Jeremia 41:1-18

  • Ishemaele o bolaya Gedalia (1-10)

  • Johanane o dira gore Ishemaele a tshabe (11-18)

41  Mo kgweding ya bosupa, Ishemaele+ morwa Nethania morwa Elishama, yo e neng e le wa losika lwa segosi e bile e le mongwe wa banna ba bagolo ba kgosi, o ne a tla le banna ba bangwe ba le lesome kwa go Gedalia morwa Ahikame kwa Misepa.+ Fa ba ntse ba ja dijo mmogo kwa Misepa,  Ishemaele morwa Nethania le banna ba le lesome ba ba neng ba na le ene ba ne ba ya go kgemetha Gedalia morwa Ahikame morwa Shafane ka tšhaka. Ka jalo, o ne a bolaya motho yo kgosi ya Babelona e neng e mo tlhomile gore a okamele lefatshe leo.  Gape Ishemaele o ne a kgemetha Bajuda botlhe ba ba neng ba na le Gedalia kwa Misepa, mmogo le masole a Bakaladia a a neng a le koo.  Mo letsatsing la bobedi Gedalia a sena go bolawa, pele ga motho ope a itse ka gone,  go ne ga tla banna ba le 80 ba tswa kwa Shekema,+ kwa Shilo+ le kwa Samarea.+ Ba ne ba ipeotse ditedu, ba gagogantse diaparo tsa bone, ba itshegakile,+ mme ba ne ba tshotse ditlhabelo tsa dijo tsa ditlhaka le borekhu jo bo nkgang monate*+ ba di tlisa mo ntlong ya ga Jehofa.  Ka jalo, Ishemaele morwa Nethania o ne a tswa kwa Misepa a ya go ba kgatlhantsha, a tsamaya a ntse a lela. Fa a kopana le bone o ne a ba raya a re: “Tlang kwa go Gedalia morwa Ahikame.”  Mme fa ba goroga mo motseng, Ishemaele morwa Nethania le banna ba ba neng ba na le ene ba ne ba ba bolaya mme ba ba latlhela mo khuting ya go bolokela metsi.*  Le fa go ntse jalo, go ne go na le banna ba le lesome mo go bone ba ba neng ba raya Ishemaele ba re: “O se ka wa re bolaya, ka gonne re na le mabolokelo a re fitlhileng korong, barele,* leokwane le tswina ya dinotshe mo go one mo tshimong.” Ka jalo, ga a ka a ba bolaya, bone le bomorwarraabone.  Jaanong Ishemaele o ne a latlhela ditopo tsotlhe tsa banna ba a neng a ba bolaile mo khuting e kgolo ya go bolokela metsi, e Kgosi Asa a neng a e epile ka ntlha ya ga Kgosi Baasha wa Iseraele.+ Eno ke yone khuti e Ishemaele morwa Nethania a neng a e tlatsa ka batho ba ba bolailweng. 10  Ishemaele o ne a isa batho botlhe ba ba neng ba le kwa Misepa+ botshwarwa, go akaretsa bomorwadia kgosi le batho botlhe ba ba neng ba tlogetswe kwa Misepa, ba Nebusaradane molaodi wa bafemedi a neng a ba neile Gedalia+ morwa Ahikame gore a ba tlhokomele. Ishemaele morwa Nethania o ne a ba isa botshwarwa a bo a tsamaya a kgabaganyetsa kwa Baamoneng.+ 11  Fa Johanane+ morwa Karea le balaodi botlhe ba masole ba ba neng ba na le ene ba utlwa ka bosula jotlhe jo Ishemaele morwa Nethania a neng a bo dirile, 12  ba ne ba tsaya banna botlhe ba bo ba ya go tlhabana le Ishemaele morwa Nethania, mme ba ne ba mo fitlhela a le gaufi le metsi a mantsi* kwa Gibeone. 13  Batho botlhe ba ba neng ba na le Ishemaele ba ne ba itumela fa ba bona Johanane morwa Karea le balaodi botlhe ba masole ba ba neng ba na le ene. 14  Foo batho botlhe ba Ishemaele a neng a ba tsere kwa Misepa+ a ba isitse botshwarwa ba ne ba boa mme ba tsamaya le Johanane morwa Karea. 15  Le fa go ntse jalo, Ishemaele morwa Nethania le banna ba le robedi mo go ba ba neng ba na le ene ba ne ba tshaba fa go Johanane mme ba ya kwa Baamoneng. 16  Johanane morwa Karea le balaodi botlhe ba masole ba ba neng ba na le ene ba ne ba tsamaya le batho botlhe ba ba tswang kwa Misepa, ba ba neng ba ba golotse mo go Ishemaele morwa Nethania fa a sena go bolaya Gedalia+ morwa Ahikame. Ba ne ba tsaya banna, masole, basadi, bana le badiredibagolo ba ntlo ya kgosi kwa Gibeone. 17  Ka jalo, ba ne ba tsamaya mme ba nna mo lefelong le batsamai ba lalang mo go lone la Kimahame gaufi le Bethelehema,+ ka boikaelelo jwa gore ba ye kwa Egepeto+ 18  ka ntlha ya Bakaladia. Ba ne ba ba boifa, ka gonne Ishemaele morwa Nethania o ne a bolaile Gedalia morwa Ahikame, yo kgosi ya Babelona e neng e mo tlhomile gore a okamele lefatshe leo.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “le lebano.”
Semela se se tshwanang le korong.
Kgotsa gongwe “mogobe o mogolo.”