Jeremia 28:1-17

  • Jeremia o ganetsana le Hanania, moporofeti wa maaka (1-17)

28  Mo go one ngwaga oo, kwa tshimologong ya puso ya ga Kgosi Sedekia+ wa Juda, mo ngwageng wa bonê, mo kgweding ya botlhano, moporofeti Hanania morwa Asure yo o tswang kwa Gibeone+ o ne a mpolelela jaana mo ntlong ya ga Jehofa fa pele ga baperesiti le batho botlhe:  “Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele a re, ‘Ke tla robaganya jokwe ya kgosi ya Babelona.+  Mo dingwageng tse pedi,* ke tla busetsa dilwana tsotlhe tsa ntlo ya ga Jehofa mo lefelong leno tse Kgosi Nebukadenesare wa Babelona a neng a di tsaya mo lefelong leno a bo a di isa kwa Babelona.’ ”+  “ ‘E bile ke tla busetsa Jekonia+ morwa Jehoiakime,+ kgosi ya Juda, le batho botlhe ba Juda ba ba isitsweng botshwarwa kwa Babelona mo lefelong leno,+ ka gonne ke tla robaganya jokwe ya kgosi ya Babelona,’ go bua Jehofa.”  Go tswa foo, moporofeti Jeremia o ne a bua le moporofeti Hanania fa pele ga baperesiti le batho botlhe ba ba neng ba eme mo ntlong ya ga Jehofa.  Moporofeti Jeremia o ne a re: “Amen!* E kete Jehofa a ka dira seno! E kete Jehofa a ka diragatsa mafoko a o a porofetileng ka go busetsa dilwana tsa ntlo ya ga Jehofa mo lefelong leno mmogo le batho botlhe ba ba isitsweng botshwarwa kwa Babelona!  Le fa go ntse jalo, tsweetswee, utlwa molaetsa ono o ke o bolelelang wena le batho bano botlhe.  Baporofeti ba ba neng ba le teng pele ga me le pele ga gago bogologolo ba ne ba tle ba porofete se se tla diragalelang dinaga tse dintsi le magosi a magolo, ba porofeta ka ntwa, masetlapelo le bolwetse jwa leroborobo.  Fa moporofeti a porofeta kagiso mme lefoko la gagwe le bo le diragala, foo go tla itsege gore eleruri Jehofa o romile moporofeti yoo.” 10  Ka yone nako eo, moporofeti Hanania o ne a tsaya jokwe mo molaleng wa ga moporofeti Jeremia a bo a e robaganya.+ 11  Go tswa foo, Hanania o ne a bua jaana fa pele ga batho botlhe: “Jehofa a re, ‘Ke tla robaganya jokwe ya ga Kgosi Nebukadenesare wa Babelona jalo mo molaleng wa ditšhaba tsotlhe mo dingwageng tse pedi.’”+ Mme moporofeti Jeremia o ne a tsamaya. 12  Fa moporofeti Hanania a sena go robaganya jokwe mo molaleng wa ga moporofeti Jeremia, Jehofa o ne a bolelela Jeremia molaetsa ono: 13  “Tsamaya mme o reye Hanania o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “O robagantse dijokwe tsa logong,+ mme mo boemong jwa tsone o tla dira dijokwe tsa tshipi.” 14  Gonne seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang: “Ke tla baya jokwe ya tshipi mo molaleng wa ditšhaba tseno tsotlhe, gore di direle Kgosi Nebukadenesare wa Babelona, mme di tshwanetse go mo direla.+ Tota e bile ke tla mo naya le diphologolo tsa naga.”’”+ 15  Foo moporofeti Jeremia o ne a raya moporofeti Hanania+ a re: “Tsweetswee, Hanania reetsa! Jehofa ga a go roma, mme wena o dirile gore batho bano ba ikanye maaka.+ 16  Ka jalo, Jehofa a re, ‘Ke tlile go go bolaya. Mo ngwageng ono o tlile go swa, ka gonne o tlhotlheleditse batho gore ba tlhanogele Jehofa.’”+ 17  Ka jalo, moporofeti Hanania o ne a swa mo ngwageng oo, mo kgweding ya bosupa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “dingwaga tsa malatsi.”
Kgotsa “A go nne jalo!”