Esekiele 48:1-35

  • Lefatshe le a kgaoganngwa (1-29)

  • Dikgoro tse 12 tsa motse (30-35)

    • Motse o o bidiwang “Jehofa o Gone Koo” (35)

48  “Tseno ke dikarolo tsa bone go ya ka maina a ditso tsa bone, go simologa kwa ntlheng e e kwa bokone: Karolo ya ga Dana+ e simologa gaufi le tsela ya Hethelone e bo e ya kwa Lebo-hamathe,*+ e fetela kwa Hasare-enane, e tsamaya mo thoko ga molelwane wa Damaseko kwa ntlheng ya bokone, fa thoko ga Hamathe;+ mme e simologa kwa molelwaneng o o ka fa botlhaba e bo e felela kwa molelwaneng o o ka fa bophirima.  Karolo ya ga Ashera+ e bapile le karolo ya ga Dana, e simologa kwa molelwaneng o o ka fa botlhaba e bo e felela kwa molelwaneng o o ka fa bophirima.  Karolo ya ga Nafetali+ e bapile le karolo ya ga Ashera, e simologa kwa molelwaneng o o ka fa botlhaba e bo e felela kwa molelwaneng o o ka fa bophirima.  Karolo ya ga Manase+ e bapile le karolo ya ga Nafetali, e simologa kwa molelwaneng o o ka fa botlhaba e bo e felela kwa molelwaneng o o ka fa bophirima.  Karolo ya ga Eferaime e bapile le karolo ya ga Manase,+ e simologa kwa molelwaneng o o ka fa botlhaba e bo e felela kwa molelwaneng o o ka fa bophirima.  Karolo ya ga Rubene e bapile le karolo ya ga Eferaime,+ e simologa kwa molelwaneng o o ka fa botlhaba e bo e felela kwa molelwaneng o o ka fa bophirima.  Karolo ya ga Juda e bapile le karolo ya ga Rubene,+ e simologa kwa molelwaneng o o ka fa botlhaba e bo e felela kwa molelwaneng o o ka fa bophirima.  Go bapa le karolo ya ga Juda, go simologa kwa molelwaneng o o ka fa botlhaba go ya go fitlha kwa molelwaneng o o ka fa bophirima, karolo e lo tla e beelang kwa thoko e le moneelo e nne bophara jwa dikubita* di le 25 000+ mme e lekane le boleele jwa dikarolo tsa ditso tse dingwe go simologa kwa molelwaneng o o ka fa botlhaba go ya kwa molelwaneng o o ka fa bophirima. Lefelo le le boitshepo le tla nna mo gare ga karolo eno.  “Karolo e lo tla e beelang kwa thoko e le moneelo wa ga Jehofa e tla nna boleele jwa dikubita di le 25 000 le bophara jwa dikubita di le 10 000. 10  Karolo eno e tla nna moneelo o o boitshepo wa baperesiti.+ E tla nna boleele jwa dikubita di le 25 000 ka fa bokone, bophara jwa dikubita di le 10 000 ka fa bophirima, bophara jwa dikubita di le 10 000 ka fa botlhaba le boleele jwa dikubita di le 25 000 ka fa borwa. Lefelo le le boitshepo la ga Jehofa le tla nna mo gare ga yone. 11  E tla nna ya baperesiti ba ba dirilweng boitshepo ba ba tswang mo go bomorwa Sadoke,+ ba ba neng ba diragatsa maikarabelo a bone a ke ba a neileng e bile ba ile ba se ka ba ntlhanogela fa Baiseraele le Balefi ba ne ba ntlhanogela.+ 12  Ba tla newa karolo ya lefatshe le le beetsweng kwa thoko gore e nne sengwe se se boitshepo thata. E tla bapa le karolo ya lefatshe ya Balefi. 13  “Balefi ba tla newa karolo fa thoko ga karolo ya baperesiti. Karolo eo e tla nna boleele jwa dikubita di le 25 000 le bophara jwa dikubita di le 10 000. (Boleele jwa yone e tla nna dikubita di le 25 000 le bophara jwa dikubita di le 10 000.) 14  Ga ba a tshwanela go rekisa kgotsa go emisetsa karolo eno ya lefatshe e e tlhophilweng ka e nngwe kgotsa go e naya motho yo mongwe, ka gonne ke selo se se boitshepo mo go Jehofa. 15  “Lefelo le le setseng la bophara jwa dikubita di le 5 000 le le bapileng le molelwane o o boleele jwa dikubita di le 25 000 le tla dirisiwa ke batho botlhe mo motseng,+ ba tla aga matlo mo go lone e bile ba tla fudisa mo go lone. Motse o tla nna mo gare ga lone.+ 16  Tseno ke dilekanyo tsa motse: Molelwane o o kwa bokone o boleele jwa dikubita di le 4 500, molelwane o o kwa borwa o boleele jwa dikubita di le 4 500, molelwane o o kwa botlhaba o boleele jwa dikubita di le 4 500 le molelwane o o kwa bophirima o boleele jwa dikubita di le 4 500. 17  Mafulo a motse a tla nna bophara jwa dikubita di le 250 go ya kwa bokone, bophara jwa dikubita di le 250 go ya kwa borwa, bophara jwa dikubita di le 250 go ya kwa botlhaba le bophara jwa dikubita di le 250 go ya kwa bophirima. 18  “Boleele jwa karolo e e setseng bo tla bapa le karolo e e boitshepo,+ e tla nna dikubita di le 10 000 go ya kwa botlhaba le dikubita di le 10 000 go ya kwa bophirima. E tla bapa le karolo e e boitshepo, mme thobo ya yone e tla nna dijo tsa ba ba direlang motse. 19  Batho bano ba ba direlang motse ba ba tswang mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele ba tla e lema.+ 20  “Karolo yotlhe e e ntshitsweng e le moneelo ke boleele jwa dikubita di le 25 000 mo matlhakoreng a le manê a a lekanang. Lo tshwanetse go e beela kwa thoko e le moneelo o o boitshepo mmogo le karolo e e abetsweng motse. 21  “Lefelo le le salang mo matlhakoreng a mabedi a karolo e e boitshepo le a karolo e e abetsweng motse le tla nna karolo ya kgosana.+ E tla nna gaufi le melelwane e e boleele jwa dikubita di le 25 000 e e leng ka fa botlhaba le ka fa bophirima jwa karolo e e boitshepo. E tla lekana le dikarolo tse e bapileng le tsone, mme e tla nna ya kgosana. Karolo e e boitshepo le lefelo le le boitshepo la tempele di tla nna mo gare ga lone. 22  “Karolo ya Balefi le karolo e e abetsweng motse di tla nna fa gare ga karolo ya kgosana. Karolo eo ya kgosana e tla nna fa gare ga karolo ya ga Juda+ le karolo ya ga Benjamine. 23  “Mme mo ditsong tse di setseng, karolo ya ga Benjamine e simologa kwa molelwaneng o o ka fa botlhaba e bo e felela kwa molelwaneng o o ka fa bophirima.+ 24  Karolo ya ga Simeone e bapile le karolo ya ga Benjamine,+ e simologa kwa molelwaneng o o ka fa botlhaba e bo e felela kwa molelwaneng o o ka fa bophirima. 25  Karolo ya ga Isakare+ e bapile le karolo ya ga Simeone, e simologa kwa molelwaneng o o ka fa botlhaba e bo e felela kwa molelwaneng o o ka fa bophirima. 26  Karolo ya ga Sebulone e bapile le karolo ya ga Isakare,+ e simologa kwa molelwaneng o o ka fa botlhaba e bo e felela kwa molelwaneng o o ka fa bophirima.+ 27  Karolo ya ga Gada e bapile le karolo ya ga Sebulone,+ e simologa kwa molelwaneng o o ka fa botlhaba e bo e felela kwa molelwaneng o o ka fa bophirima. 28  Molelwane o o ka fa borwa o o bapileng le karolo ya ga Gada o tla simologa kwa Tamare+ o ya kwa metsing a Meribathe-kadeshe,+ o tla fetela kwa Molapong*+ o bo o tswelela o ya kwa Lewatleng le Legolo.* 29  “Leno ke lefatshe le lo tshwanetseng go le kgaoganyetsa ditso tsa Iseraele gore e nne boswa jwa tsone,+ mme tseno e tla nna dikarolo tsa bone,”+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 30  “Tseno e tla nna dikgoro tsa motse: Letlhakore le le ka fa bokone le tla nna boleele jwa dikubita di le 4 500.+ 31  “Dikgoro tseno tsa motse di tla bidiwa ka maina a ditso tsa Iseraele. Mo dikgorong tse tharo tse di ka fa bokone, kgoro e nngwe ke ya ga Rubene, kgoro e nngwe ke ya ga Juda, mme kgoro e nngwe ke ya ga Lefi. 32  “Letlhakore le le ka fa botlhaba le tla nna boleele jwa dikubita di le 4 500 le na le dikgoro di le tharo: kgoro e nngwe ke ya ga Josefa, kgoro e nngwe ke ya ga Benjamine, mme kgoro e nngwe ke ya ga Dana. 33  “Letlhakore le le ka fa borwa le tla nna boleele jwa dikubita di le 4 500 le na le dikgoro di le tharo: kgoro e nngwe ke ya ga Simeone, kgoro e nngwe ke ya ga Isakare, mme kgoro e nngwe ke ya ga Sebulone. 34  “Letlhakore le le ka fa bophirima le tla nna boleele jwa dikubita di le 4 500 le na le dikgoro di le tharo: kgoro e nngwe ke ya ga Gada, kgoro e nngwe ke ya ga Ashera, mme kgoro e nngwe ke ya ga Nafetali. 35  “Sekgala sa go dikologa motse e tla nna boleele jwa dikubita di le 18 000. Mme go tloga mo letsatsing leo go ya pele, motse oo o tla bidiwa Jehofa o Gone Koo.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kgoro ya Hamathe.”
Go tewa dikubita tse ditelele. Bona Dintlha B14.
Go tewa Lewatle la Mediterranean.
Go tewa Molapo wa Egepeto.