Esekiele 45:1-25

  • Moneelo o o boitshepo le motse (1-6)

  • Karolo e e abetsweng kgosana (7, 8)

  • Dikgosana di tshwanetse go ikanyega (9-12)

  • Meneelo ya batho le ya kgosana (13-25)

45  “‘Fa lo kgaoganya lefatshe gore e nne boswa,+ lo neye Jehofa karolo e e boitshepo ya lefatshe e le moneelo.+ Boleele jwa yone e tshwanetse go nna dikubita* di le 25 000, mme bophara jwa yone e tshwanetse go nna dikubita di le 10 000.+ Karolo eno* e tla nna kabelo e e boitshepo.  Mo teng ga yone go tla nna le lefelo le le boitshepo le le nang le matlhakore a le manê a a lekanang a dikubita di le 500 mo letlhakoreng lengwe le lengwe,+ mme le tla nna le mafulo a dikubita di le 50 mo letlhakoreng lengwe le lengwe.+  Go tswa mo karolong eno ya lefatshe e e lekantsweng, o lekanye boleele jwa dikubita di le 25 000 le bophara jwa dikubita di le 10 000, mme mo teng ga karolo eno go tla nna le lefelo le le boitshepo, e leng sengwe se se boitshepo thata.  E tla nna karolo ya lefatshe e e boitshepo ya baperesiti+ ba ba direlang mo lefelong le le boitshepo, ba ba atamelang ba tla go direla Jehofa.+ E tla nna lefelo la matlo a bone le lefelo le le boitshepo la tempele.  “‘Mme Balefi, ba ba direlang mo tempeleng, ba tla nna le karolo ya boleele jwa dikubita di le 25 000 le bophara jwa dikubita di le 10 000,+ mme ba tla nna le diphaposi tsa bojelo di le 20.*+  “‘Lo abele motse karolo ya boleele jwa dikubita di le 25 000 (e e lekanang le karolo e e boitshepo) le bophara jwa dikubita di le 5 000.+ E tla nna ya batho botlhe ba Iseraele.  “‘Mme karolo ya lefatshe e e mo matlhakoreng a mabedi a karolo e e boitshepo le a karolo e e abetsweng motse, e tla nna ya kgosana. E tla bo e le gaufi le karolo e e boitshepo le karolo e e abetsweng motse. E tla bo e le kwa bophirima le kwa botlhaba. Boleele jwa yone go tswa kwa molelwaneng o o kwa bophirima go ya kwa molelwaneng o o kwa botlhaba bo tla lekana le jwa dikarolo tse di abetsweng ditso tsa Iseraele.+  Karolo eno ya lefatshe e tla nna ya gagwe mo Iseraele. Dikgosana tsa me ga di kitla di tlhola di tshwara batho ba me setlhogo,+ mme ba tla abela batho ba Iseraele lefatshe go ya ka ditso tsa bone.’+  “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Go lekane ka lona, lona dikgosana tsa Iseraele!’ “‘Tlogelang thubakanyo le go gatelela batho ba bangwe, mme lo diragatse tshiamiso lo bo lo dire se se siameng.+ Tlogelang go gapela batho ba me lefatshe la bone,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 10  ‘Lo tshwanetse go dirisa dikale tse di tlhomameng, selekanyo se se tlhomameng sa ifa* le selekanyo se se tlhomameng sa bata.*+ 11  Go tshwanetse ga nna le selekanyo se se tlhomameng sa ifa le sa bata. Selekanyo sa bata se tshwanetse go lekana le dilitara di le 22,* mme selekanyo sa ifa se tshwanetse go lekana le dilitara di le 22. Homere e tla nna sone selekanyo se se tlhomameng se se dirisediwang go lekanya. 12  Shekele*+ e tshwanetse go nna digera* di le 20. Mme dishekele di le 20, le dishekele di le 25, le dishekele di le 15 di tla nna mane* wa lona a le mongwe.’ 13  “‘Ono ke moneelo o lo tshwanetseng go o ntsha: karolwana* ya ifa e e tswang mo selekanyong sengwe le sengwe sa homere sa korong le karolwana ya ifa e e tswang mo selekanyong sengwe le sengwe sa homere sa barele.* 14  Kabelo ya leokwane e lekanngwe ka selekanyo sa bata. Bata ke dilitara di le 22, mme dibata di le lesome ke homere.* 15  Go tswa mo letsomaneng la diruiwa tsa Iseraele, lo ntshe nku e le nngwe mo dinkung dingwe le dingwe tse 200. Dinku tseno e tla nna tsa setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka,+ tsa setlhabelo se se fisiwang se feletse+ le tsa ditlhabelo tsa go abelana,+ gore batho ba ntshediwe ditlhabelo tsa gore ba itshwarelwe maleo,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 16  “‘Batho botlhe ba lefatshe leno ba tla ntshetsa kgosana ya Iseraele moneelo ono.+ 17  Mme kgosana e tla ntsha diphologolo tsa ditlhabelo tse di fisiwang di feletse,+ setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka+ le setlhabelo sa senô ka dipaka tsa meletlo,+ ka bongwedi ba basha, ka Bosabata+ le ka dipaka tsa meletlo yotlhe e e tlhomilweng ya batho ba Iseraele.+ Ke ene a tla ntshang setlhabelo sa boleo, setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka, setlhabelo se se fisiwang se feletse le ditlhabelo tsa go abelana, gore a ntshetse batho ba Iseraele ditlhabelo tsa gore ba itshwarelwe maleo.’ 18  “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Mo kgweding ya ntlha, mo letsatsing la ntlha la kgwedi eo, o tseye powana e e itekanetseng mme o phepafatse lefelo le le boitshepo, o tlose boleo jo bo mo go lone.+ 19  Moperesiti o tla tsaya madi mangwe a setlhabelo sa boleo a bo a a tshasa mo kgorong ya tempele,+ mo dikhoneng tse nnê tsa setupu se se dikologileng sebeso le mo kgorong ya lolwapa lo lo ka fa teng. 20  O tla dira seo mo letsatsing la bosupa la kgwedi eo ka ntlha ya motho ope yo o leofang ka phoso kgotsa yo o se nang kitso;+ mme lo tshwanetse go phepafatsa tempele gore lo tlose boleo jo bo mo go yone.+ 21  “‘Mo kgweding ya ntlha, mo letsatsing la bo14 la kgwedi eo, lo keteke moletlo wa Tlolaganyo.+ Lo je senkgwe se se se nang sebediso malatsi a le supa.+ 22  Mo letsatsing leo, kgosana e tla ntsha powana e le setlhabelo sa boleo, e le ya gagwe le ya batho botlhe.+ 23  Mo malatsing a le supa a moletlo, o tla ntshetsa Jehofa dipowana di le supa le diphelefu di le supa tse di itekanetseng letsatsi le letsatsi e le tsa setlhabelo se se fisiwang se feletse.+ Gape o tla ntsha podi e tonanyana letsatsi le letsatsi e le ya setlhabelo sa boleo. 24  Gape o tla ntsha powana nngwe le nngwe mmogo le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa selekanyo sa dikilogerama di ka nna 11* le leokwane la selekanyo sa dilitara di le tharo le halofo* e bile o tla ntsha phelefu nngwe le nngwe mmogo le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa dikilogerama di ka nna 11 le leokwane la selekanyo sa dilitara di le tharo le halofo. 25  “‘Mo kgweding ya bosupa, mo letsatsing la bo15 la kgwedi eo, mo malatsing a le supa ka nako ya moletlo,+ o tshwanetse go ntsha setlhabelo sa boleo se se tshwanang, setlhabelo se se fisiwang se feletse, setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka le leokwane.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Mo melelwaneng yotlhe ya yone.”
Go tewa dikubita tse ditelele. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “le matlwana a le 20.”
Seheb., “le nngwesomeng (1/10) ya homere.” Bona Dintlha B14.
Kgotsa “maena.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “nngwethataro (1/6).”
Semela se se tshwanang le korong.
Mo Sehebereng mafoko a a reng “dibata di le lesome ke homere,” a a boelediwa.
Seheb., “sa ifa.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “sa hine.” Bona Dintlha B14.