Esekiele 5:1-17

  • Go bontshiwa tsela e Jerusalema e tlileng go tlhaselwa ka yone (1-17)

    • Moporofeti o beola moriri ka dikarolwana tse tharo (1-4)

    • Jerusalema o bosula go feta ditšhaba tse dingwe (7-9)

    • Batlhanogi ba bolawa ka ditsela tse tharo (12)

5  “Wena morwa motho, itseele tšhaka e e bogale gore o e dirise jaaka legare la mmeodi wa moriri. Beola tlhogo ya gago le ditedu tsa gago ka yone, go tswa foo o tseye dikale o lekanye moriri oo, o bo o o kgaoganya.  O fise karolo nngwe ya one mo molelong mo teng ga motse fa malatsi a go o tlhasela a wela.+ Go tswa foo, o tseye karolo e nngwe ya one o bo o e itaya ka tšhaka go dikologa motse* gotlhe fela,+ mme karolo ya one ya bofelo o e gasamise mo phefong, mme ke tla somola tšhaka gore ke e lelekise.+  “Gape o tseye meriri e le mmalwa ya one o bo o e phuthela mo momenong wa seaparo sa gago.  Mme o tseye e mengwe gape o e latlhele mo molelong o bo o e fisa. Molelo o tla tswa mo go yone o bo o anamela kwa bathong botlhe ba Iseraele.+  “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Yono ke Jerusalema. Ke mo tlhomile mo gare ga ditšhaba, a dikologilwe ke dinaga tse dingwe.  Le fa go ntse jalo, ga o a ikobela ditshwetso tsa me tsa boatlhodi le melao ya me, a dira bosula go feta ditšhaba tse dingwe le dinaga tsotlhe tse di mo dikologileng.+ Gonne ba ganne ditshwetso tsa me tsa boatlhodi, e bile ga ba a ka ba tsamaya mo melaong ya me.’  “Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘E re ka lo ile lwa nna letshwenyo go feta ditšhaba tse di lo dikologileng, lwa se ka lwa tsamaya mo melaong ya me e bile lo sa diragatsa ditshwetso tsa me tsa boatlhodi, go na le moo lo ile lwa diragatsa ditshwetso tsa boatlhodi tsa ditšhaba tse di lo dikologileng,+  seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Jaanong ke tla go tlhasela, wena motse,+ mme ke tla go atlhola ditšhaba tseo di ntse di go lebile.+  Ke tla go dira sengwe se ke iseng nke ke se go dire, e bile ke se kitla ke dira sengwe se se tshwanang le sone gape, ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di makgapha tse o di dirang.+ 10  “‘“Ka jalo, borre ba ba mo go wena ba tla ja bomorwaabone,+ mme barwa ba tla ja borraabone, mme ke tla go atlhola ke bo ke gasamisetsa batho botlhe ba gago ba ba setseng kwa dikarolong tse di farologaneng.”’*+ 11  “‘Ka jalo, ke ikana ka nna,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘e re ka o ne wa leswafatsa lefelo la me le le boitshepo ka medingwana yotlhe ya gago e e ferosang sebete le ka dilo tsotlhe tse di makgapha tse o di dirang,+ le nna ke tla go latlha;* ga nkitla ke go utlwela botlhoko e bile ga nkitla ke go tlhomogela pelo.+ 12  Batho bangwe ba ba mo motseng ba tla bolawa ke bolwetse jwa leroborobo kgotsa ba tla nyelela ka ntlha ya leuba. Ba bangwe ba tla bolawa ka tšhaka gotlhe fela go go dikologa.+ Mme ba ba setseng ke tla ba gasamisetsa kwa dikarolong tse di farologaneng,* e bile ke tla somola tšhaka gore ke ba lelekise.+ 13  Foo bogale jwa me bo tla fela, e bile tšhakgalo ya me e tla kokobela, mme ke tla bo ke kgotsofetse.+ Mme fa ke sena go diragatsa tšhakgalo ya me mo go bone, ba tla tshwanelwa ke go itse gore nna, Jehofa, ke buile gore ke batla gore batho ba nkobamele ke le esi.+ 14  “‘Ke tla go dira marope le sengwe sa go kgobiwa mo ditšhabeng tse di go dikologileng le fa pele ga matlho a mongwe le mongwe yo o fetang ka tsela.+ 15  O tla fetoga sengwe sa go kgobiwa le sa go sotliwa,+ sekao se se tlhagisang le selo se se tshosang mo ditšhabeng tse di go dikologileng, fa ke tla bo ke tlisa katlholo mo go wena ke galefile, ke shakgetse e bile ke go otlhaya ka bogale. Nna Jehofa, ke buile. 16  “‘Ke tla ba romelela metswi e e kotsi ya leuba gore e ba senye. Metswi e ke e romelang e tla lo bolaya.+ Ke tla dira gore leuba le nne maswe ka go senya mabolokelo a lona a senkgwe.*+ 17  Ke tla lo romelela leuba le dibatana tse di kotsi,+ mme di tla lo amoga bana. Lo tla bolawa ke bolwetse jwa leroborobo le tšhaka.+ Nna Jehofa, ke buile.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “go mo dikologa.”
Seheb., “kwa phefong nngwe le nngwe.”
Kgotsa “ngotla.”
Seheb., “kwa phefong nngwe le nngwe.”
Seheb., “ka go robaganya dithobane tsa lona tsa senkgwe.” Gongwe go tewa dithobane tse di neng di dirisediwa go baya senkgwe.