Jeremia 45:1-5

  • Molaetsa wa ga Jehofa o o yang kwa go Baruke (1-5)

45  Leno ke lefoko le moporofeti Jeremia a neng a le bolelela Baruke+ morwa Neria, fa a ne a kwala mafoko ano mo bukeng Jeremia+ a ntse a mmolelela one mo ngwageng wa bonê wa puso ya ga Jehoiakime+ morwa Josia, kgosi ya Juda:  “Seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang ka ga gago, wena Baruke,  ‘O ne wa bua jaana: “Ruri ke tlhomola pelo, ka gonne Jehofa o okeditse botlhoko jwa me ka khutsafalo! Ke lapisitswe ke go nna ke lela, e bile ga ke a bona lefelo lepe la boikhutso.”’  “O mo reye o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “Se ke se agileng ke a se rutlolola, le se ke se jadileng ke a se kumola. Ke tla dira seno mo lefatsheng lotlhe.+  Mme wena, o ipatlela* dilo tse dikgolo. Tlogela go batla dilo tse di ntseng jalo.”’ “‘Gonne ke tloga ke tlisetsa batho botlhe* masetlapelo,’+ go bua Jehofa, ‘mme gongwe le gongwe kwa o ka yang gone, botshelo* jwa gago bo tla bolokwa.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “solofela.”
Seheb., “nama yotlhe.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.