Hosea 1:1-11

  • Mosadi wa ga Hosea le bana ba gagwe (1-9)

    • Jesereele (4), Lo-ruhama (6) le Lo-ami (9)

  • Tsholofelo ya go tsosolosiwa le go nna seoposengwe (10, 11)

1  Lefoko la ga Jehofa le ne la tla kwa go Hosea* morwa Beeri mo metlheng ya ga Usia,+ Jothame,+ Ahase+ le Hesekia,+ dikgosi tsa Juda,+ le mo motlheng wa ga Jeroboame+ morwa Joashe,+ kgosi ya Iseraele.  E rile Jehofa a simolola go bua lefoko la gagwe a dirisa Hosea, Jehofa o ne a raya Hosea a re: “Tsamaya mme o nyale mosadi yo o tlileng go dira boaka* a bo a go tsholela bana ka ntlha ya boaka* jwa gagwe, ka gonne lefatshe le tlogetse go direla Jehofa ka ntlha ya boaka.”*+  Ka jalo, Hosea o ne a ya go nyala Gomere morwadia Dibelaime, mme o ne a ima a bo a mo tsholela ngwana wa mosimane.  Foo Jehofa o ne a raya Hosea a re: “Mmitse Jesereele,* ka gonne mo lobakeng lo lo khutshwane ke tla otlhaela ba losika lwa ga Jehu+ ditiro tsa tshololo ya madi tsa Jesereele, mme ke tla fedisa bogosi jwa Iseraele.+  Mo letsatsing leo, ke tla robaganya bora jwa Iseraele kwa Mokgatšheng* wa Jesereele.”  O ne a ima gape a bo a tshola ngwana wa mosetsana. Mme Modimo o ne a raya Hosea a re: “Mmitse Lo-ruhama,* ka gonne ga nkitla ke tlhola ke utlwela batho ba Iseraele botlhoko,+ ka gonne ruri ke tla ba leleka.+  Ke tla utlwela batho ba Juda botlhoko,+ e bile nna Jehofa, Modimo wa bone ke tla ba boloka;+ ga nkitla ke ba boloka ka bora kgotsa ka tšhaka kgotsa ka ntwa kgotsa ka dipitse kgotsa ka masole a a tsamayang ka dipitse.”+  Fa a sena go kgwisa Lo-ruhama, o ne a ima mme a tshola ngwana yo mongwe wa mosimane.  Foo Modimo o ne a re: “Mmitse Lo-ami,* ka gonne ga lo batho ba me mme le nna ga nkitla ke nna Modimo wa lona. 10  “Mme batho ba* Iseraele ba tla nna jaaka motlhaba* wa lewatle o o ka se kang wa lekanngwa kgotsa wa balwa.+ Mme mo lefelong le ba neng ba tewa go twe, ‘Ga lo batho ba me,’+ ba tla tewa go twe, ‘Barwa ba Modimo yo o tshelang.’+ 11  Batho ba Juda le ba Iseraele ba tla phuthiwa mmogo gore ba nne seoposengwe+ mme ba tla tlhopha moeteledipele a le mongwe ba bo ba tswa mo lefatsheng leo, ka gonne letsatsi la Jesereele+ le tla nna legolo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Khutshwafatso ya leina Hoshaia, le le kayang “O Bolokilwe ke Jah; Jah o Bolokile. ”
Kgotsa “boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
Kgotsa “boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
Kgotsa “boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
Mo go kayang “Modimo o Tla Jala Peo.”
Kgotsa “kwa Lebaleng le le Kwa Tlase.”
Mo go kayang “Ga a Utlwelwa Botlhoko.”
Mo go kayang “Ga lo Batho ba Me.”
Seheb., “bomorwa.”
Kgotsa “moshawa.”