Jeremia 11:1-23

  • Juda e tlogela kgolagano e e e dirileng le Modimo (1-17)

    • Medimo e mentsi jaaka metse (13)

  • Jeremia o tshwantshiwa le kwana e e isiwang tlhabong (18-20)

  • Batho ba gaabo Jeremia ba a mo ganetsa (21-23)

11  Leno ke lefoko le le neng la tla kwa go Jeremia le tswa kwa go Jehofa le re:  “Utlwang mafoko a kgolagano eno! “A bolelele* batho ba Juda le banni ba Jerusalema  mme o ba reye o re, ‘Seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang: “Go hutsegile motho yo o sa ikobeleng mafoko a kgolagano eno,+  a ke neng ka a laela borraalonamogolo ka letsatsi la fa ke ne ke ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto,+ ke ba ntsha mo molelong o mogolo o o nyerolosang tshipi,+ ke re, ‘Ikobeleng lentswe la me, lo bo lo dire dilo tsotlhe tse ke di lo laelang; mme lo tla nna batho ba me mme nna ke tla nna Modimo wa lona,+  gore ke tle ke diragatse maikano a ke neng ka a ikanela borraalonamogolo, a gore ke tla ba naya lefatshe le le elelang mashi le tswina ya dinotshe,+ jaaka go ntse mo letsatsing leno.’”’” Mme ke ne ka araba ka re: “Amen,* Jehofa.”  Go tswa foo, Jehofa o ne a nthaya a re: “Bolela mafoko ano otlhe mo metseng ya Juda le mo mebileng ya Jerusalema: ‘Utlwang mafoko a kgolagano eno, mme lo a ikobele.  Gonne ke ne ka tlhagisa borraalonamogolo ke tiisitse mo letsatsing la fa ke ne ke ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto go tla go fitlha mo letsatsing leno, ke ba tlhagisa gangwe le gape* ke re: “Ikobeleng lentswe la me.”+  Mme ga ba a ka ba reetsa e bile ga ba a ka ba tlhwaya tsebe; go na le moo, mongwe le mongwe wa bone o ne a sala pelo ya gagwe e e bosula morago ka botlhogoethata.+ Ka jalo, ke ne ka tlisa mafoko otlhe a kgolagano eno kwa go bone a ke neng ke ba laetse gore ba a ikobele mme ba ne ba gana go dira jalo.’”  Foo Jehofa o ne a nthaya a re: “Batho ba Juda le banni ba Jerusalema ba logile leano la boferefere. 10  Ba boetse kwa melatong e borraabonemogolo ba neng ba e dira bogologolo, ba ba neng ba gana go ikobela mafoko a me.+ Le bone ba setse medimo e mengwe morago e bile ba e diretse.+ Batho ba Iseraele le ba Juda ba tlogetse kgolagano ya me e ke neng ka e dira le borraabonemogolo.+ 11  Ka jalo, Jehofa a re, ‘Jaanong ke ba tlisetsa masetlapelo+ a ba ka se kgoneng go a falola. Fa ba goela kwa go nna ba kopa thuso, ga nkitla ke ba reetsa.+ 12  Foo banni ba metse ya Juda le ba Jerusalema ba tla ya kwa medimong e ba e ntshetsang ditlhabelo* ba ya go kopa thuso,+ mme ga e kitla e ba boloka fa ba lebane le masetlapelo. 13  Gonne medimo ya gago e setse e le mentsi jaaka metse ya gago, wena Juda, e bile o tlhometse selo se se tlhabisang ditlhong* dibeso tse dintsi jaaka mebila e e mo Jerusalema, dibeso tse go ntshediwang Baale ditlhabelo mo go tsone.’+ 14  “Mme wena,* o se ka wa rapelela batho bano. O se ka wa goela kwa go nna mo boemong jwa bone kgotsa wa ba rapelela,+ ka gonne ke tla bo ke sa reetsa fa ba goela kwa go nna ba lebane le masetlapelo. 15  Moratiwa wa me o na le tshwanelo efe gore a nne mo ntlong ya meFa bontsi jwa batho ba kwa Juda ba dira selo se se bosula? Fa o welwa ke masetlapelo, a ba tla a faposa ka ditlhabelo tsa diphologolo? A o tla itumela ka nako eo? 16  Jehofa o kile a bo a go bitsa setlhare sa motlhware se se golang thata,Se sentle se se nang le maungo a mantle. Mme go ne ga nna le modumo o mogolo a bo a go tshuba ka molelo,E bile ba robagantse dikala tsa gago. 17  “Jehofa wa masomosomo, yo e leng Mojadi wa gago,+ o boletse gore masetlapelo a tla go wela ka ntlha ya bosula jo bo dirilweng ke setšhaba sa Iseraele le setšhaba sa Juda, ba ba mo kgopisitseng ka go ntshetsa Baale ditlhabelo.”+ 18  Jehofa, o ne wa mpolelela gore ke tle ke itse;Ka nako eo, o ne wa dira gore ke bone se ba neng ba se dira. 19  Ke ne ke tshwana le kwanyana e e bonolo e e isiwang tlhabong. Ke ne ke sa itse gore ba ne ba ntogela leano ba re:+ “A re senyeng setlhare le maungo a sone,E bile a re mmolayeng,Gore leina la gagwe le se ka la tlhola le gakologelwa.” 20  Mme Jehofa wa masomosomo o atlhola ka tshiamo;O tlhatlhoba dikakanyo tse di kwa tengteng* le pelo.+ E kete nka bona fa o mpusolosetsa mo go bone,Gonne ke go itsisitse kgang ya me. 21  Ka jalo, seno ke se Jehofa a se buang ka batho ba Anathothe+ ba ba batlang go go bolaya le ba ba reng: “O se ka wa porofeta ka leina la ga Jehofa,+ go seng jalo re tla go bolaya”; 22  ka jalo seno ke se Jehofa wa masomosomo a se buang: “Jaanong ke tlile go ba otlhaya. Makawana a tla bolawa ka tšhaka,+ mme bomorwaabone le bomorwadiabone ba tla bolawa ke leuba.+ 23  Tota e bile ga go kitla go nna le ope wa bone yo o salang, ka gonne ke tla tlisetsa batho ba Anathothe+ masetlapelo mo ngwageng o ke tla ba otlhayang ka one.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go lebega go buiwa le Jeremia.
Kgotsa “A go nne jalo.”
Seheb., “ke tsoga go sa le phakela ke bo ke tlhagisa.”
Kgotsa “e ba e kuisetsang mosi wa setlhabelo.”
Kgotsa “modimo yo o tlhabisang ditlhong.”
Go tewa Jeremia.
Kgotsa “maikutlo a a kwa teng thata.” Seheb., “diphilo.”