Hosea 2:1-23

  • Iseraele o a senngwa ka gonne ga a ikwatlhaye (1-13)

  • O boela kwa go Jehofa yo e leng monna wa gagwe (14-23)

    • “O tla mpitsa Monna wa me” (16)

2  “Rayang bomorwarralona lo re, ‘Batho ba me!’*+ Le bomorwadiarraalona lo re, ‘Wena mosadi yo o utlwetsweng botlhoko!’*+   Bonang mmaalona molato; mmoneng molato,Ka gonne ga se mosadi wa me,+ mme nna ga ke monna wa gagwe. O tshwanetse go tlogela go dira boaka*E bile o tshwanetse go tlosa boaka fa gare ga mabele a gagwe,   Go seng jalo ke tla mo apola gore a sale a sa apara ke bo ke dira gore a nne jaaka ka letsatsi le a neng a tsholwa ka lone,Ke tla dira gore a tshwane le naga,Ke tla dira gore a nne lefatshe le le se nang metsi Ke bo ke dira gore a bolawe ke lenyora.   Mme ga nkitla ke utlwela bana ba gagwe botlhoko,Ka gonne ke bana ba boaka.*   Gonne mmaabone o dirile boaka.*+ Ene yo o neng a ba imile o dirile se se tlhabisang ditlhong,+ ka gonne o ne a re,‘Ke tla latelela ba ba nthatang,+Ba ba nnayang senkgwe le metsi,Wulu le tlhale e e boleta, leokwane le beine.’*   Ka jalo, ke tla thiba tsela ya gagwe ka legora la mmitlwa;E bile ke tla mo agela lobota lwa maje,Gore a se ka a bona ditsela tsa gagwe.   O tla lelekisa ba ba mo ratang, mme ga a kitla a ba tshwara;+O tla ba batla, mme ga a kitla a ba bona. Foo o tla re, ‘Ke batla go boela kwa monneng wa me,*+Ka gonne dilo di ne di ntsamaela sentle ka nako eo go na le gone jaanong.’+   O ne a sa lemoge gore ke nna ke neng ke mo neile dijo tsa ditlhaka,+ beine e ntšha le leokwane,Le gore ke nna ke neng ke mo neile selefera e ntsi,Le gauta, tse a neng a di dirisa mo kobamelong ya ga Baale.+   ‘Ka jalo, ke tla boa ke bo ke tsaya dijo tsa me tsa ditlhaka ka nako ya tsoneLe beine ya me e ntšha ka paka ya yone,+E bile ke tla phamola diaparo tsa me tsa wulu le tsa letsela le le boleta tse a neng a tla ikhurumetsa ka tsone ka gonne a sa apara. 10  Jaanong ke tla dira gore ba ba mo ratang ba bone dirwe tsa gagwe tsa sephiri,E bile ga go na motho ope yo o tla mo gololang mo seatleng sa me.+ 11  Ke tla fedisa boitumelo jotlhe jwa gagwe,Ke tla fedisa meletlo ya gagwe,+ bongwedi ba gagwe ba basha, bosabata ba gagwe le dipaka tsotlhe tsa meletlo ya gagwe. 12  Mme ke tla senya setlhare sa gagwe sa morara* le ditlhare tsa gagwe tsa mofeige tse a buileng jaana ka tsone: “Eno ke tuelo e ba ba nthatang ba e nneileng”;Ke tla dira gore di nne sekgwa,E bile diphologolo tsa naga di tla di kometsa. 13  Ke tla mo otlhaya ka ntlha ya malatsi a fa a ne a ntshetsa ditshwantsho tsa ga Baale ditlhabelo,+Fa a ne a tle a ikgabise ka dipalamonwana le mekgabisa ya gagwe a bo a latelela ba ba mo ratang,Mme nna o ne a ntebetse,’+ go bua Jehofa. 14  ‘Ka jalo, ke tla mo latelela,Ke tla mo isa kwa nageng,Mme ke tla bua le ene gore ke gape pelo ya gagwe. 15  Ke tla mmusetsa masimo a gagwe a morara go tloga ka nako eo go ya pele,+E bile ke tla dira gore a kgabaganye Mokgatšha* wa Akore+ gore a tsene mo lefatsheng la tsholofelo;O tla araba a le koo fela jaaka mo malatsing a fa a ne a sa le mosha,Le jaaka mo letsatsing la fa a ne a tswa kwa lefatsheng la Egepeto.+ 16  Mme mo letsatsing leo,’ go bua Jehofa,‘O tla mpitsa Monna wa me, mme ga o kitla o tlhola o mpitsa Mong wa me.’* 17  ‘Ke tla dira gore a se ka a tlhola a umaka maina a ditshwantsho tsa ga Baale,+E bile maina a tsone ga a kitla a tlhola a gopolwa.+ 18  Mo letsatsing leo ke tla ba direla kgolagano le diphologolo tsa naga,+Le dinonyane le digagabi;+Ke tla fedisa bora le tšhaka le ntwa mo lefatsheng,+Mme ke tla dira gore ba nne* ka polokesego.+ 19  Ke tla go dira mosadi wa me ka bosakhutleng;Ke tla tlhomamisa gore ke go bontsha tshiamo le tshiamiso,Le lorato lo lo sa kgaotseng le kutlwelobotlhoko.+ 20  Ke tla tlhomamisa gore ke a ikanyega,Mme ruri o tla nkitse, nna yo ke bidiwang Jehofa.’+ 21  ‘Mo letsatsing leo ke tla araba,’ go bua Jehofa,‘Ke tla araba magodimoMme one a tla araba lefatshe;+ 22  Mme lefatshe le tla araba dijo tsa ditlhaka le beine e ntšha le leokwane;Mme tsone di tla araba Jesereele.*+ 23  Ke tla mo ijalela jaaka peo mo lefatsheng,+E bile yo o sa utlwelwang botlhoko* ke tla mo utlwela botlhoko;Ke tla raya ba e seng batho ba me* ke re: “Lo batho ba me.”+ Mme bone ba tla re: “O Modimo wa rona.”’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Bona ntlh. mo go Hos 1:6.
Bona ntlh. mo go Hos 1:9.
Kgotsa “boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
Kgotsa “ba ba tshotshweng ka ntlha ya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
Kgotsa “o dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
Seheb., “senô.”
Kgotsa “monneng wa me wa ntlha.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “Lebala le le Kwa Tlase.”
Kgotsa “Baale wa Me.”
Kgotsa “ba tshele.”
Mo go kayang “Modimo o Tla Jala Peo.”
Bona ntlh. mo go Hos 1:6.
Bona ntlh. mo go Hos 1:9.