Esekiele 46:1-24

  • Ditlhabelo mo malatsing a mangwe (1-15)

  • Boswa jwa naga ya kgosana (16-18)

  • Mafelo a go bedisediwang ditlhabelo mo go one (19-24)

46  “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Kgoro ya lolwapa lo lo ka fa teng e e lebileng kwa botlhaba+ e nne e tswetswe+ malatsi a le marataro a go berekwang ka one,+ mme ka letsatsi la Sabata le ka letsatsi la ngwedi yo mosha e bulwe.  Kgosana e tla tsena go tswa kwa ntle ka tsela ya mathudi a kgoro,+ mme e tla ema fa kgorong. Baperesiti ba tla isa setlhabelo sa gagwe se se fisiwang se feletse le ditlhabelo tsa gagwe tsa go abelana, mme o tla obama mo kgorong, go tswa foo a bo a tswa. Le fa go ntse jalo, kgoro eo ga e a tshwanela go tswalwa go fitlha maitseboa.  Batho le bone ba tla obama fa pele ga ga Jehofa fa kgorong eo ka Bosabata le ka nako ya bongwedi ba basha.+  “‘Setlhabelo se se fisiwang se feletse se kgosana e tla se ntshetsang Jehofa ka letsatsi la Sabata se tshwanetse go nna dikwanyana tse ditonanyana di le thataro tse di itekanetseng le phelefu e e itekanetseng.+  O tla ntsha setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa selekanyo sa dikilogerama di ka nna 11* fa a ntsha phelefu e bile o tla ntsha sepe fela se a se kgonang fa a ntsha dikwanyana tse ditonanyana, mmogo le leokwane la selekanyo sa dilitara di le tharo le halofo* le le ntshiwang le dikilogerama di ka nna 11.+  Mo letsatsing la ngwedi yo mosha go tla ntshiwa setlhabelo ka powana e e itekanetseng, dikwanyana tse ditonanyana di le thataro le phelefu; e nne tse di itekanetseng.+  O tshwanetse go ntsha powana eo le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa selekanyo sa dikilogerama di ka nna 11, o tshwanetse go ntsha phelefu le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa selekanyo sa dikilogerama di ka nna 11, mme o tla ntsha sepe fela se a se kgonang fa a ntsha dikwanyana tse ditonanyana. Mme dikilogerama dingwe le dingwe di ka nna 11 tse a di ntshang di tshwanetse go tswa le leokwane la dilitara di le tharo le halofo.  “‘Fa kgosana e tsena, e tsene ka tsela ya mathudi a kgoro, go tswa foo e bo e tswa ka yone.+  Mme fa batho ba tsena ba tla fa pele ga ga Jehofa ka dinako tsa meletlo,+ ba ba tsenang ka kgoro e e kwa bokone ba tla go obamela Modimo+ ba tswe ka kgoro e e kwa borwa,+ mme ba ba tsenang ka kgoro e e kwa borwa ba tswe ka kgoro e e kwa bokone. Go se ka ga nna le motho ope yo o tswang ka kgoro e a tseneng ka yone; ba tshwanetse go tswa ka kgoro e e lebaganeng le e ba tseneng ka yone. 10  Mme kgosana e tshwanetse go tsena fa ba tsena, e bile e tshwanetse go tswa fa ba tswa. 11  Ka nako ya meletlo le ka dipaka tsa meletlo go ntshiwe setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa selekanyo sa dikilogerama di ka nna 11 fa go ntshiwa powana, go ntshiwe setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa selekanyo sa dikilogerama di ka nna 11 fa go ntshiwa phelefu, mme a ntshe sengwe le sengwe se a se kgonang fa a ntsha dikwanyana tse ditonanyana, mmogo le leokwane la selekanyo sa dilitara di le tharo le halofo le le ntshiwang le dikilogerama dingwe le dingwe di ka nna 11.+ 12  “‘Fa kgosana e ntsha setlhabelo se se fisiwang se feletse+ kgotsa ditlhabelo tsa go abelana e le setlhabelo se se ntshediwang Jehofa ka go rata, o tla bulelwa kgoro e e lebileng kwa botlhaba, mme o tla ntsha setlhabelo sa gagwe se se fisiwang se feletse le ditlhabelo tsa gagwe tsa go abelana fela jaaka a dira ka letsatsi la Sabata.+ Fa a sena go tswa, kgoro eo e tshwanetse go tswalwa.+ 13  “‘Letsatsi le letsatsi o ntshetse Jehofa setlhabelo se se fisiwang se feletse ka kwanyana e tonanyana e e itekanetseng e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase.+ O dire seno moso mongwe le mongwe. 14  Fa o se ntsha moso mongwe le mongwe, o ntshe dikilogerama di le pedi* e le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka, mmogo le leokwane la selekanyo se se fetang litara go se kae gore o kgatšhe bupi jo bo boleta ka lone e le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka se se ntshediwang Jehofa ka metlha. Ono ke molao o o tla nnelang ruri. 15  Ba tshwanetse go ntsha kwanyana e tonanyana, setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka le leokwane moso mongwe le mongwe e le setlhabelo se se fisiwang se feletse sa ka metlha.’ 16  “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Fa kgosana e naya mongwe le mongwe wa bomorwaayone mpho ya naga e le boswa, naga eo e tla nna ya bomorwaayone. Ke boswa jwa bone jo ba bo ruileng. 17  Mme fa e ka naya mongwe wa batlhanka ba yone naga go tswa mo karolong ya boswa jwa yone, e tla nna ya motlhanka yoo go fitlha ka ngwaga wa kgololesego;+ mme morago ga moo, e tla boa e nna ya kgosana gape. Boswa jo a bo fileng bomorwawe ke jone fela jo bo tla tswelelang e le jwa bone ka bosakhutleng. 18  Kgosana ga e a tshwanela go tsaya boswa bope jwa batho ka go ba pateletsa gore ba tswe mo nageng ya bone. E tshwanetse go naya bomorwaayone boswa go tswa mo nageng ya yone, gore ope wa batho ba me a se ka a tswa mo nageng ya gagwe.’” 19  Go tswa foo, o ne a ntsenya ka tsela e go tsenwang ka yone+ e e neng e le fa thoko ga kgoro e e yang kwa diphaposing tsa bojelo tse di boitshepo* tsa baperesiti, tse di neng di lebile kwa bokone.+ Fa ke le koo, ke ne ka bona lefelo lengwe kwa morago go ela kwa bophirima. 20  O ne a nthaya a re: “Leno ke lefelo le baperesiti ba tla bedisetsang setlhabelo sa molato le setlhabelo sa boleo mo go lone e bile ke lefelo le ba tla besetsang setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka mo go lone,+ gore ba se ka ba tswa ba tshotse sepe fa ba ya kwa lolwapeng lo lo ka fa ntle mme ba fetisetsa boitshepo mo bathong.”*+ 21  O ne a nketshetsa* kwa lolwapeng lo lo ka fa ntle a bo a mphetisa mo dikhoneng tse nnê tsa lolwapa, mme ke ne ka bona lolwapana mo khoneng nngwe le nngwe ya lolwapa lo lo ka fa ntle. 22  Go ne go na le malwapana mo dikhoneng tse nnê tsa lolwapa a boleele jwa dikubita* di le 40 le bophara jwa dikubita di le 30. Otlhe ka bonê a ne a lekana.* 23  Malwapana ao a manê, a ne a na le dipota tse dinnye* mo teng go a dikologa, mme ka fa tlase ga dipota tseo go ne go agilwe mafelo a go bedisediwang ditlhabelo mo go one. 24  Foo o ne a nthaya a re: “Ano ke matlo a batho ba ba direlang mo tempeleng ba bedisetsang ditlhabelo tsa batho mo go one.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “sa hine.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “sa ifa.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “nngwethataro (1/6) ya ifa.”
Kgotsa “kwa matlwaneng a a boitshepo.”
Seheb., “mme ba itshepisa batho.”
Kgotsa “nkentshetsa.”
Go tewa dikubita tse ditelele. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “Otlhe ka bonê le dikago tsa one tse di mo dikhoneng di ne di lekana.”
Kgotsa “le mela.”