Jeremia 19:1-15

  • Jeremia o laelwa gore a thubaganye nkgwana ya letsopa (1-15)

    • Baale o ntshediwa ditlhabelo ka bana (5)

19  Seno ke se Jehofa a neng a se bua: “Tsamaya mme o ye go ithekela nkgwana ya letsopa kwa mmoping wa letsopa.+ Tsaya bagolwane bangwe mo bathong le bagolwane bangwe mo baperesiting,  mme o ye kwa Mokgatšheng wa ga Morwa Hinoma,+ kwa Kgorong ya Dikgapetla Tsa Letsopa. Mme fa o le koo o bolele mafoko a ke go bolelelang one.  O bue o re, ‘Utlwang lefoko la ga Jehofa, lona dikgosi tsa Juda le lona banni ba Jerusalema. Seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang: “‘“Ke tlisetsa lefelo leno masetlapelo, mme ope fela yo o utlwang ka one, ditsebe tsa gagwe di tla baba.  Ke tla dira seno ka gonne ba ntlogetse+ mme ba dirile gore ke se ka ka lemoga lefelo leno.+ Ba ntshetsa medimo e mengwe ditlhabelo, medimo e bone le borraabonemogolo le dikgosi tsa Juda ba iseng ba ko ba e itse, e bile ba tladitse lefelo leno ka madi a batho ba ba se nang molato.+  Ba agile mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a ga Baale gore ba tle ba fise bomorwaabone mo molelong ba ntshetsa Baale+ ditlhabelo tse di fisiwang di feletse, e leng sengwe se ke neng ke sa se laela, ke sa bua ka sone, e bile ke sa se akanya.”’+  “‘Jehofa a re: “Ka jalo, metlha e etla ya fa lefelo leno le tla bo le sa tlhole le bidiwa Tofethe kgotsa Mokgatšha wa ga Morwa Hinoma, mme le tla bidiwa Mokgatšha wa Polao.+  Ke tla kgoreletsa maikaelelo a Juda le Jerusalema mo lefelong leno, mme ke tla dira gore baba ba bone ba ba bolaye ka tšhaka le gore ba bolaye ba ba batlang go ba bolaya. Mme ke tla dira gore ditopo tsa bone di jewe ke dinonyane tsa magodimo le dibatana tsa lefatshe.+  Ke tla dira gore motse ono e nne selo se se tshosang le selo se se lelediwang molodi. Mongwe le mongwe yo o fetang fa go one o tla o tlhoma matlho a tshogile a bo a letsa molodi ka ntlha ya dipetso tsotlhe tse di wetseng motse ono.+  Ke tla dira gore ba je nama ya bomorwaabone le ya bomorwadiabone, mme mongwe le mongwe o tla ja nama ya motho yo mongwe ka gonne ba tla bo ba le mo kgatelelong le mo matshwenyegong a a bakiwang ke baba ba bone le ba ba batlang go ba bolaya.”’+ 10  “Go tswa foo, o thubaganye nkgwana eo fa pele ga matlho a batho ba ba tsamayang le wena, 11  o bo o ba raya o re, ‘Seno ke se Jehofa wa masomosomo a se buang: “Ke tla thubaganya batho bano le motse ono, jaaka mmopi wa letsopa a thuba sejana mo se ka se tlholeng se baakanngwa; mme ba tla fitlha baswi mo Tofethe go fitlha go sa tlhole go na le lefelo lepe le le setseng.” ’+ 12  “Jehofa a re, ‘Ke tla dira fela jalo ka lefelo leno le banni ba lone, gore motse ono o nne jaaka Tofethe. 13  Mme matlo a Jerusalema le matlo a dikgosi tsa Juda a tla itshekologa fela jaaka lefelo leno la Tofethe,+ e leng matlo otlhe a ba neng ba ntshetsa ditlhabelo mo marulelong a one, ba di ntshetsa lesomosomo lotlhe la magodimo+ le a ba neng ba tshelela medimo e mengwe ditlhabelo tsa senô mo go one.’”+ 14  Fa Jeremia a boa kwa Tofethe kwa Jehofa a neng a mo romile teng gore a ye go porofeta, o ne a ema mo lolwapeng lwa ntlo ya ga Jehofa a bo a raya batho botlhe a re: 15  “Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a re, ‘Jaanong ke tlisetsa motse ono le metsana yotlhe ya one masetlapelo otlhe a ke buileng gore ke tla a tlisa, ka gonne ka botlhogoethata ba ganne go* ikobela mafoko a me.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ka gonne ba thathafaditse thamo ya bone gore ba se ka ba.”