Hosea 14:1-9

  • O kopiwa go boela kwa go Jehofa (1-3)

    • Mafoko a rona a go ntsha setlhabelo (2)

  • Baiseraele ba a fodisiwa mme ba tla ikanyega (4-9)

14  “Wena Iseraele, boela kwa go Jehofa, Modimo wa gago,+Ka gonne o ne wa kgopiwa ka ntlha ya molato wa gago.   Boelang kwa go Jehofa ka mafoko ano,Mo reyeng lo re, ‘E kete o ka re itshwarela molato wa rona+ mme wa amogela se se molemo go tswa mo go rona,A mafoko a rona+ a tshwane le dipowana tse re di go ntshetsang setlhabelo.*   Asiria ga e kitla e re boloka.+ Ga re kitla re palama dipitse.+ E bile ga re kitla re tlhola re raya tiro ya diatla tsa rona re re, “Ao tlhe Modimo wa rona!” Gonne ke wena yo o utlwelang khutsana* botlhoko.’+   Ke tla ba fodisa mme ba tla ikanyega.+ Ke tla ba rata ka pelo yotlhe,+Ka gonne bogale jwa me bo fapogile mo go bone.+   Ke tla nna jaaka monyo mo go Iseraele;O tla ntsha lelômô* jaaka lelômô la lesoma,E bile medi ya gagwe e tla nama jaaka ditlhare tsa kwa Lebanona.   Dikalana tsa gagwe di tla anama,Bontle jwa gagwe bo tla tshwana le jwa setlhare sa motlhware,Le monko wa gagwe o tla utlwala jaaka wa kwa Lebanona.   Ba tla boa ba nna mo moriting wa gagwe gape. Ba tla jala dijo tsa ditlhaka, e bile ba tla ntsha matlhogela jaaka morara.*+ Go tuma* ga gagwe go tla nna jaaka ga beine ya kwa Lebanona.   Eferaime o tla re, ‘Ke sa ntse ke tla dira eng ka medingwana?’+ Ke tla mo araba ke bo ke nna ke mo lebile.+ Ke tla tshwana le setlhare sa mofira se se golang thata. Maungo a gagwe a tla fitlhelwa mo go nna.”   Ke mang yo o botlhale? A a tlhaloganye dilo tseno. Ke mang yo o tlhalefileng? A a di itse. Ka gonne ditsela tsa ga Jehofa di siame,+Mme basiami ba tla tsamaya mo go tsone;Le fa go ntse jalo, badirabosula ba tla kgopiwa mo go tsone.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Re tla ntsha dipowana ka melomo ya rona.”
Seheb., “ngwana yo o se nang rre.”
Kgotsa “sethunya.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “Segopotso.”