Jeremia 13:1-27

  • Lebanta la letsela le le boleta le a senyega (1-11)

  • Dinkgo tsa beine di a thubaganngwa (12-14)

  • Bajuda ba ba sa reetseng ba tla isiwa botshwarwa (15-27)

    • “A Mokushe a ka fetola letlalo la gagwe?” (23)

13  Jehofa o ne a nthaya a re: “Tsamaya mme o ithekele lebanta la letsela le le boleta o bo o ipofa ka lone mo lothekeng, mme o se ka wa le tsenya mo metsing.”  Ka jalo, ke ne ka ithekela lebanta fela jaaka Jehofa a ne a buile ke bo ke ipofa ka lone.  Mme Jehofa o ne a bua le nna lekgetlo la bobedi a re:  “Tsaya lebanta le o neng wa le reka, le o ipofileng ka lone mme o ye kwa Euferatese, o bo o le fitlha teng mo phatlheng e e mo lefikeng.”  Ka jalo, ke ne ka tsamaya mme ka le fitlha gaufi le Euferatese, fela jaaka Jehofa a ne a ntaetse.  Mme morago ga malatsi a le mantsi Jehofa o ne a nthaya a re: “Ema, ya kwa Euferatese mme o ye go tsaya lebanta le ke neng ke go laetse gore o le fitlhe teng.”  Ka jalo, ke ne ka ya kwa Euferatese mme ka epolola lebanta mo lefelong le ke neng ke le fitlhile mo go lone, mme ke ne ka lemoga gore lebanta le ne le senyegile; le ne le se na mosola gotlhelele.  Go tswa foo, Jehofa o ne a nthaya a re:  “Seno ke se Jehofa a se buang: ‘Ke tla fedisa boikgogomoso jwa Juda le boikgogomoso jo bogolo jwa Jerusalema ka tsela e e tshwanang.+ 10  Batho bano ba ba bosula ba ba ganang go ikobela mafoko a me,+ ba ka botlhogoethata ba salang dipelo tsa bone morago,+ le ba ba salang medimo e mengwe morago, ba e direla e bile ba e ikobela, ba tla nna fela jaaka lebanta leno le le se nang mosola.’ 11  Jehofa a re, ‘Gonne fela jaaka lebanta le ngaparela lotheka lwa motho, ka tsela e e tshwanang ke dirile gore batho botlhe ba Iseraele le batho botlhe ba Juda ba nngaparele, gore ba tle ba nne setšhaba sa me,+ kgalalelo ya me,+ pako ya me le sengwe se se ka ntlisetsang tlotlo. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba inkobela.’+ 12  “Mme gape o ba bolelele molaetsa ono o re, ‘Seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang: “Nkgo nngwe le nngwe e kgolo e tshwanetse go tladiwa ka beine.”’ Mme ba tla go araba ba re, ‘A ga re itse gore nkgo nngwe le nngwe e kgolo e tshwanetse go tladiwa ka beine?’ 13  Foo o ba reye o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “Jaanong ke tlaletsa banni botlhe ba lefatshe leno ka beine go fitlha ba tagwa,+ mmogo le dikgosi tse di nnang mo setulong sa ga Dafide sa bogosi, baperesiti le baporofeti le banni botlhe ba Jerusalema. 14  Mme ke tla thubaganya mongwe mo go yo mongwe, borre le barwa ka tsela e e tshwanang,” go bua Jehofa.+ “Ga nkitla ke ba tlhomogela pelo kgotsa ke ba rekegela kgotsa ke ba utlwela botlhoko; ga go na sepe se se tla nthibelang go ba senya.”’+ 15  Utlwang mme lo tlhwaye tsebe. Lo se ka lwa nna mabela, ka gonne Jehofa o buile. 16  Galaletsang Jehofa, Modimo wa lonaPele ga a tlisa lefifiLe pele ga dinao tsa lona di kgopiwa mo dithabeng ka lotlatlana. Lo tla solofela gore go nne lesedi,Mme o tla tlisa moriti o montsho;O tla dira gore o nne lefifi le lentshontsho.+ 17  Mme fa lo gana go reetsa,Ke tla lelela mo sephiring ka ntlha ya boikgogomoso jwa lona. Ke tla tsholola dikeledi, e bile matlho a me a tla elela dikeledi,+Ka gonne letsomane la ga Jehofa+ le isitswe botshwarwa. 18  Raya kgosi le mohumagadi o re,+ ‘Nnang mo lefelong le le kwa tlase,Gonne serwalo sa lona se sentle se tla wa mo tlhogong ya lona.’ 19  Metse ya borwa e tswetswe,* mme ga go na ope yo o ka e bulang. Batho botlhe ba Juda ba isitswe botshwarwa, ba isitswe botshwarwa botlhe fela.+ 20  Tsholetsa matlho a gago mme o bone ba ba tswang kwa bokone.+ Letsomane le o neng o le neilwe le kae, e leng dinku tsa gago tse dintle?+ 21  O tla reng fa katlholo e go tlelaE tswa kwa bathong ba o neng o ntse o ba tsaya e le ditsala tse o atamalaneng thata le tsone?+ A ga o kitla o nna le ditlhabi tsa pelegi tse di tshwanang le tsa mosadi yo o belegang?+ 22  Mme fa o buela mo pelong o re, ‘Goreng ke diragaletswe ke dilo tseno?’+ Ke ka ntlha ya molato wa gago o mogolo go bo mosese wa gago o gagogile kwa tlase+ Le direthe tsa gago di utlwile botlhoko. 23  A Mokushe* a ka fetola letlalo la gagwe, kgotsa a lengau le ka fetola marontho a lone?+ Fa go le jalo, le lona lo ka kgona go dira molemo,Lona ba lo katiseditsweng go dira bosula. 24  Ka jalo, ke tla ba gasamisa jaaka lotlhaka lo lo phepheulwang ke phefo ya sekaka.+ 25  Seno ke kabelo ya gago, karolo e ke e go lekanyeditseng,” go bua Jehofa,“Ka gonne o ntebetse+ e bile o ikanya maaka.+ 26  Ka jalo, ke tla tsholetsa mosese wa gago kwa tlase ke bo ke go khurumetsa ka one mo sefatlhegong,Mme ditlhong tsa gago di tla bonwa.+ 27  Mme ditiro tsa gago tsa boaka+ le keletso ya gago e kgolo ya tlhakanelodikobo,E leng boaka jwa gago jo bo maswe,* le tsone di tla bonwa. Ke bone boitshwaro jwa gago jo bo ferosang sebete+Mo dithoteng le mo nageng. Ruri go latlhega wena, Jerusalema! O tla tswelela o itshekologile ka lobaka lo lo kae?”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “dikaganyeditswe.”
Kgotsa “Moethiopia.”
Kgotsa “jo bo tlhabisang ditlhong.”