Jeremia 24:1-10

  • Difeige tse di siameng le tse di sa siamang (1-10)

24  Go tswa foo, Jehofa o ne a mpontsha dimmanki tse pedi tsa difeige di beilwe fa pele ga tempele ya ga Jehofa, fa Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona a sena go tsaya Jekonia*+ morwa Jehoiakime,+ kgosi ya Juda, mmogo le dikgosana tsa Juda, badiri ba ba ditswerere le badirakatshipi* a bo a ba isa botshwarwa; o ne a ba tsaya mo Jerusalema mme a ba isa kwa Babelona.+  Mmanki o mongwe o ne o na le difeige tse di siameng, tse di tshwanang le difeige tsa mabutswapele, mme mmanki o mongwe o ne o na le difeige tse di sa siamang gotlhelele, di sa siama mo di neng di ka se ka tsa jewa.  Foo Jehofa o ne a mpotsa jaana: “Jeremia, o bona eng?” Ka jalo, ke ne ka re: “Difeige; difeige tse di siameng di siame thata, mme tse di sa siamang tsone, ga di a siama gotlhelele mo e leng gore di ka se jewe.”+  Go tswa foo, Jehofa o ne a nthaya a re:  “Jehofa, Modimo wa Iseraele a re, ‘Fela jaaka difeige tseno tse di siameng, ke tla leba batshwarwa ba Juda ba ke ba ntshitseng mo lefelong leno ke ba isa kwa lefatsheng la Bakaladia, ba le molemo.  Ke tla nna ke ba tlhomile matlho ka gonne ba siame, mme ke tla ba busetsa mo lefatsheng leno.+ Ke tla ba aga, mme ga ke nkitla ke ba rutlolola; ke tla ba jala, mme ga nkitla ke ba kumola.+  Ke tla dira gore ba eletse go nkitse sentle, ba itse gore ke nna Jehofa.+ Ba tla nna batho ba me, mme nna ke tla nna Modimo wa bone,+ ka gonne ba tla boela mo go nna ka pelo yotlhe.+  “‘Mme seno ke se Jehofa a se buang ka difeige tse di sa siamang mo di ka se kang tsa jewa:+ “Eo ke tsela e ke tla lebang Kgosi Sedekia+ wa Juda, dikgosana tsa gagwe, masalela a Jerusalema a a setseng mo lefatsheng leno le ba ba nnang mo lefatsheng la Egepeto ka yone.+  Ke tla dira gore magosi otlhe a lefatshe a tshoge fa a bona masetlapelo a ke ba tlisetsang one.+ Batho ba tla ba kgoba; ba tla bua ka bone e le sekao sa batho ba ba wetsweng ke masetlapelo; batho ba tla ba sotla e bile ba tla hutsiwa+ gongwe le gongwe kwa ke ba phatlalaletsang gone.+ 10  Mme ke tla letla gore ba bolawe ke tšhaka,+ ke leuba le bolwetse jwa leroborobo+ go fitlha ba nyelela mo lefatsheng le ke le neileng bone le borraabonemogolo.”’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Gape o bidiwa Jehoiakine le Konia.
Kgotsa gongwe “baagi ba dithako tsa phemelo.”