Jeremia 20:1-18

  • Pashure o itaya Jeremia (1-6)

  • Jeremia ga a kgone go tlogela go rera (7-13)

    • Molaetsa wa Modimo o tshwana le molelo o o tukang (9)

    • Jehofa ke motlhabani yo o maatla (11)

  • Jeremia o a ngongorega (14-18)

20  Jaanong Pashure morwa Imere, yo e leng moperesiti, yo gape e neng e le molaodi yo mogolo mo ntlong ya ga Jehofa, o ne a reeditse fa Jeremia a porofeta dilo tseno.  Go tswa foo, Pashure o ne a itaya moporofeti Jeremia a bo a mo tsenya mo dikoteng tsa go golega*+ tse di neng di le kwa Kgorong e e Kwa Godimo ya Benjamine, e e neng e le mo ntlong ya ga Jehofa.  Le fa go ntse jalo, mo letsatsing le le latelang fa Pashure a ntsha Jeremia mo dikoteng tsa go golega, Jeremia o ne a mo raya a re: “Jehofa ga a kitla a tlhola a go bitsa Pashure, mme o tla go bitsa Letshogo Gotlhe Fela.+  Seno ke se Jehofa a se buang: ‘Ke tla dira gore wena le ditsala tsotlhe tsa gago lo boife ka ntlha ya se se tla go diragalelang, mme baba ba bone ba tla ba bolaya ka tšhaka o ntse o lebile;+ ke tla tsenya batho botlhe ba Juda mo seatleng sa kgosi ya Babelona, mme o tla ba isa botshwarwa kwa Babelona a bo a ba kgemetha ka tšhaka.+  Dikhumo tsotlhe tsa motse ono, dithoto tsotlhe tsa one, dilo tsotlhe tsa one tse di tlhwatlhwakgolo le matlotlo otlhe a dikgosi tsa Juda, ke tla di tsenya mo seatleng sa baba ba bone.+ Mme ba tla di gapa ba bo ba di tsaya ba di isa kwa Babelona.+  Mme wena Pashure, le botlhe ba ba mo lelapeng la gago, lo tla isiwa botshwarwa. Lo tla isiwa kwa Babelona e bile lo tla swela teng, mme wena le ditsala tsotlhe tsa gago lo tla fitlhelwa teng, ka gonne o ba porofetetse maaka.’”+   O ntsieditse Jehofa, mme ke ne ka tsietsega. O ne wa dirisa nonofo ya gago kgatlhanong le nna, mme wa fenya.+ Batho ba nja ditshego letsatsi lotlhe;Mongwe le mongwe o a ntshotla.+   Gonne nako le nako fa ke bua, ke tshwanelwa ke go goa ke re,“Thubakanyo le tshenyo!” Gonne ke ne ka tlhapadiwa le go sotliwa letsatsi lotlhe ka ntlha ya lefoko la ga Jehofa.+   Ka jalo, ke ne ka re: “Ga ke na go mo umaka,E bile ga nkitla ke tlhola ke bua ka leina la gagwe.”+ Mme mo pelong ya me lefoko la gagwe le ne la nna jaaka molelo o o tukang o o tswaletsweng mo marapong a me,Ke ne ke lapisitswe ke go didimala;Ke ne ke sa tlhole ke kgona go itshoka.+ 10  Gonne ke ne ka utlwa magatwe a mantsi a a bosula;Ke ne ke aparetswe ke letshogo.+ Ba re, “Mo latofatseng; a re mo latofatseng!” Motho mongwe le mongwe yo o neng a itira e kete o na le kagiso le nna o ne a letetse gore ke dire sengwe se se phoso,+ a re: “Gongwe o tla dira phoso ya boeleele,Mme re tla fenya re bo re ipusolosetsa mo go ene.” 11  Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a na le nna jaaka motlhabani yo o maatla.+ Ke gone ka moo ba ba mpogisang ba tla kgopiwang e bile ba se kitla ba fenya.+ Ba tla tlhabiwa ke ditlhong thata, ka gonne ga ba kitla ba atlega. Ba tla tlontlologa ka bosakhutleng mme seo ga se kitla se lebalwa.+ 12  Mme wena Jehofa wa masomosomo, o tlhatlhoba yo o siameng;O bona dikakanyo tse di kwa tengteng* le pelo.+ E kete nka bona fa o mpusolosetsa mo go bone,+Gonne ke go itsisitse kgang ya me.+ 13  Opelelang Jehofa! Bakang Jehofa! Gonne o golotse mohumanegi mo seatleng sa badirabosula. 14  A go hutsege letsatsi le ke tshotsweng ka lone! E kete letsatsi le mmê a mpelegeng ka lone le ka se segofale!+ 15  A go hutsege monna yo o neng a tlisetsa rre dikgang tse di molemo, a re: “O tsholetswe ngwana wa mosimane!” A dira gore a itumele thata. 16  E kete monna yoo a ka tshwana le metse e Jehofa a neng a e senya a bo a sa ikwatlhaye. E kete a ka utlwa selelo mo mosong le mokgosi wa tlhagiso motshegare. 17  Ke ka ntlha yang fa a ne a sa mpolaele mo popelong,Gore popelo ya ga mmê e nne lebitla la meLe gore a se ka a ntshola?+ 18  Ke ka ntlha yang fa ke ile ka tshwanelwa ke go tswa mo popelongGore ke bone mathata le khutsafalo,Gore botshelo jwa me bo felele ka matlhabisaditlhong?+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “maikutlo a a kwa teng thata.” Seheb., “diphilo.”