Hosea 5:1-15

  • Eferaime le Juda di a atlholwa (1-15)

5  “Utlwang seno, lona baperesiti,+Tlhwayang tsebe, lona batho ba Iseraele,Reetsang, lona ba ntlo ya segosi,Gonne katlholo eno e ama lona;Ka gonne lo serai mo MisepaLe letlowa le le tsharolotsweng mo godimo ga Tabore.+   Batlhanongi bano ba nweleletse thata* mo go bolayeng,Mme ke ntse ke ba tlhagisa* botlhe.   Ke itse Eferaime,E bile Iseraele ga e a fitlhega mo go nna. Gonne wena Eferaime, jaanong o dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo;*Iseraele e iteswafaditse.+   Ditiro tsa bone ga di ba letle go boela kwa Modimong wa bone,Ka gonne go na le moya wa boaka* mo go bone;+E bile ga ba tseye Jehofa tsia.   Boikgogomoso jwa Iseraele bo mo latofaditse;*+Iseraele le Eferaime ba kgopilwe ka ntlha ya molato wa bone,Mme Juda o kgopilwe le bone.+   Ba ne ba tsaya letsomane la bone le motlhape wa bone,Go ya go di ntshetsa Jehofa e le setlhabelo. O ne a ba katogile.+   Ba diretse Jehofa boferefere,+Ka gonne ba ne ba tsholelwa barwa ba batswakwa.* Jaanong ba tla komediwa mo kgweding e le nngwe* fela mmogo le masimo a bone.*   Letsang lonaka+ mo Gibea, le terompeta mo Rama!+ Tlhabang mokgosi wa ntwa kwa Bethe-afene,+ wena Benjamine, etelela pele!   Wena Eferaime, o tla nna selo se se tshosang mo letsatsing la kotlhao.+ Ruri ke itsisitse se se tla diregalelang ditso tsa Iseraele. 10  Dikgosana tsa Juda di tshwana le batho ba ba busetsang molelwane kwa morago.+ Ke tla tshololela bogale jwa me mo go bone jaaka metsi. 11  Eferaime o gateletswe, o thubagantswe ke katlholo,Gonne o ne a ikemiseditse go sala mmaba wa gagwe morago.+ 12  Ka jalo, ke ne ke tshwana le motoutwane* mo go EferaimeE bile ke ne ke tshwana le sebodu mo bathong ba Juda. 13  E rile Eferaime a bona bolwetse jwa gagwe, le Juda a bona lethopa* la gagwe,Eferaime o ne a ya kwa Asiria+ mme a romela barongwa kwa kgosing e kgolo. Le fa go ntse jalo, e ne ya se ka ya kgona go lo fodisa,E bile e ne ya se ka ya kgona go fodisa lethopa la lona. 14  Gonne ke tla nna jaaka tawana mo go Eferaime,Le jaaka tau e e nonofileng* mo bathong ba Juda. Nna ka bonna, ke tla ba gagoganya ke bo ke tsamaya;+Ke tla ba tsaya, mme ga go na ope yo o tla ba gololang.+ 15  Ke tla tsamaya, ke tla boela kwa lefelong la me go fitlha ba lebana le ditlamorago tsa molato wa bone,Mme ka nako eo ba tla batla gore ke ba thuse.*+ Fa ba le mo matshwenyegong, ba tla mpatla.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba ntse ba na le seabe ka botlalo.”
Kgotsa “ke tla ba otlhaya.”
Kgotsa “o dirile boaka.”
Kgotsa “boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.”
Seheb., “mo sefatlhegong sa gagwe.”
Kgotsa “dikabelo tsa bone.”
Kgotsa gongwe “Mo kgweding fela ba tla bo ba komeditswe.”
Gongwe barwa ba ba tshotsweng ke basadi ba batswakwa e bile ba katogetse kgakala le Modimo.
Kgotsa “mmoto.”
Kgotsa “sekaku; tlhagala.”
Kgotsa “tawana e e seriri.”
Seheb., “ba tla batla sefatlhego sa me.”