Jeremia 22:1-30

  • Melaetsa ya katlholo e e tla tlelang dikgosi tse di bosula (1-30)

    • Molaetsa o o ka ga Shalume (10-12)

    • Molaetsa o o ka ga Jehoiakime (13-23)

    • Molaetsa o o ka ga Konia (24-30)

22  Seno ke se Jehofa a se buang: “Ya kwa ntlong ya kgosi* ya Juda, mme o bolele molaetsa ono.  O bue o re, ‘Utlwa lefoko la ga Jehofa, wena kgosi ya Juda yo o nnang mo setulong sa bogosi sa ga Dafide, wena le batlhanka ba gago le batho ba gago ba ba tsenang ka dikgoro tseno.  Seno ke se Jehofa a se buang: “Diragatsang tshiamiso le tshiamo. Gololang yo o thukuthiwang mo seatleng sa motsietsi. Lo se ka lwa bogisa motswakwa ope, e bile lo se ka lwa utlwisa botlhoko khutsana* kgotsa motlholagadi.+ Lo se ka lwa bolaela motho ope yo o se nang molato mo lefelong leno.+  Gonne fa lo ka tlhomamisa gore lo ikobela lefoko leno, foo dikgosi tse di nnang mo setulong sa bogosi sa ga Dafide+ di tla tsena ka dikgoro tsa ntlo eno, di palame dikara le dipitse, tsone le batlhanka ba tsone le batho ba tsone.”’+  “Jehofa a re, ‘Mme fa lo ka se ikobele mafoko ano, ke ikana ka nna gore ntlo eno e tla fetoga marope.’+  “Gonne seno ke se Jehofa a se buang ka ga ntlo ya kgosi ya Juda: ‘Mo go nna, o tshwana fela le Gileade,O tshwana le setlhoa sa thaba ya Lebanona. Mme ke tla go dira naga fela;Ga go na motse ope wa gago o o tla nniwang.+   Mme ke tla go romelela* ba ba senyang,Mongwe le mongwe wa bone a tshotse dibetsa tsa gagwe.+ Ba tla rema masedara a gago a a a gaisang otlheBa bo ba a digela mo molelong.+  “‘Ditšhaba di le dintsi di tla feta fa motseng ono di bo di raana di re: “Ke ka ntlha yang fa Jehofa a dirile motse ono o mogolo jaana?”+  Mme batho ba bangwe ba tla araba ba re: “Ke ka ntlha ya gore ba ne ba tlogela kgolagano ya ga Jehofa, Modimo wa bone ba bo ba ikobela medimo e mengwe le go e direla.”’+ 10  Lo se ka lwa lelela yo o suleng,E bile lo se ka lwa mo utlwela botlhoko. Go na le moo, lelelang yo o tsamayang,Gonne ga a kitla a tlhola a boa a tla go bona lefatshe le a tsholetsweng mo go lone. 11  “Gonne seno ke se Jehofa a se buang ka ga Shalume*+ morwa Josia, kgosi ya Juda yo o busang mo boemong jwa ga rraagwe e bong Josia,+ yo o duleng mo lefelong leno: ‘Ga a kitla a tlhola a boela fano. 12  Gonne o tla swela kwa lefelong le ba mo isitseng botshwarwa kwa go lone, mme ga a kitla a tlhola a bona lefatshe leno gape.’+ 13  Ruri go latlhega yo o agang ntlo ya gagwe a sa diragatse tshiamo,Le yo o agang matlwana a gagwe a a kwa godimo ka tshiamololo,Yo o dirang gore motho yo mongwe a mmerekele mahala,A gana go mo duela;+ 14  Ene yo o reng, ‘Ke tla ikagela ntlo e kgoloE e nang le matlwana a a kwa godimo a a bulegileng. Ke tla e tsenya difensetere,Ke tla e manega ka dikgong tsa mosedara ke bo ke e penta ka pente e khibidu.’ 15  A o tla tswelela o busa ka gonne o dirisa masedara a mantsi go feta ba bangwe? Rrago le ene o ne a ja e bile a nwa,Le fa go ntse jalo, o ne a diragatsa tshiamiso le tshiamo,+Mme dilo di ne di mo tsamaela sentle. 16  O ne a tlhomamisa gore yo o bogisiwang le mohumanegi ba direlwa tshiamiso fa ba atlholwa. Mo e leng gore dilo di ne di tsamaya sentle. ‘A ga a dira seo ka gonne a nkitse?’ go bua Jehofa. 17  ‘Mme wena o tlhomile matlho a gago le pelo ya gago fela mo go humeng ka boferefere,Mo go tshololeng madi a a se nang molatoLe mo go direng boferefere le go tsaya ka dikgoka.’ 18  “Ka jalo, seno ke se Jehofa a se buang ka ga Jehoiakime+ morwa Josia, kgosi ya Juda,‘Ga ba kitla ba mo hutsafalela ba re: “Ao, morwarre! Ijoo morwadiarre!” Ga ba kitla ba mo hutsafalela ba re: “Ijoo, mong wa rona! Ijoo, seriti sa gagwe se ole!” 19  O tla fitlhwa jaaka fa go fitlhwa tonki,+A gogwagogwa a bo a latlhelwaKwa ntle ga dikgoro tsa Jerusalema.’+ 20  Tlhatlogela kwa Lebanona mme o goe,Tsholetsa lentswe la gago kwa Bashana,O bo o goe go tswa kwa Abarime,+Ka gonne botlhe ba ba go ratang thata ba thubagantswe.+ 21  Ke ne ka bua le wena fa o ne o ikutlwa o sireletsegile. Mme o ne wa re, ‘Ga nkitla ke go ikobela.’+ Seno e ntse e le mokgwa wa gago go tswa bosheng jwa gago,Gonne ga o a ka wa ikobela lentswe la me.+ 22  Phefo e tla phepheula badisa botlhe ba gago,+Mme ba ba go ratang thata ba tla isiwa botshwarwa. Ka nako eo o tla tlhabiwa ke ditlhong o bo o tlontlologa ka ntlha ya masetlapelo otlhe a a tla go welang. 23  Wena yo o nnang mo Lebanona,+Yo o agileng mo gare ga masedara,+Ruri o tla tlhomola pelo fa o tlelwa ke ditlhabi tse dikgolo,Fa o tlelwa ke matshwenyego* a a tshwanang le a mosadi yo o belegang!”+ 24  “Jehofa a re, ‘Ke ikana ka nna, tota le fa wena Konia*+ morwa Jehoiakime,+ kgosi ya Juda, o ne o le palamonwana e e tshwayang mo seatleng sa me sa moja, ke ne ke tla go somola teng koo! 25  Ka jalo, ke tla go tsenya mo seatleng sa ba ba batlang go go bolaya, mo seatleng sa ba o ba tshabang, mo seatleng sa ga Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona le mo seatleng sa Bakaladia.+ 26  Mme wena le mmago yo o go belegeng ke tla lo latlhela kwa nageng e nngwe e lo sa tsholelwang kwa go yone, mme lo tla swela teng. 27  Mme ga lo kitla lo boela kwa nageng e lo eletsang go boela kwa go yone.+ 28  A monna yono Konia ke pitsa fela e e thubegileng, e e nyatsegang,Sejana se se sa kgatlhegelweng ke ope? Ke ka ntlha yang fa ene le ditlogolwana tsa gagwe ba digetswe fa fatsheE bile ba latlhetswe kwa nageng e ba sa e itseng?’+ 29  Wena lefatshe,* lefatshe, lefatshe, utlwa lefoko la ga Jehofa. 30  Seno ke se Jehofa a se buang: ‘Kwalang gore monna yono ke yo o se nang bana,Ke monna yo o se kitlang a atlega ka gope mo botshelong* jwa gagwe,Gonne ga go na ope wa ditlogolwana tsa gagwe yo o tla kgonangGo nna mo setulong sa bogosi sa ga Dafide a bo a busa mo Juda gape.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”
Seheb., “ngwana ope yo o se nang rre.”
Seheb., “ke tla itshepisetsa.”
Gape o bidiwa Jehoahase.
Seheb., “ke ditlhabi tsa pelegi.”
Gape o bidiwa Jehoiakine le Jekonia.
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Kgotsa “naga.”
Seheb., “mo malatsing.”