile dikgoro tsa tsone le dipolane tsa tsone di ne di tshwana. Dikgoro tsa tsone 12  di ne di tshwana le dikgoro tsa diphaposi tsa bojelo tse di neng di le ka fa ntlheng ya borwa. Go ne go na le kgoro fa tselana e simologang gone, fa pele ga lobota lwa maje lo lo lebaganeng le lo longwe ka fa botlhaba, e motho a neng a ka kgona go tsena ka yone.+ 13  Go tswa foo, o ne a nthaya a re: “Diphaposi tsa bojelo tse di kwa bokone le diphaposi tsa bojelo tse di kwa borwa tse di bapileng le lebala,+ ke diphaposi tsa bojelo tse di boitshepo tse baperesiti ba ba atamelang Jehofa ba jelang ditlhabelo tse di boitshepo thata mo go tsone.+ Ke gone kwa ba bayang ditlhabelo tse di boitshepo thata, setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka, setlhabelo sa boleo le setlhabelo sa molato, ka gonne lefelo leo le boitshepo.+ 14  Fa baperesiti ba tsena mo lefelong le le boitshepo, ga ba a tshwanela go tswela kwa lolwapeng lo lo kwa ntle ba ntse ba apere diaparo tse ba di aparang fa ba direla fano,+ ka gonne diaparo tseno di boitshepo. Ba tla apara diaparo tse dingwe gore ba kgone go ya kwa mafelong a batho ba bangwe ba letleletsweng go tsena mo go one.” 15  Fa a sena go lekanya* lefelo la tempele le le mo teng,* o ne a nketsha* ka kgoro e e lebileng kwa botlhaba,+ mme o ne a lekanya lefelo leo lotlhe. 16  O ne a lekanya letlhakore le le kwa botlhaba ka lotlhaka* lo lo lekanyang,* mme le ne le le boleele jwa matlhaka a le 500 go tswa mo letlhakoreng le lengwe go ya kwa go le lengwe. 17  O ne a lekanya letlhakore le le kwa bokone, mme le ne le le boleele jwa matlhaka a le 500. 18  O ne a lekanya letlhakore le le kwa borwa, mme le ne le le boleele jwa matlhaka a le 500. 19  O ne a dikologa a ya kwa letlhakoreng le le kwa bophirima. O ne a le lekanya ka lotlhaka lo lo lekanyang mme le ne le le boleele jwa matlhaka a le 500. 20  O ne a lekanya matlhakore a yone a manê. E ne e na le lobota go e dikologa+ lo lo neng lo le boleele jwa matlhaka a le 500 le bophara jwa matlhaka a le 500.+ Lobota lono lo ne lo kgaoganya karolo e e boitshepo le e go tsenang batho botlhe mo go yone.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Go tewa kago e e ka fa bophirima.”
Go tewa dikubita tse ditelele. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “Fa pele ga matlwana ano.”
Go ya ka Septuagint ya Segerika ke “boleele jwa dikubita di le 100.” Mokwalo wa Sehebera wa re: “Tselana ya kubita e le nngwe.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “mo bophareng jwa.”
Seheb., “Go tewa kago e e ka fa bophirima.”
Kgotsa “meta.”
Seheb., “ntlo e e mo teng.”
Kgotsa “nkentsha.”
Kgotsa “metang.”