Jeremia 21:1-14

  • Jehofa ga a neye Sedekia se a se batlang (1-7)

  • Batho ba tshwanetse go tlhopha botshelo kgotsa loso (8-14)

21  Jeremia o ne a amogela lefoko leno le le tswang kwa go Jehofa fa Kgosi Sedekia+ a ne a roma Pashure+ morwa Malekija le Sefania+ morwa Maaseia, yo e leng moperesiti, kwa go ene a mo kopa a re:  “Tsweetswee re boletse mo go Jehofa, ka gonne Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona o batla go tlhabana le rona.+ Gongwe Jehofa o tla re direla kgakgamatso jaaka mo nakong e e fetileng, gore a se ka a re tlhasela.”+  Jeremia o ne a ba raya a re: “Lo reye Sedekia lo re,  ‘Seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang: “Jaanong ke dira gore dibetsa tsa ntwa tse di mo diatleng tsa lona di lwe le lona, tse lo tlhabanang le kgosi ya Babelona+ ka tsone le Bakaladia ba ba kwa ntle ga lobota ba ba lo dikologileng. Mme ke tla phuthela dibetsa tsa ntwa mo gare ga motse ono.  Mme ke tla tlhabana le lona+ ka seatla se se otlologileng le ka lebogo le le nonofileng, ke galefile, ke shakgetse e bile ke gaketse thata.+  Ke tla kgemetha banni ba motse ono, motho mmogo le phologolo. Ba tla bolawa ke bolwetse jwa leroborobo jo bogolo.”’+  “‘Jehofa a re, “Mme morago ga moo, Kgosi Sedekia wa Juda le batlhanka ba gagwe le batho ba motse ono, ba ba sa bolawang ke bolwetse jwa leroborobo, tšhaka le leuba, ke tla ba tsenya mo seatleng sa ga Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona. Ke tla ba tsenya mo seatleng sa baba ba bone le mo seatleng sa ba ba batlang go ba bolaya.+ O tla ba kgemetha ka tšhaka. Ga a kitla a ba rekegela, kgotsa a ba tlhomogela pelo le fa e le go ba utlwela botlhoko.”’+  “Mme o reye batho bano o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “Bonang, ke baya tsela ya botshelo le tsela ya loso fa pele ga lona.  Ba ba salang mo motseng ono ba tla bolawa ke tšhaka, ke leuba le ke bolwetse jwa leroborobo. Mme yo o tswelang kwa ntle ga motse a bo a ineela mo Bakaladieng ba ba lo dikologileng o tla tswelela a tshela, mme botshelo jwa gagwe bo tla bolokwa.”’*+ 10  “‘Jehofa a re, “Ke latlhile motse ono mme ke tla o tlisetsa masetlapelo,+ e seng molemo. O tla tsenngwa mo seatleng sa kgosi ya Babelona,+ mme e tla o fisa ka molelo.”+ 11  “‘O reye ba ntlo ya kgosi ya Juda o re: Utlwang lefoko la ga Jehofa. 12  Lona ba ntlo ya ga Dafide, seno ke se Jehofa a se buang: “Diragatsang tshiamiso moso mongwe le mongwe,Lo bo lo golole yo o thukuthiwang mo seatleng sa motsietsi,+Gore bogale jwa me bo se ka jwa tuka jaaka molelo+Mme jwa fisa go se na yo o ka bo timangKa ntlha ya ditiro tsa lona tse di bosula.”’+ 13  ‘Jaanong ke tla go otlhaya, wena yo o nnang mo mokgatšheng,*Wena lefika la naga e e lebala,’ go bua Jehofa. ‘Fa e le lona ba lo reng: “Ke mang yo o tla fologang a tla go re lwantsha? E bile ke mang yo o tla tlhaselang dikago tsa rona?” 14  Ke tla lo atlholaGo ya ka ditiro tsa lona,’+ go bua Jehofa. ‘Ke tla tshuba sekgwa sa gago ka molelo,Mme molelo oo o tla laila dilo tsotlhe tse di go dikologileng.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Seheb., “mme botshelo jwa gagwe e tla nna thopo ya gagwe.”
Kgotsa “mo lebaleng le le kwa tlase.”