Esethere 7:1-10

  • Esethere o senola Hamane (1-6a)

  • Hamane o kalediwa mo koteng e a e dirileng (6b-10)

7  Ka jalo, kgosi le Hamane+ ba ne ba ya kwa moketeng wa ga Kgosigadi Esethere.  Mo letsatsing la bobedi la mokete wa beine, kgosi e ne ya raya Esethere gape ya re: “Ke eng se o se batlang, Kgosigadi Esethere? O tla se newa. Le gone ke eng se o se kopang? Tota le fa o ka kopa halofo ya bogosi jwa me, o tla e newa!”+  Kgosigadi Esethere o ne a araba jaana: “Fa e le gore o a nkamogela, wena kgosi, le fa e le gore seno se a go itumedisa, ke kopa gore o boloke botshelo jwa me le gore o golole batho ba gaetsho.+  Gonne re rekisitswe,+ nna le batho ba gaetsho, gore re nyelediwe, re bolawe re bo re senngwe.+ Fa re ka bo re rekiseditswe go nna batlhanka le malata fela, nkabo ke didimetse. Mme matshwenyego ano ga a tshwanela, ka gonne a tla dira gore kgosi e senyegelwe.”  Foo Kgosi Ahasueruse o ne a raya Kgosigadi Esethere a re: “Ke mang yoo, le gone o kae motho yoo yo o nnileng le bopelokgale jwa go dira selo se se ntseng jalo?”  Esethere o ne a re: “Moganetsi yoo le mmaba yoo, ke Hamane yo o bosula yono.” Hamane o ne a boifa thata ka ntlha ya kgosi le kgosigadi.  Kgosi e ne ya ema e galefile ya tswa mo moketeng wa beine mme ya ya kwa tshingwaneng ya ntlo ya segosi, mme Hamane ene o ne a ema ka dinao gore a kope Kgosigadi Esethere gore a sireletse botshelo jwa gagwe, ka gonne o ne a lemoga gore kgosi e ne e ikemiseditse go mo otlhaya.  Kgosi e ne ya boela kwa ntlong ya mokete wa beine go tswa kwa tshingwaneng ya ntlo ya segosi mme e ne ya fitlhela Hamane a itatlhetse fa Esethere a neng a ntse gone. Kgosi e ne ya bua jaana ka bogale: “A gape o tlile go betelela kgosigadi mo ntlong ya me?” Fela fa kgosi e sena go bua mafoko ao, ba ne ba khurumetsa sefatlhego sa ga Hamane.  Jaanong mongwe wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi e bong Harebona+ o ne a re: “Gape go na le kota e Hamane a e baakanyeditseng Moredekai,+ yo o ileng a sireletsa kgosi.+ E kwa ntlong ya ga Hamane, e boleele jwa dimetara di le 22.”* Foo kgosi e ne ya re: “Mo kaletseng mo go yone.” 10  Ka jalo, ba ne ba kaletsa Hamane mo koteng e a neng a e baakanyeditse Moredekai, mme bogale jwa kgosi bo ne jwa kokobela.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “dikubita di le 50.” Bona Dintlha B14.