Jeremia 42:1-22

  • Batho ba kopa Jeremia gore a ba rapelele ba kgone go kaelwa (1-6)

  • Jehofa o araba ka go re: “Lo se ka lwa ya kwa Egepeto” (7-22)

42  Go tswa foo, balaodi botlhe ba masole le Johanane+ morwa Karea, Jesania morwa Hoshaia le batho botlhe, go simolola ka yo monnye go fitlha ka yo mogolo, ba ne ba atamela  mme ba raya moporofeti Jeremia ba re: “Tsweetswee, utlwa kopo ya rona ya gore re utlwelwe botlhoko, mme o rapele Jehofa, Modimo wa gago mo boemong jwa rona, o rapelele masalela ano otlhe, ka gonne re setse re le mmalwa fela,+ jaaka o bona.  E kete Jehofa, Modimo wa gago a ka re bolelela tsela e re tshwanetseng go tsamaya ka yone le se re tshwanetseng go se dira.”  Moporofeti Jeremia o ne a ba raya a re: “Ke lo utlwile, e bile ke tla rapela Jehofa, Modimo wa lona go ya ka kopo ya lona; mme lefoko lengwe le lengwe le Jehofa a lo arabang ka lone, ke tla le lo bolelela. Ga nkitla ke lo fitlhela lefoko lepe.”  Ba ne ba raya Jeremia ba re: “E kete Jehofa a ka nna mosupi yo o buang boammaaruri le yo o ikanyegang, e bile e kete a ka re otlhaya fa re ka se ka ra dira se o se buang se Jehofa, Modimo wa gago a re laelang sone.  Re tla ikobela lentswe la ga Jehofa, Modimo wa rona yo re go romang kwa go ene, le fa re ka tswa re le rata kgotsa re sa le rate, gore dilo di tle di re tsamaele sentle ka gonne re tla bo re ikobela lentswe la ga Jehofa, Modimo wa rona.”  Morago ga malatsi a le lesome Jehofa o ne a bua le Jeremia.  Ka jalo, o ne a bitsa Johanane morwa Karea le balaodi botlhe ba masole ba ba neng ba na le ene le batho botlhe, go simolola ka yo monnye go fitlha ka yo mogolo.+  O ne a ba raya a re: “Jehofa, Modimo wa Iseraele, yo lo nthomileng kwa go ene gore ke lo rapelele gore a lo utlwele botlhoko a re: 10  ‘Fa e le gore eleruri lo tla tswelela lo nna mo lefatsheng leno, foo ke tla lo aga mme ga nkitla ke lo rutlolola, ke tla lo jala mme ga nkitla ke lo kumola, ka gonne ke tla ikwatlhaela* masetlapelo a ke lo a baketseng.+ 11  Lo se ka lwa tshosiwa ke kgosi ya Babelona, e lo e boifang.’+ “‘Lo se ka lwa tshoga ka ntlha ya gagwe,’ go bua Jehofa, ‘ka gonne ke na le lona, gore ke lo boloke le gore ke lo golole mo seatleng sa gagwe. 12  Ke tla lo utlwela botlhoko,+ mme kgosi eo e tla lo utlwela botlhoko e bo e lo busetsa kwa lefatsheng la lona. 13  “‘Mme fa lo re, “Nnyaa, ga re kitla re tswelela re nna mo lefatsheng leno!” mme lo sa ikobele lentswe la ga Jehofa, Modimo wa lona 14  ka go bua lo re, “Nnyaa, re tla ya kwa lefatsheng la Egepeto,+ kwa re se kitlang re bona ntwa gone kgotsa re utlwa modumo wa lonaka kgotsa re tlhoka senkgwe; ke gone kwa re tla nnang gone,” 15  ka jalo, utlwang lefoko la ga Jehofa, lona masalela a Juda. Seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang: “Fa e le gore lo ikemiseditse go ya kwa Egepeto mme lo bo lo tsamaya lo ya go aga teng,* 16  foo yone tšhaka e lo e boifang e tla lo latelela teng kwa lefatsheng la Egepeto, e bile lone leuba le lo le boifang le tla lo latelela teng kwa Egepeto, mme lo tla swela teng koo.+ 17  Mme banna botlhe ba ba ikemiseditseng go ya kwa Egepeto gore ba ye go nna teng ba tla bolawa ke tšhaka, ke leuba le ke bolwetse jwa leroborobo. Ga go na ope wa bone yo o tla falolang kgotsa yo o tla tshabelang masetlapelo a ke tla ba a tlisetsang.”’ 18  “Gonne seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang: ‘Fela jaaka ke ile ka tshololela bogale jwa me le tšhakgalo ya me mo banning ba Jerusalema,+ ka tsela e e tshwanang ke tla tshololela tšhakgalo ya me mo go lona fa lo ka ya kwa Egepeto, mme lo tla nna phutso, selo se se tshosang le kgobo,+ mme ga lo kitla lo tlhola lo bona lefelo leno gape.’ 19  “Jehofa o buile le lona, lona masalela a Juda. Lo se ka lwa ya kwa Egepeto. Lo se ka lwa lebala gore ke ne ka lo tlhagisa ka seo gompieno 20  gore molato wa lona o tla dira gore lo latlhegelwe ke matshelo* a lona. Gonne lo ne lwa nthoma kwa go Jehofa, Modimo wa lona lo re, ‘Rapela Jehofa, Modimo wa rona mo boemong jwa rona, o bo o re bolelela sengwe le sengwe se Jehofa, Modimo wa rona a se buang mme re tla se dira.’+ 21  E bile ke ne ka lo bolelela gompieno, le fa go ntse jalo, ga lo kitla lo ikobela lentswe la ga Jehofa, Modimo wa lona e bile ga lo kitla lo dira sepe se a nthomileng gore ke se lo bolelele.+ 22  Ka jalo, itseng gore ruri lo tla bolawa ke tšhaka, ke leuba le ke bolwetse jwa leroborobo kwa lefelong le lo batlang go ya go nna kwa go lone.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ke tla hutsafadiwa ke.”
Kgotsa “lo ya go aga teng ka nakwana.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.