Esekiele 8:1-18

  • Esekiele o isiwa kwa Jerusalema mo ponatshegelong (1-4)

  • O bona dilo tse di makgapha mo tempeleng (5-18)

    • Basadi ba lelela Tamuse (14)

    • Banna ba obamela letsatsi (16)

8  Mme mo ngwageng wa borataro, mo kgweding ya borataro, mo letsatsing la botlhano la kgwedi eo, fa ke ne ke ntse mo ntlong ya me e bile bagolwane ba Juda ba ne ba ntse fa pele ga me, maatla a Morena Molaodimogolo Jehofa a ne a nna mo go nna.  Fa ke ne ke ntse ke lebile, ke ne ka bona sengwe se se tshwanang le motho se se neng se lebega jaaka molelo; go tloga mo karolong e e neng e lebega jaaka lotheka lwa gagwe go ya kwa tlase go ne go na le molelo,+ e bile go tloga mo lothekeng lwa gagwe go ya kwa godimo o ne a phatsima, a tsabakela jaaka gauta e e keteng selefera.*+  Foo o ne a otlolola karolo e e neng e lebega jaaka seatla a bo a nkuka ka moriri, mme moya o ne wa ntsholeletsa fa gare ga lefatshe le magodimo o bo o nkisa kwa Jerusalema ke le mo diponatshegelong tse di tswang kwa Modimong, o nkisa kwa kgorong e e kwa teng+ e e lebileng kwa bokone, kwa go neng go tlhomilwe letshwao* la modingwana wa lefufa o o tlhotlheletsang lefufa.+  Mme kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ne e le koo,+ e tshwana le e ke neng ke e bone kwa lebaleng.+  Go tswa foo, o ne a nthaya a re: “Morwa motho, tsweetswee, tsholeletsa matlho a gago kwa ntlheng ya bokone.” Ka jalo, ke ne ka tsholeletsa matlho a me kwa ntlheng ya bokone, mme gone koo kwa bokone jwa kgoro ya sebeso, go ne go na le letshwao* leno la lefufa mo tseleng e go tsenwang ka yone.  Mme o ne a nthaya a re: “Morwa motho, a o bona gore dilo tse di makgapha tse batho ba Iseraele ba di dirang fano+ di maswe go le kana kang, dilo tse di dirang gore ke tsamaele kgakala le lefelo la me le le boitshepo?+ Le fa go ntse jalo, o tla bona dilo tse di makgapha, tse di maswe thata go feta tseno.”  Go tswa foo, o ne a ntlisa kwa kgorong ya lolwapa, mme fa ke leba, ke ne ka bona leroba mo loboteng.  O ne a nthaya a re: “Morwa motho, tsweetswee phunya lobota o oketse leroba leo.” Ka jalo, ke ne ka phunya lobota ka oketsa leroba, mme ke ne ka bona tsela e go tsenwang ka yone.  O ne a nthaya a re: “Tsena mo teng mme o bone dilo tse di bosula, tse di makgapha tse ba di dirang fano.” 10  Ka jalo, ke ne ka tsena mo teng mme ka leba, mme ke ne ka bona ditshwantsho tsa mefuta yotlhe tsa dilo tse di gagabang le diphologolo tse di ilegang+ le medingwana yotlhe e e ferosang sebete* ya batho ba Iseraele;+ di ne di gabilwe mo loboteng gotlhe fela. 11  Mme bagolwane ba Iseraele ba le 70 ba ne ba eme fa pele ga tsone, Jaasania morwa Shafane+ a eme mo gare ga bone. Mongwe le mongwe wa bone o ne a tshotse leiswana la gagwe ka seatla, mme mosi o o nkgang monate wa maswalo o ne o tlhatloga.+ 12  O ne a nthaya a re: “Morwa motho, a o bona se bagolwane ba Iseraele ba se dirang mo lefifing, mongwe le mongwe a le mo diphaposing tse di kwa teng kwa medingwana ya gagwe e beilweng gone?* Gonne ba re, ‘Jehofa ga a re bone. Jehofa o dule mo lefatsheng leno.’”+ 13  Mme o ne a tswelela a nthaya a re: “O tla bona dilo tse dingwe tse di makgapha, tse di maswe thata tse ba di dirang.” 14  Ka jalo, o ne a nkisa kwa kgorong e e kwa bokone ya ntlo ya ga Jehofa, mme fa ke le koo ke ne ka bona basadi ba ntse fa fatshe e bile ba lelela modimo Tamuse. 15  Mme o ne a tswelela a nthaya a re: “A o bona seno, wena morwa motho? O tla bona dilo tse di makgapha, tse di maswe go feta tseno.”+ 16  Ka jalo, o ne a ntlisa mo lolwapeng lo lo kwa teng lwa ntlo ya ga Jehofa.+ Gone koo fa kgorong ya tempele ya ga Jehofa, fa gare ga mathudi le sebeso, go ne go na le banna ba ka nna 25 ba furaletse* tempele ya ga Jehofa mme difatlhego tsa bone di lebile kwa botlhaba; ba ne ba ikobela letsatsi ba lebile kwa botlhaba.+ 17  O ne a nthaya a re: “Morwa motho, a o bona seno? A ga se sepe mo bathong ba Juda go bo ba dira dilo tseno tse di makgapha, go bo ba tlatsa lefatshe ka thubakanyo+ e bile ba tswelela ba nkgopisa? Jaanong ba nkgotlha ka kala* mo nkong. 18  Ka jalo, ke tla dirisana le bone ke galefile. Ga nkitla ke ba utlwela botlhoko;+ e bile ga nkitla ke ba tlhomogela pelo. Tota le fa ba ka goa thata, ga nkitla ke ba utlwa.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mmetale o o phatsimang o o dirilweng ka gauta le selefera.
Kgotsa “setshwantsho.”
Kgotsa “setshwantsho.”
Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.
Kgotsa “mo diphaposing tse di kwa teng tsa mekgabisa ya gagwe?”
Kgotsa “fularetse.”
Go lebega go tewa kala e e neng e dirisiwa mo kobamelong ya medingwana.