Jeremia 33:1-26

  • Naga e tla tsosolosiwa (1-13)

  • Go tla nna le polokesego fa go busa “letlhogela le le siameng” (14-16)

  • Kgolagano le Dafide le baperesiti (17-26)

    • Kgolagano e e malebana le motshegare le bosigo (20)

33  Jehofa o ne a bua le Jeremia lekgetlo la bobedi fa a ne a sa ntse a tswaletswe mo Lolwapeng Lwa Badisa+ a re:  “Jehofa Modiri wa lefatshe, Jehofa yo o le bopileng a bo a le tiisa thata; yo leina la gagwe e leng Jehofa a re,  ‘Mpitse, mme ke tla go araba e bile ke tla go bolelela dilo tse dikgolo le tse di sa tlhaloganyesegeng tse o sa di itseng.’”+  “Gonne seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang ka matlo a motse ono le matlo a dikgosi tsa Juda a a digilweng ka ntlha ya dithotana tse di dirilweng go o dikologa le ka ntlha ya tšhaka,+  le ka batho ba ba tlang go lwa le Bakaladia, ba tlatsa mafelo ano ka ditopo tsa batho ba ke ba kgemethileng ke galefile e bile ke shakgetse, ba bosula jwa bone bo dirileng gore ke fitlhele motse ono sefatlhego sa me:  ‘Jaanong ke dira gore motse ono o nne le botsogo jo bo molemo le boitekanelo,+ mme ke tla fodisa batho ba teng ke bo ke ba naya letlotlo la kagiso le boammaaruri.+  Mme ke tla busa batho ba Juda le ba Iseraele ba ba neng ba isitswe botshwarwa,+ e bile ke tla ba nonotsha fela jaaka ke ne ke dirile kwa tshimologong.+  Ke tla ba itshekisa ke tlosa molato otlhe wa maleo a ba a ntiretseng,+ e bile ke tla ba itshwarela molato otlhe wa maleo a bone le dilo tse di bosula tse ba di ntiretseng.+  Mme motse ono o tla nna kgalalelo ya me, boitumelo jwa me, pako ya me le bontle jwa me fa pele ga ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe tse di tla utlwang dilo tsotlhe tse di molemo tse ke ba diretseng tsone.+ Mme di tla boifa e bile di tla roroma+ ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di molemo tse ke tla ba direlang tsone le kagiso e ke tla ba nayang yone.’”+ 10  “Seno ke se Jehofa a se buang: ‘Mo lefelong leno le lo tla reng ke naga e e kgakgabetseng, e e se nang motho kgotsa leruo, mo metseng ya Juda le mo mebileng ya Jerusalema e e kgakgabetseng, e e se nang motho kgotsa monni kgotsa leruo, go tla utlwiwa gape 11  modumo wa boitumelo le modumo wa go ipela,+ lentswe la monyadi le lentswe la monyadiwa, lentswe la ba ba reng: “Ntshetsang Jehofa wa masomosomo ditebogo, ka gonne Jehofa o molemo;+ lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri!”’+ “‘Ba tla tlisa ditlhabelo tsa go leboga mo ntlong ya ga Jehofa,+ ka gonne ke tla busa batho ba lefatshe leno ba ba neng ba isitswe botshwarwa, fela jaaka kwa tshimologong,’ go bua Jehofa.” 12  “Seno ke se Jehofa wa masomosomo a se buang: ‘Mo nageng eno e e kgakgabetseng, e e se nang motho kgotsa leruo, le mo metseng yotlhe ya yone, go tla boa go nna le mafulo a badisa ba bothisang matsomane mo go one.’+ 13  “‘Matsomane a tla boa a feta gape ka fa tlase ga diatla tsa yo o a balang mo metseng ya kgaolo e e dithaba, mo metseng ya naga e e kwa tlase, mo metseng e e kwa borwa, mo lefatsheng la ga Benjamine, mo mafelong a a dikologileng Jerusalema+ le mo metseng ya Juda,’+ go bua Jehofa.” 14  “‘Metlha e etla,’ go bua Jehofa, ‘ya fa ke tla diragatsa tsholofetso e e molemo e ke e solofeditseng setšhaba sa Iseraele le setšhaba sa Juda.+ 15  Mo metlheng eo le ka nako eo ke tla tlhogisetsa Dafide letlhogela* le le siameng,+ mme o tla diragatsa tshiamiso le tshiamo mo lefatsheng.+ 16  Mo metlheng eo, Juda o tla bolokwa+ e bile Jerusalema o tla nna ka polokesego.+ Mme leno ke leina le o tla bidiwang ka lone: Jehofa ke Tshiamo ya Rona.’”+ 17  “Gonne seno ke se Jehofa a se buang: ‘Ka metlha go tla nna go na le monna yo o tswang mo losikeng lwa ga Dafide yo o tla nnang mo setulong sa bogosi sa Iseraele,+ 18  e bile mo baperesiting ba Balefi, ka metlha go tla nna go na le monna yo o emang fa pele ga me gore a ntshe ditlhabelo tse di fisiwang di feletse, a fise ditlhabelo tsa dijo tsa ditlhaka le gore a ntshe ditlhabelo tse dingwe.’” 19  Mme Jehofa o ne a bua le Jeremia gape a re: 20  “Jehofa a re, ‘Fa lo ka kgona go fedisa kgolagano e ke e dirileng le motshegare le kgolagano e ke e dirileng le bosigo, mme lwa thibela motshegare le bosigo gore di se ka tsa nna gone ka nako e e tshwanetseng,+ 21  ke gone nka kgonang go fedisa kgolagano ya me le motlhanka wa me e bong Dafide,+ gore a se ka a nna le morwa yo o busang e le kgosi mo setulong sa gagwe sa bogosi,+ le kgolagano e ke e dirileng le baperesiti ba Balefi, ba e leng badiredi ba me.+ 22  Fela jaaka masomosomo a magodimo a ka se ka a balwa le motlhaba* wa lewatle o ka se ka wa lekanngwa, ka tsela e e tshwanang ke tla ntsifatsa ditlogolwana* tsa motlhanka wa me e bong Dafide le Balefi ba ba ntirelang.’” 23  Mme Jehofa o ne a bua le Jeremia gape a re: 24  “A ga o ise o utlwe se batho bano ba se buang ba re, ‘Jehofa o tla latlha malapa a mabedi a a neng a a tlhophile’? Mme ga ba tlotle batho ba me, e bile ga ba tlhole ba ba tsaya e le setšhaba. 25  “Seno ke se Jehofa a se buang: ‘Fela jaaka kgolagano e ke e dirileng le motshegare le bosigo e sa fetoge,+ le melao ya legodimo le lefatshe e sa fetoge,+ 26  ka tsela e e tshwanang lefoko la me ga le fetoge la gore ga nkitla ke latlha losika lwa ga Jakobe le lwa motlhanka wa me e bong Dafide, mme ke tla tlhopha babusi mo losikeng lwa gagwe ba ba tla busang ditlogolwana* tsa ga Aborahame, Isake le Jakobe. Gonne ke tla phutha batho ba bone ba ba neng ba isitswe botshwarwa+ ke bo ke ba tlhomogela pelo.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “moruaboswa.”
Kgotsa “moshawa.”
Seheb., “losika.”
Seheb., “losika.”