Jeremia 27:1-22

  • Jokwe ya Babelona (1-11)

  • Sedekia o laelwa gore a ikobele Babelona (12-22)

27  Kwa tshimologong ya puso ya ga Jehoiakime morwa Josia, kgosi ya Juda, lefoko leno le ne la tla kwa go Jeremia le tswa kwa go Jehofa:  “Jehofa o ntheile a re, ‘Itirele dikgole le dijokwe, o bo o di baya mo molaleng wa gago.  Go tswa foo, o di neye barongwa ba ba tlang mo Jerusalema kwa go Kgosi Sedekia wa Juda, mme ba di ise kwa kgosing ya Edoma,+ kwa kgosing ya Moabe,+ kwa kgosing ya Baamone,+ kwa kgosing ya Ture+ le kwa kgosing ya Sidona.+  Ba laele gore ba bolelele dikgosi tsa bone jaana: “‘“Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele a re; lo reye dikgosi tsa lona lo re,  ‘Ke nna yo o dirileng lefatshe, batho le diphologolo tse di mo lefatsheng ka maatla a me a magolo le ka lebogo la me le le otlologileng; mme dilo tseno tsotlhe ke di neile ope fela yo ke mo ratang.*+  Mme jaanong ke neile motlhanka wa me e bong Kgosi Nebukadenesare+ wa Babelona mafatshe ano otlhe; tota ke mo neile le diphologolo tsa naga gore di mo direle.  Ditšhaba tsotlhe di tla direla ene le morwawe le setlogolwana sa gagwe sa mosimane go fitlha ka nako ya fa bogosi jwa gagwe bo fela,+ fa ditšhaba di le dintsi le dikgosi tse dikgolo di tla bo di mo dira motlhanka wa tsone.’+  “‘“Jehofa a re, ‘Fa bogosi bope kgotsa setšhaba sepe se gana go direla Kgosi Nebukadenesare wa Babelona e bile se gana go ikobela kgosi ya Babelona, ke tla otlhaya setšhaba seo ka tšhaka,+ ka leuba le ka bolwetse jwa leroborobo, go fitlha ke ba fedisa ka seatla sa gagwe.’  “‘“‘Ka jalo, lo se ka lwa reetsa baporofeti ba lona, baitseanape ba lona, batho ba lona ba ba lorang, batho ba lona ba ba dirang maselamose le baloi ba lona, ba ba lo rayang ba re: “Ga lo kitla lo direla kgosi ya Babelona.” 10  Gonne ba lo porofetela maaka, gore lo tle lo isiwe kgakala le naga ya lona mme ke tla lo phatlalatsa e bile ke tla lo nyeletsa. 11  “‘“Jehofa a re, ‘Le fa go ntse jalo, setšhaba se se ikobelang kgosi ya Babelona se bo se e direla, ke tla se lesa gore se tswelele se le* mo lefatsheng la sone gore se le leme se bo se nne mo go lone.’”’” 12  Kgosi Sedekia+ wa Juda le ene ke mmoleletse se se tshwanang ke re: “Ikobeleng kgosi ya Babelona, lo e direle le batho ba yone mme lo tla tswelela lo tshela.+ 13  Ke ka ntlha yang fa wena le batho ba gago lo tshwanetse go bolawa ke tšhaka,+ ke leuba+ le ke bolwetse jwa leroborobo,+ jaaka Jehofa a buile gore seo ke se se tla diragalelang setšhaba se se se kitlang se direla kgosi ya Babelona? 14  Lo se ka lwa reetsa mafoko a baporofeti ba ba lo rayang ba re, ‘Ga lo kitla lo direla kgosi ya Babelona,’+ ka gonne ba lo porofetela maaka.+ 15  “Jehofa a re, ‘Gonne ga ke a ba roma, le fa go ntse jalo, ba porofeta maaka ka leina la me, mme ka ntlha ya seo ke tla lo phatlalatsa, mme lo tla nyelela, lona le baporofeti ba ba lo porofetelang.’”+ 16  Mme ke ne ka raya baporofeti le batho bano botlhe ka re: “Jehofa a re, ‘Lo se ka lwa reetsa mafoko a baporofeti ba lona ba ba lo porofetelang ba re: “Dilwana tsa ntlo ya ga Jehofa di tla busiwa ka bonako go tswa kwa Babelona!”+ gonne ba lo porofetela maaka.+ 17  Lo se ka lwa ba reetsa. Direlang kgosi ya Babelona mme lo tla tswelela lo tshela.+ Ke ka ntlha yang fa motse ono o tshwanetse go nna marope? 18  Mme fa e le gore ke baporofeti e bile fa e le gore lefoko la ga Jehofa le mo go bone, tsweetswee, a ba rapele Jehofa wa masomosomo gore dilwana tse di setseng mo ntlong ya ga Jehofa, mo ntlong* ya kgosi ya Juda le mo Jerusalema di se ka tsa isiwa kwa Babelona.’ 19  “Gonne Jehofa wa masomosomo o bua jaana ka ga dipilara,+ Lewatle,*+ dikolotsana+ le dilwana tse di setseng, tse di tlogetsweng mo motseng ono, 20  tse Kgosi Nebukadenesare wa Babelona a neng a sa di tsaya fa a ne a tsaya Jekonia morwa Jehoiakime, kgosi ya Juda kwa Jerusalema a mo isa botshwarwa kwa Babelona, mmogo le batlotlegi botlhe ba Juda le Jerusalema;+ 21  seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang ka ga dilwana tse di tlogetsweng mo ntlong ya ga Jehofa, mo ntlong* ya kgosi ya Juda le mo Jerusalema: 22  ‘“Di tla isiwa kwa Babelona+ mme di tla tswelela di le koo go fitlha ka letsatsi le ke tla di gopolang ka lone. Go tswa foo, ke tla di tsaya ke bo ke di busetsa mo lefelong leno,” go bua Jehofa.’ ”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ope fela yo o siameng mo matlhong a me.”
Seheb., “se ikhutse.”
Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”
Go tewa Lewatle la kopore le le mo tempeleng.
Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”