Jeremia 4:1-31

  • Go ikwatlhaya go tla dira gore ba segofadiwe (1-4)

  • Masetlapelo a tla a tswa kwa bokone (5-18)

  • Jeremia o utlwisiwa botlhoko ke masetlapelo a a tla tlang (19-31)

4  “Fa e le gore o tla boa, wena Iseraele,” go bua Jehofa,“Fa e le gore o tla boela mo go nnaE bile fa e le gore o tla tlosa medingwana e e ferosang sebete fa pele ga me,Foo ga o kitla o nna mofaladi.+   Mme fa o ikana ka boammaaruri, ka tshiamiso le ka tshiamo o re,‘Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang,’Foo ditšhaba di tla itshegofatsa ka ene,E bile di tla ipelafatsa ka ene.”+  Gonne seno ke se Jehofa a se bolelelang banna ba Juda le Jerusalema: “Itemeleng lefatshe le le kgonang go lemiwa,Mme lo se ka lwa nnela go jala mo mmitlweng.+   Iphepafatseng fa pele ga ga* Jehofa,Lo bo lo rupise dipelo tsa lona,+Lona banna ba Juda le banni ba Jerusalema,Gore bogale jwa me bo se ka jwa tuka jaaka moleloMme jwa laila go se na ope yo o ka bo timang,Ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di bosula.”+   Bolelang seo mo Juda lo bo lo se itsise mo Jerusalema. Goang lo bo lo letse lonaka go ralala naga eo.+ Goelang kwa godimo mme lo re: “Phuthegang mmogo,Mme a re tshabeleng kwa metseng e e sireletsegileng.+   Tsholeletsang sesupo* ntlheng ya Siona. Batlang fa lo ka iphitlhang gone mme lo se ka lwa ema fela,” Gonne ke tlisa masetlapelo go tswa kwa bokone,+ e leng tshenyo e kgolo.   Yo o senyang ditšhaba o dule;+O tlhatlogile jaaka tau e tswa mo ditlhatshaneng tse di kitlaneng.+ O dule mo lefelong la gagwe gore a dire lefatshe la gago selo se se tshosang. Metse ya gago e tla nna marope, e se na banni.+   Ka jalo, aparang letsela la kgetsi.+ Hutsafalang* lo bo lo bokolele,Ka gonne bogale jwa ga Jehofa jo bo tukang ga bo a tloga mo go rona.   Jehofa a re, “Mo letsatsing leo kgosi e tla felelwa ke bopelokgale,+Dikgosana le tsone di tla felelwa ke bopelokgale;Baperesiti ba tla tshoga, mme baporofeti bone ba tla gakgamala.”+ 10  Foo ke ne ka re: “Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa! Ruri o tsieditse batho bano+ le Jerusalema fela thata ka go bua o re, ‘Lo tla nna le kagiso,’+ mme gone tšhaka e beilwe mo memetsong ya rona.” 11  Ka nako eo batho bano le Jerusalema ba tla bolelelwa jaana: “Phefo e e babolang e e tswang kwa dithoteng tsa sekaka tse di sa tlhogang sepeE tla phepheula morwadia* batho ba me;Ga e tlele go olosa kgotsa go phepafatsa. 12  Phefo e e maatla e tswa mo mafelong ano ka taelo ya me. Jaanong ke tla itsise dikatlholo tse ke ba atlholang ka tsone. 13  O tla tla jaaka maru a pula,Mme dikara tsa gagwe di tshwana le phefo ya matsubutsubu.+ Dipitse tsa gagwe di bofefo go feta bontsu.+ Ruri re latlhegile, ka gonne re sentswe! 14  Tlosa bosula jo bo mo pelong ya gago gore e sale e le phepa, wena Jerusalema, gore o tle o bolokwe.+ O tla nna o akanya dikakanyo tse di bosula go fitlha leng? 15  Gonne lentswe le bolela dikgang go tswa kwa Dana,+E bile le itsise masetlapelo go tswa kwa dithabeng tsa Eferaime. 16  Begang seno, se begeleng ditšhaba;Bolelang se se tla tlelang Jerusalema.” “Balebeledi* ba tswa kwa nageng e e kgakala,Mme ba tla tsholeletsa metse ya Juda mantswe a bone. 17  Ba mo tlhasela go tswa mo matlhakoreng otlhe jaaka balebeledi mo nageng,+Ka gonne o ntlhanogetse,”+ go bua Jehofa. 18  “Ditsela tsa gago le ditiro tsa gago di tla boela mo go wena.+ Ruri masetlapelo a gago a bogalaka,Gonne a fitlha kwa teng ga pelo ya gago!” 19  Ke tshwenyegile,* ke tshwenyegile! Ke tlhabiwa ke setlhabi se se botlhoko mo pelong.* Pelo ya me e iteela ka bonako. Ga ke kgone go didimalaGonne ke utlwile modumo wa lonaka,Mokgosi o o itsiseng ntwa.*+ 20  Go begilwe masetlapelo ka go latelana,Gonne lefatshe lotlhe le sentswe. Ditente tsa me di tla senngwa ka tshoganyetso,Matsela a ditente tsa me a tla senngwa ka ponyo ya leitlho.+ 21  Ke tla nna ke bona sesupo* ka lobaka lo lo kae,Ke tla nna ke utlwa modumo wa lonaka ka lobaka lo lo kae?+ 22  “Gonne batho ba me ke dieleele;+Ga ba ntseye tsia. Ke barwa ba ba dimatla, ba ba se nang tlhaloganyo. Ba tlhalefetse go dira bosula fela,Mme ga ba itse go dira molemo.” 23  Ke ne ka leba lefatshe, mme bonang! le ne le le lolea e bile le kgakgabetse.+ Ke ne ka leba kwa magodimong, mme lesedi la one le ne le sa tlhole le le teng.+ 24  Ke ne ka leba dithaba, mme bonang! di ne di tshikhinyega,Le dithota di ne di reketla.+ 25  Ke ne ka leba, mme bonang! go ne go se na motho ope,Le dinonyane tsotlhe tsa magodimo di ne di tshabile.+ 26  Ke ne ka leba, mme bonang! tshingwana ya maungo e ne e fetogile naga fela,Le metse yotlhe ya yone e ne e sentswe.+ E ne e le ka ntlha ya ga Jehofa,Ka ntlha ya bogale jwa gagwe jo bo tukang. 27  Gonne seno ke se Jehofa a se buang: “Lefatshe lotlhe le tla kgakgabala,+Mme ga nkitla ke le fedisa gotlhelele. 28  Ka ntlha ya seno lefatshe le tla hutsafala,+Mme magodimo kwa godimo a tla fifala.+ Ka gonne ke buile, ke dirile tshwetso,Mme ga nkitla ke fetola mogopolo wa me* e bile ga nkitla ke o fetogela.+ 29  Motse otlhe o a tshaba+Fa o utlwa modumo wa masole a a tsamayang ka dipitse le bahudi ba metswi. Ba iphitlha mo ditlhatshaneng tse di kitlaneng,E bile ba palama mafika.+ Metse yotlhe e tlogetswe,E bile ga go na motho ope yo o nnang mo go yone.” 30  E re ka jaanong o kgakgabetse, o tla dira eng? O kile wa bo o apara diaparo tse dikhibidu,O ikgabisa ka mekgabisa ya gauta,E bile o dira matlho a gago mantle ka mmala o montsho.* Mme ke ga lefela go bo o ne o itira montle,+Gonne ba ba go kgatlhegelang thata ba go ganne;Jaanong ba batla go go bolaya.+ 31  Gonne ke utlwile modumo o o tshwanang le wa mosadi yo o lwalang,Matshwenyego a a tshwanang le a mosadi yo o belegang ngwana wa gagwe wa ntlha,Lentswe la morwadia Siona yo o nnang a hema ka thata. O bua a ntse a otlolola diatla a re:+ “Ruri ke latlhegile, ka gonne ke lapisitswe ke batho ba ba batlang go mpolaya!”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Rupelang.”
Kgotsa “kota ya sesupo.”
Kgotsa “Ipetseng dihuba.”
Polelwana ya poko ya mothofatso, gongwe e bontsha bopelotlhomogi kgotsa kutlobotlhoko.
Go tewa ba ba lebelelang motse gore ba lemoge gore go tlhaselwe leng.
Seheb., “Ijoo mala a me.”
Seheb., “mo dipoteng tsa pelo ya me.”
Kgotsa gongwe “Modumo wa mokgosi wa ntwa.”
Kgotsa “kota ya sesupo.”
Kgotsa “ke ikwatlhaya.”
Kgotsa “ka setlôlôntlafatsi se se tshasiwang fa godimo ga matlho.”