Hosea 10:1-15

  • Iseraele, morara o o senyegang, o tla senngwa (1-15)

    • Go jala le go roba (12, 13)

10  “Iseraele o tshwana le morara* o o senyegang* o o tlhagisang maungo.+ Fa maungo a gagwe a oketsega, le ene o oketsa dibeso tsa gagwe;+Fa lefatshe la gagwe le ungwa thata, dipilara tsa gagwe di nna dintle thata.+   Pelo ya bone e tletse boitimokanyi;*Jaanong ba tla bonwa molato. Modimo o tla thuba dibeso tsa bone a bo a senya dipilara tsa bone.   Jaanong ba tla re, ‘Ga re na kgosi,+ ka gonne ga re a boifa Jehofa. Mme kgosi e ka re direla eng?’   Ba bua mafoko a a se nang mosola,+ ba dira maikano a maaka e bile ba dira kgolagano;Ka jalo, go tlhoka tshiamiso go aname jaaka mefero e e botlhole mo masimong a a lemiwang.+   Baagi ba Samarea ba tla tshogela modingwana wa namane wa Bethe-afene.+ Batho ba ba o obamelang ba tla o hutsafalela,Baperesiti ba ba neng ba o direla, ba ba neng ba o rata e bile ba itumelela kgalalelo ya one, le bone ba tla o hutsafalela,Gonne o tla isiwa botshwarwa.   O tla isiwa kwa Asiria e le mpho e e newang kgosi e kgolo.+ Eferaime o tla tlhabisiwa ditlhong,Le Iseraele o tla tlhabisiwa ditlhong ke kgakololo e a e latetseng.+   Ruri Samarea le kgosi ya gagwe ba tla nyelela,*+Jaaka kalana e e robegetseng mo metsing.   Mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a Bethe-afene,+ e leng boleo jwa Iseraele,+ a tla nyelediwa.+ Go tla tlhoga mmitlwa le mefero mo dibesong tsa bone.+ Batho ba tla raya dithaba ba re, ‘Re khurumetseng!’ E bile ba tla raya dithota ba re, ‘Welang mo godimo ga rona!’+   Wena Iseraele, o leofile go tloga mo metlheng ya se se diragetseng kwa Gibea.+ Gone koo ba ne ba tswelela ba leofa. Ntwa ga e a ka ya tlela* batho ba ba sa siamang kwa Gibea. 10  Gape ke tla ba kgalemela fa ke batla. Mme ditšhaba di tla phuthega di ya go tlhabana le bone,Ka nako e melato ya bone e mebedi e tla bong e gokeletswe mo go bone.* 11  Eferaime e ne e le kgomo ya moroba* e e katisitsweng e e neng e rata go photha,Ka jalo, ga ke a ka ka baya jokwe mo molaleng wa gagwe o montle. Jaanong ke tla dira gore mongwe a palame* Eferaime.+ Juda o tla lema; Jakobe o tla mo thubela makwete. 12  Jalang tshiamo; robang lorato lo lo sa kgaotseng. Lemang lefatshe le le siametseng go lemiwa+Fa go sa ntse go na le nako ya go batla Jehofa,+Go fitlha a tla a bo a lo ruta tshiamo.+ 13  Le fa go ntse jalo, lo lemile bosula,Lo robile tshiamololo,+E bile lo jele maungo a tsietso;Gonne lo ikantse tsela ya lona,Lo ikantse batlhabani ba bantsintsi. 14  Go tla tsoga pheretlhego mo bathong ba lona,Mme metse yotlhe ya lona e e sireletsegileng e tla senngwa,+Fela jaaka tshenyo e e neng e bakilwe ke Shalemane wa kwa Bethe-Arabele,Mo motlheng wa tlhabano fa bommê ba ne ba bolawa le bana ba bone. 15  Seno ke se se tla lo diragalelang lona batho ba Bethele,+ ka ntlha ya bosula jwa lona jo bogolo. Fa bo sa, ruri kgosi ya Iseraele e tla bo e bolailwe.”*+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa gongwe “o o anamang.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “e borethe.”
Seheb., “didimadiwa.”
Kgotsa “fedisa.”
Go tewa fa ba rwala kotlhao ya bone jaaka jokwe.
Kgotsa “kgomo e e iseng e nne le namane.”
Kgotsa “golege.”
Seheb., “didimaditswe.”