Jeremia 14:1-22

  • Komelelo, leuba le tšhaka (1-12)

  • Baporofeti ba ba porofetang maaka ba a kgalwa (13-18)

  • Jeremia o bolela maleo a batho (19-22)

14  Seno ke se Jehofa a neng a se bolelela Jeremia ka leuba:+   Juda o hutsafetse,+ mme dikgoro tsa gagwe di tlhokomologilwe. Di wetse fa fatshe di kotlomane pelo,E bile selelo se tlhatloga se tswa mo Jerusalema.   Mme beng ba bone ba roma batlhanka* ba bone go ya go ga metsi. Ba ya kwa didibeng,* mme ba fitlhela go se na metsi. Ba boa ka dinkgo di se na sepe. Ba tlhabilwe ke ditlhong e bile ba swabile,Mme ba ikhurumetsa ditlhogo.   E re ka lefatshe le phaphaletseKa gonne go se na pula mo lefatsheng,+Balemirui ba hutsafetse e bile ba ikhurumetsa ditlhogo.   Tota le kgama e namagadi mo nageng e tlogela ngwana wa yone e sa tswa go mo tsalaKa gonne go se na bojang.   Ditonki tsa naga di eme mo dithoteng tse di sa tlhogang sepe. Di dupelela phefo jaaka bophokoje;Matlho a tsone a a koafala ka gonne di nna di batla dimela mme ga di di bone.+   Le fa gone melato ya rona e bontsha gore re phoso,Tlhe Jehofa, re thuse ka ntlha ya leina la gago.+ Gonne ditiro tsa rona tsa go sa ikanyege di dintsi,+E bile re leofetse wena.   Ao tlhe wena tsholofelo ya Iseraele, Mmoloki wa gagwe+ ka dinako tsa matshwenyego,Ke ka ntlha yang fa o tshwana le motswakwa mo lefatsheng leno,O tshwana le motsamai yo o emang go se kae gore a latse tlhogo bosigo?   Ke ka ntlha yang fa o tshwana le motho yo o akabetseng,O tshwana le monna yo o maatla yo o sa kgoneng go boloka batho ba gagwe? Gonne o na le rona, wena Jehofa,+E bile re ntse re bidiwa ka leina la gago.+ O se ka wa re latlha. 10  Seno ke se Jehofa a se buang ka batho bano: “Ba rata go kgarakgatshega;+ ga ba a thiba dinao tsa bone.+ Ka jalo, Jehofa ga a ba itumelele.+ Jaanong o tla gakologelwa molato wa bone a bo a ba otlhaela maleo a bone.”+ 11  Go tswa foo, Jehofa o ne a nthaya a re: “O se ka wa rapelela gore batho bano ba diragalelwe ke dilo tse di molemo.+ 12  Fa ba itima dijo, ga ke reetse dikopo tse ba di dirang ka tlhoafalo,+ e bile fa ba ntsha ditlhabelo tse di fisiwang di feletse le ditlhabelo tsa dijo tsa ditlhaka, ga ke di itumelele,+ ka gonne ke tla ba fedisa ka tšhaka, ka leuba le ka bolwetse jwa leroborobo.”+ 13  Foo ke ne ka re: “Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa! Mme gone baporofeti ba ba raya ba re, ‘Ga lo kitla lo bona tšhaka, e bile ga lo kitla lo tlelwa ke leuba, mme Modimo o tla lo naya kagiso ya boammaaruri mo lefelong leno.’”+ 14  Go tswa foo, Jehofa o ne a nthaya a re: “Baporofeti ba porofeta maaka ka leina la me.+ Ga ke a ba roma, ga ke a ba laela sepe e bile ga ke a bua le bone sepe.+ Ba lo porofetela ponatshegelo ya maaka le boitseanape jo bo se nang mosola le tsietso ya pelo ya bone.+ 15  Ka jalo, seno ke se Jehofa a se buang: ‘Fa e le baporofeti ba ba porofetang ka leina la me mme gone ke sa ba roma, le ba ba reng ga go kitla go tla tšhaka kgotsa leuba mo lefatsheng leno, baporofeti bao ba tla fedisiwa ka tšhaka le leuba.+ 16  Mme batho ba ba ba porofetelang ba tla latlhelwa kwa ntle mo mebileng ya Jerusalema ka ntlha ya leuba le tšhaka, go se na ope yo o ba fitlhang:+ bone, basadi ba bone, bomorwaabone kgotsa bomorwadiabone, ka gonne ke tla ba tshololela masetlapelo a a ba tshwanelang.’+ 17  “O ba bolelele mafoko ano o re,‘A matlho a me a elele dikeledi bosigo le motshegare, a a se ka a kgaotsa,+Gonne morwadia batho ba me wa kgarebane o thubagane e bile o robegile,+O dule ntho e e maswe. 18  Fa ke tswela kwa nageng ke bo ke leba,Ke bona ba ba bolailweng setlhogo ka tšhaka!+ Mme fa ke tsena mo motseng,Ke bona malwetse a a bakilweng ke leuba!+ Gonne baporofeti le baperesiti ba ile go kgarakgatshega kwa lefatsheng le ba sa le itseng.’”+ 19  A o latlhile Juda gotlhelele, kgotsa a o tlhoile Siona?+ Ke ka ntlha yang fa o re iteile mo re sa kgoneng go fola?+ Re ne re solofetse kagiso, mme ga go a tla sepe se se molemo,Re ne re solofetse nako ya phodiso, mme go na le letshogo!+ 20  Re lemoga bosula jwa rona, tlhe JehofaLe melato ya borraaronamogolo,Gonne re go leofetse.+ 21  O se ka wa re latlha ka ntlha ya leina la gago;+O se ka wa dira gore setulo sa gago sa bogosi se se galalelang se nyatsege. Gakologelwa kgolagano e o e dirileng le rona mme o se ka wa e tlola.+ 22  A go na le modingwana ope o o se nang mosola wa ditšhaba o o ka nesang pula,Kgotsa a magodimo a ka nesa dipula tsa medupe ka boone fela? A ga se wena fela yo o ka dirang seo, wena Jehofa, Modimo wa rona?+ Mme re solofetse mo go wena,Gonne wena o le esi o dirile dilo tseno tsotlhe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba babotlana.”
Kgotsa “kwa meseleng; kwa dikhuting tsa go bolokela metsi.”