Jeremia 34:1-22

  • Sedekia o bolelelwa molaetsa wa katlholo (1-7)

  • Ga ba ikobele kgolagano ya go golola makgoba (8-22)

34  Seno ke se Jehofa a neng a se bolelela Jeremia, fa Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona le masole otlhe a gagwe le magosi otlhe a lefatshe a a a laolang le ditšhaba tsotlhe ba ne ba tlhabana le Jerusalema le metse yotlhe ya gagwe:+  “Jehofa, Modimo wa Iseraele a re, ‘Tsamaya, o bue le Kgosi Sedekia+ wa Juda, mme o mo reye o re: “Jehofa a re, ‘Jaanong ke tsenya motse ono mo seatleng sa kgosi ya Babelona, mme e tla o fisa ka molelo.+  Mme ga o kitla o falola mo seatleng sa gagwe, ka gonne ruri o tla tshwarwa o bo o isiwa kwa go ene.+ Mme o tla bona Kgosi ya Babelona lo lebane difatlhego, e bile e tla bua le wena ka sebele, mme o tla isiwa kwa Babelona.’+  Le fa go ntse jalo, wena Kgosi Sedekia wa Juda, utlwa lentswe la ga Jehofa, ‘Seno ke se Jehofa a se buang ka wena: “Ga o kitla o bolawa ka tšhaka.  O tla swa ka kagiso,+ e bile ba tla go fisetsa ditswaiso ka phitlho ya gago jaaka ba ile ba direla borrago, e leng dikgosi tsa pele tse di nnileng teng pele ga gago, mme ba tla go hutsafalela ba re, ‘Ijoo, mong wa me!’ ka gonne ‘Ke nna ke buileng lefoko leno,’ go bua Jehofa.”’”’”  Go tswa foo, moporofeti Jeremia o ne a bolelela Kgosi Sedekia wa Juda mafoko ano otlhe mo Jerusalema,  fa masole a kgosi ya Babelona a ne a tlhabana le Jerusalema le metse yotlhe ya Juda e e neng e setse,+ a tlhabana le Lakishe+ le Aseka;+ gonne e ne e le yone fela metse e e sireletsegileng ya Juda e e neng e setse.  Lefoko le ne la tla mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa fa Kgosi Sedekia a sena go dira kgolagano le batho botlhe mo Jerusalema ya gore go gololwe makgoba.+  Mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go golola makgoba a gagwe a Bahebera, motlhanka le lelata, gore go se nne le ope yo o tswelelang a dirile Mojuda ka ene lekgoba. 10  Ka jalo, dikgosana tsotlhe le batho botlhe ba ne ba ikobela seo. Ba ne ba dumalana le kgolagano eo ya gore mongwe le mongwe a golole batlhanka ba gagwe le malata a gagwe, mme a se ka a tlhola a ba dira makgoba. Ba ne ba ikoba mme ba ba lesa gore ba tsamaye. 11  Le fa go ntse jalo, moragonyana ba ne ba busa batlhanka le malata a ba neng ba a golotse, mme ba ne ba ba pateletsa go nna makgoba gape. 12  Ka jalo, lefoko la ga Jehofa le ne la tla mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa le re: 13  “Jehofa, Modimo wa Iseraele a re, ‘Ke ne ka dira kgolagano le borraalonamogolo+ mo letsatsing la fa ke ne ke ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto, ke ba ntsha kwa ba neng ba le makgoba gone,*+ ke re: 14  “Fa dingwaga tse supa di wela, mongwe le mongwe wa lona a golole morwarraagwe wa Mohebera yo a neng a mo rekile le yo a mo diretseng dingwaga di le thataro; o tshwanetse go mo golola.”+ Le fa go ntse jalo, borraalonamogolo ga ba a ka ba ntheetsa kgotsa ba ntlhwaela tsebe. 15  Mme bosheng jaana* lo ne lwa sokologa mme lwa dira se se siameng mo matlhong a me ka go bolela gore mongwe ka lona a gololwe, e bile lo ne lwa dira kgolagano fa pele ga me mo ntlong e leina la me le leng mo go yone. 16  Go tswa foo, lo ne lwa tlhanoga mme lwa tlontlolola leina la me+ ka go busa batlhanka ba lona le malata a lona a lo neng lo a golotse gore a ye gongwe le gongwe kwa a neng a batla go ya teng, mme lo ne lwa ba pateletsa go nna makgoba gape.’ 17  “Ka jalo, seno ke se Jehofa a se buang: ‘Ga lo a ka lwa inkobela ka kgang ya gore lo golole makgoba, mongwe le mongwe a golole morwarraagwe le mongwe ka ene.+ Jaanong ke tla lo naya kgololesego,’ go bua Jehofa, ‘kgololesego ya go lo romelela tšhaka, bolwetse jwa leroborobo le leuba,+ mme ke tla dira gore magosi otlhe a lefatshe a tshoge fa a bona se se lo diragaletseng.+ 18  Seno ke se se tla diragalelang batho ba ba tlogelang kgolagano ya me, ba ba sa diragatseng mafoko a kgolagano e ba neng ba e dira fa pele ga me fa ba ne ba sega namane ka bogare ba bo ba feta fa gare ga dikarolo tsa yone tse pedi,+ 19  e leng, dikgosana tsa Juda, dikgosana tsa Jerusalema, badiredibagolo ba ntlo ya kgosi, baperesiti le batho botlhe ba lefatshe leno ba ba neng ba feta fa gare ga dikarolo tseo tse pedi tsa namane: 20  Ke tla ba tsenya mo seatleng sa baba ba bone le sa ba ba batlang go ba bolaya, mme ditopo tsa bone di tla jewa ke dinonyane tsa magodimo le dibatana tsa lefatshe.+ 21  Mme ke tla tsenya Kgosi Sedekia wa Juda le dikgosana tsa gagwe mo seatleng sa baba ba bone le mo seatleng sa ba ba batlang go ba bolaya le mo seatleng sa masole a kgosi ya Babelona,+ ba ba tsamayang ba tlogela go tlhabana le lona.’+ 22  “‘Ke tla ntsha taelo,’ go bua Jehofa, ‘mme ke tla ba busetsa mo motseng ono, mme ba tla tlhabana le one, ba tla o gapa ba bo ba o fisa;+ mme ke tla dira gore metse ya Juda e kgakgabale, e sale e se na monni.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Seheb., “kwa ntlong ya bokgoba.”
Seheb., “Mme gompieno.”