Jeremia 40:1-16

  • Nebusaradane o golola Jeremia (1-6)

  • Gedalia o tlhomiwa gore a okamele lefatshe (7-12)

  • Gedalia o logelwa leano (13-16)

40  Lefoko le ne la tla mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa fa Nebusaradane+ molaodi wa bafemedi a sena go mo golola kwa Rama.+ O ne a mo isitse koo a bofilwe ka dikeetane mo diatleng, mme o ne a na le batho botlhe ba Jerusalema le ba Juda ba ba neng ba isiwa botshwarwa kwa Babelona.  Go tswa foo, molaodi wa bafemedi o ne a tsaya Jeremia mme a mo raya a re: “Jehofa, Modimo wa gago o ne a bolelela pele gore o tla tlisetsa lefelo leno masetlapelo ano,  mme Jehofa o a tlisitse fela jaaka a ne a buile, ka gonne lo leofetse Jehofa e bile ga lo a ka lwa ikobela lentswe la gagwe. Ke gone ka moo seno se lo diragaletseng.+  Jaanong, gompieno ke go golola mo dikeetaneng tse di mo diatleng tsa gago. Fa o bona go le molemo gore o ye le nna kwa Babelona, a re tsamaye, mme ke tla go tlhokomela. Le fa go ntse jalo, fa o sa batle go tsamaya le nna kwa Babelona, o se ka wa tsamaya. Lefatshe lotlhe ke la gago. Ya gongwe le gongwe fela kwa o batlang go ya teng.”+  Fa Jeremia a sa ntse a ipotsa gore a a tsamaye, Nebusaradane o ne a re: “Boela kwa go Gedalia+ morwa Ahikame+ morwa Shafane,+ yo kgosi ya Babelona e mo tlhomileng gore a okamele metse ya Juda, mme o nne le ene le batho ba bangwe; kgotsa ya gongwe le gongwe kwa o batlang go ya teng.” Go tswa foo, molaodi wa bafemedi o ne a mo naya dijo le mpho a bo a mo lesa a tsamaya.  Ka jalo, Jeremia o ne a ya kwa go Gedalia morwa Ahikame kwa Misepa+ a bo a nna le ene le batho ba bangwe ba ba neng ba tlogetswe mo lefatsheng leo.  Fa nako e ntse e tsamaya, balaodi botlhe ba masole ba ba neng ba le mo nageng le masole a bone ba ne ba utlwa gore kgosi ya Babelona e ne e tlhomile Gedalia morwa Ahikame gore a okamele lefatshe leo, le gore o ne a mo tlhomile gore a okamele banna, basadi le bana ba ba tswang mo bathong ba ba humanegileng ba lefatshe leo ba ba neng ba sa isiwa botshwarwa kwa Babelona.+  Ka jalo, ba ne ba ya kwa go Gedalia kwa Misepa.+ Balaodi bao e ne e le Ishemaele+ morwa Nethania, Johanane+ le Jonathane bomorwa Karea, Seraia morwa Tanehumethe, bomorwa Efai wa Monetofa le Jesania+ morwa wa Momaakathe, mmogo le masole a bone.  Gedalia morwa Ahikame morwa Shafane o ne a ikanela balaodi bao le masole a bone a re: “Lo se ka lwa boifa go direla Bakaladia. Nnang mo lefatsheng leno mme lo direle kgosi ya Babelona, mme dilo di tla lo tsamaela sentle.+ 10  Mme nna, ke tla nna mo Misepa gore ke nne moemedi wa lona fa pele ga* Bakaladia ba ba tlang mo go rona. Le fa go ntse jalo, lo tshwanetse go phutha morara* o o dirang beine, maungo le leokwane mme lo di tsenye mo dinkgong tsa lona lo bo lo nna mo metseng e lo e gapileng.”+ 11  Mme Bajuda botlhe ba ba neng ba le kwa Moabe, Amone le kwa Edoma, mmogo le ba ba neng ba le kwa dinageng tse dingwe tsotlhe, le bone ba ne ba utlwa gore kgosi ya Babelona e ne e letlile gore masalela a nne kwa Juda, le gore e ne e tlhomile Gedalia morwa Ahikame morwa Shafane gore a ba okamele. 12  Ka jalo, Bajuda botlhe ba ne ba simolola go boa kwa mafelong otlhe a ba neng ba phatlalaleditswe kwa go one, mme ba ne ba tla mo nageng ya Juda kwa go Gedalia kwa Misepa. Mme ba ne ba phutha maungo a le mantsi thata ba bo ba dira beine e ntsi. 13  Johanane morwa Karea le balaodi botlhe ba masole ba ba neng ba le mo nageng ba ne ba tla kwa go Gedalia kwa Misepa. 14  Ba ne ba mo raya ba re: “A ga o itse gore Baalise, kgosi ya Baamone+ o romile Ishemaele morwa Nethania gore a go bolaye?”+ Le fa go ntse jalo, Gedalia morwa Ahikame ga a ka a ba dumela. 15  Foo Johanane morwa Karea o ne a bolelela Gedalia mo sephiring kwa Misepa a re: “Ke batla go tsamaya, mme ke ye go bolaya Ishemaele morwa Nethania, mme ga go na ope yo o tla itseng ka gone. Ke ka ntlha yang fa a tshwanetse go go bolaya, le gone ke ka ntlha yang fa batho botlhe ba Juda ba ba phuthegetseng mo go wena ba tshwanetse go gasamisiwa mme ke ka ntlha yang fa masalela a Juda a tshwanetse go nyelela?” 16  Mme Gedalia+ morwa Ahikame o ne a raya Johanane morwa Karea a re: “O se ka wa dira jalo, ka gonne se o se buang ka Ishemaele ke maaka.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ke eme fa pele ga.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”