Esethere 10:1-3

  • Moredekai o a tlotliwa (1-3)

10  Kgosi Ahasueruse o ne a pateletsa batho ba a neng a ba busa ba ba nnang mo lefatsheng le mo ditlhaketlhakeng tsa lewatle go dira tiro e e boima.  Mme dilo tsotlhe tse di maatla le tse dikgolo tse a di fitlheletseng, mmogo le pego e e feletseng e e buang ka maemo a a kwa godimo a ga Moredekai+ a kgosi e neng e mo tlhomile mo go one,+ a ga di a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha+ ya dikgosi tsa Media le Peresia?+  Gonne Moredekai wa Mojuda o ne a latela Kgosi Ahasueruse ka maemo. O ne a na le maemo a a kwa godimo mo Bajudeng e bile bontsintsi jwa bone bo ne bo mo tlotla, mme o ne a direla batho ba gagabo dilo tse dintle e bile a eleletsa ditlogolwana tsa bone dilo tsotlhe tse di molemo.*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “e bile a bua kagiso ka ditlogolwana tsa bone.”