Jeremia 18:1-23

  • Letsopa mo diatleng tsa mmopi wa letsopa (1-12)

  • Jehofa o fularela Iseraele (13-17)

  • Jeremia o logelwa leano; o a rapela (18-23)

18  Leno ke lefoko le le neng la tla mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa:  “Ema mme o ye kwa ntlong ya mmopi wa letsopa,+ fa o le koo ke tla dira gore o utlwe mafoko a me.”  Ka jalo, ke ne ka ya kwa ntlong ya mmopi wa letsopa, mme ka mo fitlhela a bopa letsopa.  Mme sejana se mmopi wa letsopa a neng a se bopa se ne sa senyega fa a ntse a se bopa. Ka jalo, mmopi wa letsopa o ne a se bopa gape a se dira sejana se sengwe, fela jaaka a ne a bona go tshwanela.*  Go tswa foo, Jehofa o ne a nthaya a re:  “‘A ga ke kgone go lo dira fela jaaka mmopi yono wa letsopa a dirile, lona Baiseraele?’ go bua Jehofa. ‘Fela jaaka letsopa le ntse mo seatleng sa mmopi wa letsopa, le lona lo ntse jalo mo seatleng sa me, lona Baiseraele.+  Nako le nako fa ke re ke tla kumola, ke tla diga le go senya setšhaba kgotsa bogosi bongwe,+  mme setšhaba seo se bo se tlogela bosula jwa sone jo ke buileng gore ke tla se atlholela jone, le nna ke tla fetola mogopolo ka* masetlapelo a ke neng ke ikaeletse go a tlisetsa setšhaba seo.+  Le fa go ntse jalo, nako le nako fa ke re ke tla aga ke bo ke jala setšhaba kgotsa bogosi bongwe, 10  mme setšhaba seo se dira se se bosula mo matlhong a me e bile se sa ikobele lentswe la me, le nna ke tla fetola mogopolo ka* molemo o ke neng ke ikaeletse go se o direla.’ 11  “Tsweetswee, jaanong bolelela batho ba Juda le banni ba Jerusalema o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “Bonang, ke lo baakanyetsa* masetlapelo e bile ke lo logela leano. Tsweetswee, tlogelang ditsela tsa lona tse di bosula, mme lo fetole ditsela tsa lona le ditiro tsa lona.”’”+ 12  Le fa go ntse jalo, ba ne ba re: “Ga go na mosola!+ Gonne re tla sala dikakanyo tsa rona morago, e bile mongwe le mongwe wa rona o tla dira dilo go dumalana le pelo ya gagwe e e kgwaraletseng e e bosula.”+ 13  Ka jalo, seno ke se Jehofa a se buang: “Tsweetswee, botsang mo ditšhabeng. Ke mang yo o utlwileng sengwe se se tshwanang le seno? Kgarebane ya Iseraele e dirile selo se se maswe thata.+ 14  A kapoko ya Lebanona e tla gakologa mo mafikeng a a mo mekgokoloseng ya gagwe? Kgotsa a metsi a a tsiditsana a a elelang a tswa kgakala a tla kgala? 15  Le fa go ntse jalo, batho ba me ba ntebetse.+ Gonne ba ntshetsa sengwe se se se nang mosola ditlhabelo,*+E bile ba dira gore batho ba kgopiwe mo ditseleng tsa bone, mo ditselaneng tsa bogologolo,+Gore ba tsamaye mo ditseleng tse di kwa thoko tse di sa rethefadiwang e bile di sa lekalekanngwa,* 16  E le gore ba tle ba dire naga ya bone selo se se tshosang+Le selo se se lelediwang molodi ka bosakhutleng.+ Mongwe le mongwe yo o fetang fa go yone o tla e tlhoma matlho a tshogile a bo a tshikinya tlhogo.+ 17  Ke tla ba gasamisa fa pele ga mmaba jaaka phefo ya botlhaba. Ke tla ba tlogela mo letsatsing la fa ba lebane le matlhotlhapelo.”+ 18  Mme ba ne ba re: “Tlang, a re logeleng Jeremia leano la boferefere,+ ka gonne molao* ga o kitla o nyelela mo baperesiting ba rona le kgakololo ga e kitla e nyelela mo bathong ba ba botlhale le lefoko ga le kitla le nyelela mo baporofeting. Tlang, a re mo latofatseng* mme re se ka ra tlhwaela tsebe se a se buang.” 19  Ao tlhe Jehofa, ntlhwaele tsebe,Mme o reetse se baganetsi ba me ba se buang. 20  A molemo o tshwanetse go duelelwa ka bosula? Gonne ba nkepetse khuti.+ Gakologelwa kafa ke neng ka ema fa pele ga gago ka gone gore ke bue se se molemo ka bone,Gore ke fapose bogale jwa gago mo go bone. 21  Ka jalo, dira gore bomorwaabone ba bolawe ke leuba,O bo o dire gore ba bolawe ka tšhaka.+ E kete basadi ba bone ba ka swelwa ke bana le banna.+ E kete banna ba bone ba ka bolawa ke bolwetse jo bo kotsi,Makawana a bone a kgemethiwa ka tšhaka kwa tlhabanong.+ 22  A go utlwiwe selelo mo matlong a boneFa o ba tlisetsa dirukutlhi ka tshoganyetso. Gonne ba nkepetse khuti gore ba ntshwareE bile ba beetse dinao tsa me dirai.+ 23  Le fa go ntse jalo Jehofa,O itse sentle maano otlhe a bone a boferefere a go batla go mpolaya.+ O se ka wa itshwarela molato wa bone,E bile o se ka wa phimola boleo jwa bone. Dira gore ba kgopiwe+Fa o ba otlhaya ka gonne o galefile.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “fela jaaka mmopi wa letsopa a ne a bona go siame mo matlhong a gagwe go dira jalo.”
Kgotsa “ke tla ikwatlhaela.”
Kgotsa “ke tla ikwatlhaela.”
Seheb., “bopela.”
Kgotsa “ba kuisetsa sengwe se se se nang mosola mosi.”
Kgotsa “tse di sa agiwang sentle.”
Seheb., “re mo iteyeng ka loleme.”
Kgotsa “taelo.”