Hosea 9:1-17

  • Boleo jwa Eferaime bo dira gore Modimo a ba latlhe (1-17)

    • Go ineela mo modimong yo o tlhabisang ditlhong (10)

9  “O se ka wa itumela, wena Iseraele,+O se ka wa itumela jaaka ditšhaba tse dingwe. Gonne o tlogetse Modimo wa gago ka ntlha ya boaka* jo o bo dirileng.+ O ratile tuelo ya boaka e o e newang mo seboaneng sengwe le sengwe sa dijo tsa ditlhaka.+   Le fa go ntse jalo, seboana le segatisetso sa beine ga di kitla di ba fepa,E bile beine e ntšha e tla tlhaela.+   Ga ba kitla ba tswelela ba nna mo lefatsheng la ga Jehofa;+Go na le moo, Eferaime o tla boela kwa Egepeto,Mme fa ba le kwa Asiria ba tla ja se se seng phepa.+   Ga ba kitla ba tlhola ba tshelela Jehofa beine;+Ditlhabelo tsa bone ga di kitla di mo itumedisa.+ Di tshwana le senkgwe sa khutsafalo;Botlhe ba ba se jang ba tla iteswafatsa. Gonne senkgwe sa bone ke sa bone fela;Ga se kitla se tsena mo ntlong ya ga Jehofa.   Lo tla dira eng mo letsatsing la kopano,*Mo letsatsing la moletlo wa ga Jehofa?   Gonne ba tla tshwanelwa ke go tshaba ka ntlha ya tshenyo.+ Egepeto o tla ba phutha mmogo,+ mme Memefise o tla ba fitlha.+ Dibabetsane di tla gola di bo di khurumetsa dilo tsa bone tsa selefera tse di tlhwatlhwakgolo,E bile ditlhatshana tsa mmitlwa di tla bo di le mo ditenteng tsa bone.   Malatsi a katlholo a tla tla,+Malatsi a go ipusulosetsa a tla tla,Mme Iseraele e tla itse ka gone. Moporofeti wa bone o tla nna seeleele, mme motho wa gabone yo o ipolelang gore o tlhotlheleditswe ke Modimo o tla tsenwa;O tlhoilwe thata ka gonne melato ya gago e mentsi.”   Molebeledi+ wa Eferaime o ne a na le Modimo.+ Mme jaanong ditsela tsotlhe tsa baporofeti ba gagabo+ di tshwana le dirai tsa motshwaradinonyane;Go na le letlhoo mo ntlong ya Modimo wa gagwe.   Ba senyegile thata, fela jaaka ba ne ba ntse mo malatsing a Gibea.+ O tla gakologelwa melato ya bone, e bile o tla ba otlhaela maleo a bone.+ 10  “Ke ne ka fitlhela Iseraele a tshwana le morara* mo nageng.+ Ke ne ka bona borralonamogolo ba tshwana le difeige tse di buduleng pele mo setlhareng sa mofeige. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ya kwa go Baale wa Peore;+Ba ne ba ineela mo selong se se tlhabisang ditlhong,*+Mme ba ne ba fetoga ba ba ferosang sebete jaaka selo seo se ba se ratang. 11  Kgalalelo ya ga Eferaime e fofa jaaka nonyane;Ga ba ime e bile ga ba tshole.+ 12  Tota le fa go ka direga gore ba godise bana,Ke tla ba ba amoga go fitlha go sa tlhole go na le ope yo o setseng;+Ruri ba tla latlhega fa ke ba tlogela!+ 13  Eferaime yo o jetsweng mo mafulong o ne a tshwana le Ture mo go nna;+Jaanong Eferaime o tshwanetse go isa bomorwawe kwa mmolaing.” 14  Jehofa, ba neye se o tshwanetseng go se ba naya. Ba neye popelo e e senyegelwang le mabele a a se nang mashi.* 15  “Bosula jotlhe jwa bone bo diragetse kwa Gilegala,+ ka gonne ke kwa ke neng ka simolola go ba tlhoa gone. Ke tla ba leleka mo ntlong ya me ka ntlha ya ditiro tsa bone tse di bosula.+ Ga nkitla ke tlhola ke ba rata;+Dikgosana tsotlhe tsa bone di tlhogoethata. 16  Eferaime o tla kgemethiwa.+ Modi wa bone o tla omelela e bile ga ba kitla ba tlhagisa leungo lepe. Mme le fa go ka direga gore ba tshole, ke tla bolaya bana ba bone ba ba ba ratang.” 17  Modimo o tla ba gana,Ka gonne ga ba a ka ba mo reetsa,+E bile ba tla nna batshabi mo ditšhabeng.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “boitsholo jo bo sa siamang.”
Kgotsa “la mokete wa lona o o tlhomilweng.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “mo modimong yo o tlhabisang ditlhong.”
Kgotsa “a a swabang.”