Jeremia 43:1-13

  • Batho ga ba reetse ba bo ba ya kwa Egepeto (1-7)

  • Se Jehofa a se bolelelang Jeremia kwa Egepeto (8-13)

43  Fa Jeremia a sena go bolelela batho botlhe mafoko ano otlhe a a tswang kwa go Jehofa, Modimo wa bone, e leng lefoko lengwe le lengwe le Jehofa, Modimo wa bone a neng a mo romile gore a le ba bolelele,  Asaria morwa Hoshaia, Johanane+ morwa Karea le banna botlhe ba ba ikgodisang ba ne ba raya Jeremia ba re: “O bua maaka! Jehofa, Modimo wa rona ga a go roma gore o re reye o re, ‘Lo se ka lwa ya kwa Egepeto lwa ya go nna teng.’  Mme Baruke+ morwa Neria ke ene a go tlhotlheletsang gore o bue ka tsela eo gore o re tsenye mo seatleng sa Bakaladia, gore ba re bolaye kgotsa ba re ise botshwarwa kwa Babelona.”+  Ka jalo, Johanane morwa Karea le balaodi botlhe ba masole le batho botlhe ba ne ba se ka ba ikobela lentswe la ga Jehofa la gore ba tswelele ba nna mo lefatsheng la Juda.  Go na le moo, Johanane morwa Karea le balaodi botlhe ba masole ba ne ba tsamaya le masalela otlhe a Juda a a neng a boile a tlile go nna mo lefatsheng la Juda a tswa kwa ditšhabeng tsotlhe tse a neng a phatlalaletse kwa go tsone.+  Ba ne ba tsaya banna, basadi, bana, bomorwadia kgosi le mongwe le mongwe yo Nebusaradane+ molaodi wa bafemedi a neng a mo tlogetse le Gedalia+ morwa Ahikame+ morwa Shafane,+ mmogo le moporofeti Jeremia le Baruke morwa Neria.  Mme ba ne ba ya kwa lefatsheng la Egepeto, ka gonne ba ne ba se ka ba ikobela lentswe la ga Jehofa, mme ba ile ba bo ba ya go fitlha kwa Tapanese.+  Foo Jehofa o ne a bua le Jeremia fa a le kwa Tapanese a re:  “Tsaya maje a magolo, mme o a fitlhe mo seretseng mo setupung se se dirilweng ka ditena fa kgorong ya ntlo ya ga Faro kwa Tapanese, banna ba Bajuda ba ntse ba go lebile. 10  Go tswa foo, o ba reye o re, ‘Seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang: “Jaanong ke laela gore go bidiwe Nebukadenesare* kgosi ya Babelona, yo e leng motlhanka wa me,+ mme ke tla baya setulo sa gagwe sa bogosi mo godimo ga maje ano a ke a fitlhileng, e bile o tla tsharololela tente ya gagwe ya segosi mo godimo ga one.+ 11  Mme o tla tla a bo a tlhasela lefatshe la Egepeto.+ Bangwe ba lona ba tla bolawa ke bolwetse jo bo kotsi, bangwe ba lona ba tla isiwa botshwarwa, e bile bangwe ba lona ba tla bolawa ka tšhaka.+ 12  Ke tla tshuba matlo* a medimo ya Egepeto ka molelo,+ mme ene o tla a fisa a bo a isa medimo eo botshwarwa. O tla ithathelela ka lefatshe la Egepeto fela jaaka modisa a ithathelela ka seaparo sa gagwe, mme o tla tswa koo ka kagiso.* 13  Mme o tla thubaganya dipilara* tsa Bethe-shemeshe* tse di kwa lefatsheng la Egepeto, e bile o tla tshuba matlo* a medimo ya Egepeto ka molelo.”’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Kgotsa “ditempele.”
Kgotsa “a sa gobala.”
Kgotsa “difikantswe.”
Kgotsa “Ntlo (Tempele) ya Letsatsi,” go tewa Heliopolise.
Kgotsa “ditempele.”