Jeremia 44:1-30

  • Boporofeti jwa gore Bajuda ba ba kwa Egepeto ba tla welwa ke masetlapelo (1-14)

  • Batho ga ba reetse fa Modimo a ba tlhagisa (15-30)

    • Ba obamela “Kgosigadi ya Legodimo” (17-19)

44  Lefoko leno le ne la tla mo go Jeremia le ya kwa Bajudeng botlhe ba ba nnang mo lefatsheng la Egepeto,+ ba ba nnang kwa Migedole,+ kwa Tapanese,+ kwa Nofe*+ le kwa lefatsheng la Patherose:+  “Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a re, ‘Lo bone masetlapelo otlhe a ke a tliseditseng Jerusalema+ le metse yotlhe ya Juda, mme gompieno e setse e le marope fela, ga e na monni.+  Ke dirile seno ka ntlha ya dilo tse di bosula tse ba neng ba di dira gore ba nkgopise ka go tsamaya ba ya go ntshetsa medimo e mengwe e ba iseng ba ko ba e itse ditlhabelo+ ba bo ba e direla, e lona kgotsa borraalonamogolo lo iseng lo ke lo e itse.+  Ke ne ka nna ka roma batlhanka ba me botlhe kwa go lona, e bong baporofeti, ke ba roma gangwe le gape,* ke re: “Tsweetswee, lo se ka lwa dira selo seno se se makgapha se ke se tlhoileng.”+  Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba reetsa kgotsa ba tlhwaya tsebe gore ba tlogele bosula jwa bone mme ba kgaotse go ntshetsa medimo e mengwe ditlhabelo.+  Ka jalo, ke ne ka tsholola tšhakgalo ya me le bogale jwa me mme tsa tuka mo metseng ya Juda le mo mebileng ya Jerusalema, mme di ne tsa fetoga marope le naga e e kgakgabetseng, jaaka di ntse mo letsatsing leno.’+  “Mme jaanong Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a re, ‘Goreng lo ipakela masetlapelo a magolo gore banna le basadi botlhe, bana le masea ba nyelele mo Juda, lo sale lo se na masalela ape?  Goreng lo nkgopisa ka ditiro tsa diatla tsa lona ka go ntshetsa medimo e mengwe ditlhabelo mo lefatsheng la Egepeto le lo ileng go nna kwa go lone? Lo tla nyelela lo bo lo nna selo sa go hutsiwa le kgobo mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe.+  A lo lebetse ditiro tse di bosula tsa borraalonamogolo le ditiro tse di bosula tsa dikgosi tsa Juda+ le ditiro tse di bosula tsa basadi ba bone,+ mmogo le ditiro tsa lona tse di bosula le ditiro tsa basadi ba lona tse di bosula,+ tse di dirilweng mo lefatsheng la Juda le mo mebileng ya Jerusalema? 10  Go tla go fitlha mo letsatsing leno ga ba a ka ba ikokobetsa,* ga ba a ka ba mpoifa,+ e bile ga ba a ka ba tsamaya mo molaong wa me le mo ditaelong tsa me tse ke di neileng lona le borraalonamogolo.’+ 11  “Ka jalo, Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a re, ‘Jaanong ke ikemiseditse go lo tlisetsa masetlapelo, gore ke fedise batho botlhe ba Juda. 12  Mme ke tla tsaya masalela a Juda a a neng a ikemiseditse go ya kwa lefatsheng la Egepeto go ya go nna gone, mme botlhe ba tla swela kwa lefatsheng la Egepeto.+ Ba tla bolawa ka tšhaka e bile ba tla fedisiwa ke leuba; go simolola ka yo monnye go fitlha ka mogolo, ba tla bolawa ke tšhaka le leuba. Mme ba tla nna phutso, selo se se tshosang le kgobo.+ 13  Ke tla otlhaya ba ba nnang kwa lefatsheng la Egepeto, fela jaaka ke ne ka otlhaya Jerusalema ka tšhaka, ka leuba le ka bolwetse jwa leroborobo.+ 14  Mme masalela a Juda a a neng a ya go nna kwa lefatsheng la Egepeto ga a kitla a tshaba kgotsa a falola gore a boele kwa lefatsheng la Juda. Ba tla eletsa go boela teng le go nna teng, le fa go ntse jalo, ga ba kitla ba boa, kwantle ga bafalodi ba le mmalwa fela.’” 15  Banna botlhe ba ba neng ba itse gore basadi ba bone ba ne ba ntse ba ntshetsa medimo e mengwe ditlhabelo le basadi botlhe ba ba neng ba eme foo, ba e neng e le setlhopha se segolo, le batho botlhe ba ba neng ba nna mo lefatsheng la Egepeto,+ kwa Patherose,+ ba ne ba araba Jeremia ba re: 16  “Ga re kitla re reetsa lefoko le o re boleletseng lone mo leineng la ga Jehofa. 17  Go na le moo, re tla diragatsa lefoko lengwe le lengwe le le duleng mo melomong ya rona, gore re fisetse Kgosigadi ya Legodimo* ditlhabelo re bo re mo tshelele ditlhabelo tsa senô,+ fela jaaka rona, borraaronamogolo, dikgosi tsa rona le dikgosana tsa rona ba ne ba dira mo metseng ya Juda le mo mebileng ya Jerusalema fa re ne re kgotsofadiwa ke senkgwe e bile re tshela sentle, fa re ne re sa tlelwe ke masetlapelo ape gotlhelele. 18  Fa e sa le re tlogela go fisetsa Kgosigadi ya Legodimo* ditlhabelo le go mo tshelela ditlhabelo tsa senô, re tlhoka sengwe le sengwe e bile re fedisiwa ke tšhaka le leuba.” 19  Basadi ba ne ba oketsa ka go re: “Banna ba rona ba ne ba re letla gore re fisetse Kgosigadi ya Legodimo* ditlhabelo e bile re mo tshelele ditlhabelo tsa senô, gape re mo direle dikuku tsa setlhabelo tse di bopegileng jaaka ene.” 20  Foo Jeremia o ne a raya batho botlhe, banna le basadi ba bone le batho botlhe ba ba neng ba bua le ene a re: 21  “Ditlhabelo tse lona, borraalonamogolo, dikgosi tsa lona, dikgosana tsa lona le batho ba lefatshe leno lo neng lwa di ntsha mo metseng ya Juda le mo mebileng ya Jerusalema,+ Jehofa o ne a di gakologelwa mme di ne tsa tla mo pelong ya gagwe. 22  La bofelo Jehofa o ne a sa tlhole a kgona go itshokela ditiro tsa lona tse di bosula le dilo tse di makgapha tse lo neng lo di dirile, mme lefatshe la lona le ne la fetoga lefelo le le kgakgabetseng, selo se se tshosang le phutso, le ne la sala le se na monni, jaaka le ntse gompieno.+ 23  E re ka lo ile lwa ntsha ditlhabelo tseno e bile lo ile lwa leofela Jehofa ka go sa ikobele lentswe la ga Jehofa le ka go sa latele molao wa gagwe, ditaelo tsa gagwe le dikgakololo tsa gagwe, ke gone ka moo lo wetsweng ke masetlapelo ano, jaaka go diragetse gompieno.”+ 24  Jeremia o ne a tswelela a raya batho botlhe le basadi botlhe a re: “Utlwang lefoko la ga Jehofa, lona lotlhe batho ba Juda ba ba mo lefatsheng la Egepeto. 25  Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a re, ‘Se lona le basadi ba lona lo se buileng ka melomo ya lona, lo se dirile ka diatla tsa lona, ka gonne lo ne lwa re: “Eleruri re tla diragatsa maikano a re a dirileng a gore re fisetse Kgosigadi ya Legodimo* ditlhabelo le go mo tshelela ditlhabelo tsa senô.”+ Eleruri lona basadi ke lona, lo tla dira maikano e bile lo tla diragatsa maikano a lona.’ 26  “Ka jalo, utlwang lefoko leno la ga Jehofa, lona lotlhe batho ba Juda ba ba nnang mo lefatsheng la Egepeto: ‘ “Jaanong ke ikana ka leina la me le legolo,” go bua Jehofa, “gore leina la me ga le kitla le tlhola le buiwa ke motho ope wa Juda+ a ikana mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, a re, ‘Ke ikana ka Morena Molaodimogolo Jehofa yo o tshelang!’+ 27  Jaanong ke ikemiseditse go ba tlisetsa masetlapelo, e seng se se molemo;+ banna botlhe ba Juda ba ba mo lefatsheng la Egepeto ba tla bolawa ke tšhaka le leuba, go fitlha ba sa tlhole ba le teng.+ 28  Ke batho ba le mmalwa fela ba ba tla falolang tšhaka ba bo ba tswa kwa lefatsheng la Egepeto ba boela kwa lefatsheng la Juda.+ Ka nako eo, masalela otlhe a Juda a a tlileng mo lefatsheng la Egepeto go tla go aga teng a tla itse gore ke lefoko la ga mang le le diragetseng, la me kgotsa la bone!”’” 29  “Jehofa a re, ‘Ke tla lo naya sesupo se se tla lo bontshang gore ke tla lo otlhaela mo lefelong leno, gore lo tle lo itse gore mafoko a me a gore ke tla lo tlisetsa masetlapelo ruri a tla diragala. 30  Seno ke se Jehofa a se buang: “Jaanong ke tsenya Faro Hofera, kgosi ya Egepeto, mo seatleng sa baba ba gagwe le sa ba ba batlang go mmolaya, fela jaaka ke ne ka tsenya Kgosi Sedekia wa Juda mo seatleng sa ga Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona, yo e neng e le mmaba wa gagwe le yo o neng a batla go mmolaya.”’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Memefise.”
Seheb., “ke tsoga go sa le phakela ke bo ke roma.”
Kgotsa “ba ikutlwa ba gateletswe.”
Sereto sa modimo wa mosadi yo o neng a obamelwa ke Baiseraele ba ba tlhanogileng; gongwe modimo wa mosadi wa tsalo.
Sereto sa modimo wa mosadi yo o neng a obamelwa ke Baiseraele ba ba tlhanogileng; gongwe modimo wa mosadi wa tsalo.
Sereto sa modimo wa mosadi yo o neng a obamelwa ke Baiseraele ba ba tlhanogileng; gongwe modimo wa mosadi wa tsalo.
Sereto sa modimo wa mosadi yo o neng a obamelwa ke Baiseraele ba ba tlhanogileng; gongwe modimo wa mosadi wa tsalo.
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.