Jeremia 37:1-21

  • Bakaladia ba tlogela go tlhasela ka nakwana (1-10)

  • Jeremia o a tshwarwa (11-16)

  • Sedekia o kopana le Jeremia (17-21)

    • Jeremia o newa senkgwe (21)

37  Mme Kgosi Sedekia+ morwa Josia o ne a simolola go busa mo boemong jwa ga Konia*+ morwa Jehoiakime, ka gonne Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona o ne a mo tlhomile gore a nne kgosi mo lefatsheng la Juda.+  Le fa go ntse jalo, ene le batlhanka ba gagwe le batho ba lefatshe leo ga ba a ka ba reetsa mafoko a Jehofa a neng a a buile a dirisa moporofeti Jeremia.  Kgosi Sedekia o ne a roma Jehukale+ morwa Shelemia le Sefania+ morwa Maaseia moperesiti kwa go moporofeti Jeremia a re: “Tsweetswee, rapela Jehofa, Modimo wa rona, mo boemong jwa rona.”  Jeremia o ne a sa ntse a kgona go tsamaya ka kgololesego mo bathong, ka gonne ba ne ba ise ba mo tsenye mo kgolegelong.+  Jaanong masole a ga Faro a ne a dule kwa Egepeto,+ mme Bakaladia ba ba neng ba dikologile Jerusalema ba ne ba utlwa pego ka ga bone. Ka jalo, ba ne ba tlogela go tlhasela Jerusalema.+  Go tswa foo, Jehofa o ne a raya moporofeti Jeremia a re:  “Jehofa, Modimo wa Iseraele a re, ‘Lo reye kgosi ya Juda, e e lo romileng go tla go mpotsa, lo re: “Masole a ga Faro a a tlang go go thusa a tla tshwanelwa ke go boela kwa lefatsheng la one, kwa Egepeto.+  Mme Bakaladia ba tla boa ba bo ba tlhabana le motse ono, ba tla o gapa ba bo ba o fisa ka molelo.”+  Jehofa a re, “Lo se ka lwa itsietsa ka go ithaya lo re, ‘Ruri Bakaladia ba tla tlogela go tlhabana le rona,’ ka gonne ga ba kitla ba tsamaya. 10  Tota le fa lo ne lo ka kgemetha masole otlhe a Bakaladia a a tlhabanang le lona go bo go sala fela banna ba ba gobetseng mo go bone, le bone ba ne ba tla ema mo ditenteng tsa bone ba bo ba fisa motse ono ka molelo.”’”+ 11  Fa masole a Bakaladia a sena go tlogela go tlhasela Jerusalema ka ntlha ya masole a ga Faro,+ 12  Jeremia o ne a tswa mo Jerusalema a re o ya kwa lefatsheng la Benjamine+ a ya go amogela kabelo ya gagwe teng kwa bathong ba gagabo. 13  Mme fa a fitlha kwa Kgorong ya Benjamine, mookamedi wa balebedi, yo leina la gagwe e neng e le Irija morwa Shelemia morwa Hanania, o ne a tshwara moporofeti Jeremia a bo a re: “O ngwegela kwa Bakaladieng!” 14  Jeremia o ne a re: “Ga se boammaaruri! Ga ke ngwegele kwa Bakaladieng.” Le fa go ntse jalo, o ne a se ka a mo reetsa. Ka jalo, Irija o ne a tshwara Jeremia mme a mo isa kwa dikgosaneng. 15  Dikgosana di ne tsa galefela Jeremia,+ mme di ne tsa mo itaya di bo di mo golega*+ mo ntlong ya ga Jehonathane wa mokwaledi, e e neng e dirilwe kgolegelo. 16  Jeremia o ne a tsenngwa mo kgolegelong e e kwa tengteng,* mo diphaposing tse di kwa tlase ga ntlo, mme o ne a tswelela a le koo malatsi a le mantsi. 17  Go tswa foo, Kgosi Sedekia o ne a laela gore a ye go tsewa, mme kgosi e ne ya mmotsa dipotso mo sephiring mo ntlong ya yone.*+ E ne ya mmotsa jaana: “A ga go na lefoko lepe le le tswang kwa go Jehofa?” Jeremia o ne a re, “Le teng!” mme o ne a tswelela a re: “O tlile go tsenngwa mo seatleng sa kgosi ya Babelona!”+ 18  Gape Jeremia o ne a raya Kgosi Sedekia a re: “Ke lo diretse boleo bofe, wena le batlhanka ba gago le batho bano botlhe, go bo lo ntsentse mo kgolegelong? 19  Jaanong ba kae baporofeti ba lona ba ba neng ba lo porofetela ba re, ‘Kgosi ya Babelona ga e kitla e lo tlhasela e bile ga e kitla e tlhasela lefatshe leno’?+ 20  Tsweetswee, jaanong reetsa tlhe morena wa me kgosi. Tsweetswee, reetsa kopo ya me ya gore o nkutlwele botlhoko. O se ka wa mpusetsa kwa ntlong ya ga Jehonathane+ wa mokwaledi, go seng jalo ke tla swela teng.”+ 21  Ka jalo, Kgosi Sedekia o ne a laela gore Jeremia a tsenngwe mo kgolegelong mo Lolwapeng Lwa Badisa,+ mme o ne a newa senkgwe se se kgolokwe letsatsi le letsatsi se se tswang kwa mmileng wa babesi ba senkgwe+ go fitlha senkgwe sotlhe se fela mo motseng.+ Mme Jeremia o ne a tswelela a le mo Lolwapeng Lwa Badisa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Gape o bidiwa Jehoiakine le Jekonia.
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Seheb., “di mo tsenya mo ntlong ya dikeetane.”
Seheb., “mo ntlong e e nang le khuti ya go bolokela metsi.”
Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”