Jeremia 26:1-24

  • Ba batla go bolaya Jeremia (1-15)

  • Jeremia ga a bolawe (16-19)

    • Mafoko a ga moporofeti Mika a a nopolwa (18)

  • Moporofeti Urija (20-24)

26  Kwa tshimologong ya puso ya ga Jehoiakime+ morwa Josia, kgosi ya Juda, lefoko leno le ne la tla le tswa kwa go Jehofa:  “Jehofa a re, ‘Ema mo lolwapeng lwa ntlo ya ga Jehofa mme o bue ka* batho botlhe ba metse ya Juda ba ba tlang mo ntlong ya ga Jehofa ba tla go mo obamela.* Ba bolelele sengwe le sengwe se ke se go laelang; o se ka wa tlogela sepe.  Gongwe ba tla reetsa mme mongwe le mongwe a tlogele tsela ya gagwe e e bosula, mme ke tla fetola mogopolo ka* masetlapelo a ke neng ke ikaeletse go ba a tlisetsa ka ntlha ya ditiro tsa bone tse di bosula.+  O ba reye o re: “Jehofa a re, ‘Fa lo sa ntheetse ka go sa ikobele molao* o ke lo o nayang,  e bile lo sa reetse mafoko a batlhanka ba me e bong baporofeti, ba ke ba romang kwa go lona gangwe le gape,*+  foo ke tla dira gore ntlo eno e tshwane le Shilo,+ e bile ke tla dira gore motse ono o nne selo sa go hutsiwa mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe.’”’”+  Mme baperesiti le baporofeti le batho botlhe ba ne ba utlwa Jeremia a bua mafoko ano mo ntlong ya ga Jehofa.+  Ka jalo, fa Jeremia a sena go bua sotlhe se Jehofa a neng a mo laetse gore a se bolelele batho botlhe, foo baperesiti le baporofeti le batho botlhe ba ne ba mo tshwara ba bo ba re: “O tshwanelwa ke go swa.  Ke ka ntlha yang fa o porofetile ka leina la ga Jehofa o re, ‘Ntlo eno e tla tshwana le Shilo, e bile motse ono o tla kgakgabala o bo o sala o se na monni ope’?” Mme batho botlhe ba ne ba kokoanela Jeremia mo ntlong ya ga Jehofa. 10  Fa dikgosana tsa Juda di utlwa mafoko ano, di ne tsa tswa kwa ntlong ya kgosi* mme tsa tla kwa ntlong ya ga Jehofa di bo di nna fa kgorong e ntšha ya ntlo ya ga Jehofa.+ 11  Baperesiti le baporofeti ba ne ba raya dikgosana le batho botlhe ba re: “Monna yono o tshwanetse go atlholelwa loso,+ ka gonne o porofetile gore motse ono o tla tlelwa ke masetlapelo fela jaaka lo ikutlwetse.”+ 12  Foo Jeremia o ne a raya dikgosana tsotlhe le batho botlhe a re: “Jehofa ke ene yo o neng a nthomile gore ke bolele molaetsa wa katlholo o lo o utlwileng mo ntlong eno le mo motseng ono.+ 13  Jaanong fetolang ditsela tsa lona le ditiro tsa lona lo bo lo ikobele lentswe la ga Jehofa, Modimo wa lona, mme Jehofa o tla fetola mogopolo ka* masetlapelo a a neng a buile gore o tla lo a tlisetsa.+ 14  Mme nna, ke mo seatleng sa lona. Ntireng sepe fela se lo bonang se le molemo e bile se siame. 15  Mme gone, itseng gore fa lo mpolaya, lona le motse ono le banni ba one lo tla nna le molato wa go bolaya motho yo o se nang molato, ka gonne tota Jehofa ke ene a nthomileng mo go lona gore ke bue mafoko ano otlhe lo reeditse.” 16  Foo dikgosana le batho botlhe ba ne ba raya baperesiti le baporofeti ba re: “Monna yono ga a tshwanela go atlholelwa loso, ka gonne o buile le rona mo leineng la ga Jehofa, Modimo wa rona.” 17  Mo godimo ga moo, bangwe ba bagolwane ba lefatshe leo ba ne ba ema mme ba simolola go raya batho botlhe ba ba phuthegileng ba re: 18  “Mika+ wa kwa Moreshethe o ne a porofeta mo motlheng wa ga Kgosi Hesekia+ wa Juda, mme o ne a raya batho botlhe ba Juda a re, ‘Seno ke se Jehofa wa masomosomo a se buang: “Siona o tla lemiwa fela jaaka tshimo,Jerusalema o tla fetoga mekoa ya marope,+Le thaba ya Ntlo* e tla fetoga sekgwa.” ’+ 19  “A Kgosi Hesekia wa Juda le batho botlhe ba Juda ba ne ba mmolaya? A ga a ka a boifa Jehofa mme a kopa Jehofa gore a ba utlwele botlhoko,* mo e leng gore Jehofa o ne a fetola mogopolo ka* masetlapelo a a neng a buile gore o tla ba a tlisetsa?+ Ka jalo, re tloga re ipakela masetlapelo a magolo. 20  “Mme go ne go na le monna yo mongwe a porofeta mo leineng la ga Jehofa, Urija morwa Shemaia, a tswa kwa Kiriathe-jearime,+ yo o neng a porofeta a bua mafoko a a tshwanang le a ga Jeremia a re motse ono le lefatshe leno di tla tlelwa ke masetlapelo. 21  Kgosi Jehoiakime+ le batlhabani botlhe ba gagwe ba ba maatla le dikgosana tsotlhe ba ne ba utlwa mafoko a gagwe, mme kgosi e ne ya batla go mmolaya.+ Fa Urija a utlwa seo, o ne a boifa mme a tshabela kwa Egepeto. 22  Foo Kgosi Jehoiakime o ne a roma Elenathane+ morwa Akabore le banna ba bangwe kwa Egepeto. 23  Ba ne ba tsaya Urija kwa Egepeto mme ba mo tlisa mo go Kgosi Jehoiakime, yo o neng a mo kgemetha ka tšhaka+ a bo a latlhela setopo sa gagwe mo mabitleng a batho fela.” 24  Mme Ahikame+ morwa Shafane+ o ne a ema Jeremia nôkeng, mo e leng gore o ne a se ka a tsenngwa mo seatleng sa batho gore ba mmolaye.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “o bolelele.”
Kgotsa “go ikoba.”
Kgotsa “ke tla ikwatlhaela.”
Kgotsa “taelo.”
Seheb., “ba ke neng ke tsoga go sa le phakela ke bo ke roma.”
Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”
Kgotsa “o tla ikwatlhaela.”
Kgotsa “thaba ya tempele.”
Kgotsa “a ikwatlhaela.”
Kgotsa “a leka go nolofatsa sefatlhego sa ga Jehofa.”