Jeremia 12:1-17

  • Jeremia o a ngongorega (1-4)

  • Jehofa o a araba (5-17)

12  Jehofa, o Modimo wa tshiamo.+ Fa ke ngongorega mo go wena,Le fa ke bua le wena ka dikgang tsa katlholo, o dira dilo ka tshiamiso. Ke ka ntlha yang fa tsela ya batho ba ba bosula e atlega,+E bile ke ka ntlha yang fa maferefere a sa tshwenyege?   O ba jadile, e bile ba medile medi. Ba godile e bile ba tlhagisitse maungo. Ba nna ba bua ka wena, le fa go ntse jalo, mo dipelong* tsa bone ga ba go kgathalele.+   Mme o nkitse sentle tlhe Jehofa,+ e bile o a mpona;O tlhatlhobile pelo ya me mme o a itse gore ke ineetse mo go wena.+ Ba tlhaole jaaka dinku tse di yang go tlhabiwa,O bo o ba beele kwa thoko o ba beela letsatsi la polao.   Naga e tshwanetse go swaba ka lobaka lo lo kaeLe dimela tsa tshimo nngwe le nngwe di tshwanetse go omelela ka lobaka lo lo kae?+ Dibatana le dinonyane di gogotsweKa ntlha ya bosula jwa batho ba ba nnang mo go yone. Gonne ba rile: “Ga a bone se se tla re diragalelang.”   Fa e le gore o lapisiwa ke go taboga le ba ba tsamayang ka dinao,A o ka kgona go taboga le dipitse?+ Fa e le gore o ikutlwa o babalesegile mo nageng e e nang le kagiso,O tla dira jang fa o le mo gare ga ditlhatshana tse di kitlaneng tse di mo thoko ga Joredane?   Gonne tota le bomorwarrago, ba lelapa la ga rrago,Ba go diretse boferefere.+ Ba go tlhabetse mokgosi. O se ka wa dumela se ba se buang,Tota le fa ba go bolelela dilo tse di molemo.   “Ke tlogetse ntlo ya me;+ ke latlhile boswa jwa me.+ Ke tsentse moratiwa wa me yo ke mo ratang thata mo seatleng sa baba ba gagwe.+   Mo go nna, ene yo e leng boswa jwa me o tshwana le tau mo sekgweng. O nkurutletse. Ka jalo, ke simolotse go mo tlhoa.   Mo go nna, boswa jwa me bo tshwana le nonyane e e mebalabala* e e jang nama;Dinonyane tse dingwe tse di jang nama di a e dikologa di bo di e tlhasela.+ Tlang, phuthegang mmogo, lona lotlhe dibatana,Tlang lo je.+ 10  Badisa ba le bantsi ba sentse tshimo ya me ya morara;*+Ba gatakile karolo ya naga ya me.+ Ba dirile gore karolo ya me e e eletsegang e nne naga e e kgakgabetseng. 11  E fetogile marope. E swabile;*E kgakgabetse fa pele ga me.+ Naga yotlhe e kgakgabaditswe,Mme ga go na motho ope yo o tsayang seo tsia.+ 12  Basenyi ba tlile mo ditselaneng tsotlhe tse di mo nageng tse di budusitsweng ke dinao,Gonne tšhaka ya ga Jehofa e kometsa go tswa kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe go ya kwa ntlheng e nngwe.+ Ga go na ope* yo o nang le kagiso. 13  Ba jadile korong, mme ba ne ba roba mmitlwa.+ Ba dirile ka natla, mme ga go a ba tswela mosola ope. Ba tla tlhabisiwa ditlhong ke thobo ya boneKa ntlha ya bogale jwa ga Jehofa jo bo tukang.” 14  Seno ke se Jehofa a se buang: “Baagelani ba me botlhe ba ba bosula, ba ba kgomang boswa jo ke neng ka bo naya batho ba me ba Iseraele,+ ke ba kumola mo lefatsheng la bone,+ e bile ke tla kumola setšhaba sa Juda mo go bone. 15  Mme gone, fa ke sena go ba kumola, gape ke tla ba utlwela botlhoko ke bo ke busetsa mongwe le mongwe wa bone kwa go se e leng boswa jwa gagwe le kwa nageng ya gagwe.” 16  “Mme fa ba ka ithuta ditsela tsa batho ba me le go ikana ka leina la me ba re, ‘Re ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang!’ jaaka ba ile ba ruta batho ba me go ikana ka Baale, foo ba tla newa lefelo mo bathong ba me. 17  Mme fa ba gana go ikoba, ke tla kumola setšhaba seo, ke se kumola ke bo ke se senya,” go bua Jehofa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mo maikutlong a bone a a kwa teng thata.” Seheb., “diphilong.”
Kgotsa “marontho.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa gongwe “hutsafetse.”
Seheb., “nama epe.”