Jeremia 46:1-28

  • Boporofeti ka se se tla diragalelang Egepeto (1-26)

    • Nebukadenesare o tla fenya Egepeto (13, 26)

  • Dilo tse Iseraele e di solofediwang (27, 28)

46  Leno ke lefoko la ga Jehofa le le neng la tla mo go moporofeti Jeremia le le amanang le ditšhaba:+  Lefoko le le ka ga Egepeto,+ le le amanang le masole a ga Faro Neko+ kgosi ya Egepeto, yo o neng a le fa thoko ga Noka ya Euferatese mme a fenngwa kwa Karakemishe ke Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona mo ngwageng wa bonê wa puso ya ga Jehoiakime+ morwa Josia, kgosi ya Juda:   “Baakanyang dithebe tse dinnye* le dithebe tse dikgolo,Mme lo ye kwa tlhabanong.   Golegang dipitse lo bo lo di palama, lona masole a a tsamayang ka dipitse. Emang mo maemong a lona mme lo rwale ditlhoro tsa lona tsa phemelo. Phatsimisang marumo lo bo lo apara diaparo tsa phemelo.   Jehofa a re, ‘Ke ka ntlha yang fa ke ba bona ba wetswe ke poifo? Ba a tshaba ba boela morago, batlhabani ba bone ba fentswe. Ba tshabile ka ntlha ya letshogo, batlhabani ba bone ga ba a ka ba retologa. Go na le letshogo gotlhe fela.’   ‘Ba ba bofefo ga ba kgone go tshaba, le batlhabani ga ba kgone go falola. Ba ne ba kgopiwa ba bo ba wa+Kwa bokone, fa lotshitshing lwa Noka ya Euferatese.’   Ke mang yono yo o tlang jaaka Noka ya Nile,Jaaka dinoka tse metsi a tsone a kgaphaselang?   Egepeto e tla fela jaaka Noka ya Nile,+Jaaka dinoka tse metsi a tsone a kgaphaselang,Mme ya re, ‘Ke tla tlhatloga ke bo ke khurumetsa lefatshe. Ke tla senya motse le ba ba nnang mo go one.’   Tlhatlogang, lona dipitse! Tsamayang ka botsenwa, lona dikara! A batlhabani ba tsamaye,Kushe le Pute, ba ba tsholang thebe,+Le Baludime,+ ba ba tsholang bora e bile ba bo oba.*+ 10  “Letsatsi leo ke la Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo, letsatsi la pusoloso la gore a ipusolosetse mo babeng ba gagwe. Mme tšhaka e tla laila e bo e kgotsofala e bile e tla nwa madi a bone go fitlha e a kgora, ka gonne Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo, o na le setlhabelo* kwa lefatsheng la bokone fa Nokeng ya Euferatese.+ 11  Ya kwa Gileade o ye go tsaya balema,+Wena morwadia Egepeto wa kgarebane. Melemo ya gago e mentsi ga e kitla e go thusa,Gonne ga o na go fola.+ 12  Ditšhaba di utlwile gore o tlontlologile,+E bile selelo sa gago se tletse mo lefatsheng. Gonne motlhabani o kgopiwa ke motlhabani yo mongwe,Mme boobabedi ba wa mmogo.” 13  Leno ke lefoko le Jehofa a neng a le bolelela moporofeti Jeremia a tlhalosa gore Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona o tla tla go kgemetha lefatshe la Egepeto:+ 14  “Bolelang seno mo Egepeto, itsiseng seno mo Migedole.+ Se itsiseng mo Nofe* le mo Tapanese.+ Buang lo re, ‘Emang mo maemong a lona mme lo ipaakanye,Gonne tšhaka e tla laila botlhe ba ba go dikologileng. 15  Ke ka ntlha yang fa banna ba gago ba ba maatla ba gogotswe? Ga ba a ka ba itsetsepela,Gonne Jehofa o ba kgoromeditse. 16  Ba kgopiwa ba le bantsi thata e bile ba a wa. Ba raana ba re: “Ema! A re boele kwa bathong ba garona le kwa lefatsheng la rona,Re tshabe tšhaka e e setlhogo.”’ 17  Fa ba le koo ba ne ba re,‘Faro kgosi ya Egepeto ke modumo fela o o sa reng sepe,O tlogetse tshono* e feta.’+ 18  ‘Ke ikana ka nna,’ go bua Kgosi, e leina la yone e leng Jehofa wa masomosomo,‘O* tla tsena jaaka Tabore+ mo dithabengLe jaaka Karemele+ fa lewatleng. 19  Ipaakanyetse morwalo wa go ya botshwarwa,Wena morwadi yo o nnang mo Egepeto. Gonne Nofe* o tla fetoga selo se se tshosang;O tla fisiwa ka molelo* e bile o tla sala a se na monni.+ 20  Egepeto o tshwana le kgomo e ntle ya moroba,*Mme dintsi tse di lomang di tla mo tlhasela di tswa kwa bokone. 21  Tota le masole a gagwe a a thapilweng a a mo go ene a tshwana le dinamane tse di nonneng,Le fa go ntse jalo, le bone ba ne ba retologa mme ba tshaba mmogo. Ba ne ba sa kgone go itsetsepela,+Gonne ba wetswe ke letsatsi la masetlapelo,E leng nako ya gore ba atlholwe.’ 22  ‘Modumo wa gagwe o tshwana le wa noga e e lelemelang,Gonne ba tla ba mo lelekisitse ka dikgoka, ba tshotse dilepe,Jaaka batho ba ba remang ditlhare.* 23  Ba tla rema sekgwa sa gagwe,’ go bua Jehofa, ‘le fa gone se ne se lebega se ka se tsenege. Gonne ba bantsi thata go feta tsie, ga ba na palo. 24  Morwadia Egepeto o tla tlhabiwa ke ditlhong. O tla tsenngwa mo seatleng sa batho ba kwa bokone.’+ 25  “Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a re: ‘Jaanong ke otlhaya Amone+ yo o tswang kwa No,*+ Faro, Egepeto, medimo ya gagwe+ le dikgosi tsa gagwe. Ruri ke otlhaya Faro le botlhe ba ba mo ikanyang.’+ 26  “‘Mme ke tla ba tsenya mo seatleng sa ba ba batlang go ba bolaya, mo seatleng sa ga Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona+ le batlhanka ba gagwe. Le fa go ntse jalo, morago ga moo o tla nniwa jaaka mo metlheng e e fetileng,’ go bua Jehofa.+ 27  ‘Mme wena Jakobe motlhanka wa me, o se ka wa boifa,E bile o se ka wa tshoga, wena Iseraele.+ Gonne ke tla go golola go tswa kgakalaLe bana* ba gago go tswa kwa lefatsheng le ba neng ba isitswe botshwarwa kwa go lone.+ Jakobe o tla boa mme o tla nna a ritibetse e bile a sa tshwenngwe ke sepe,Go se na ope yo o ba boifisang.+ 28  Ka jalo, o se ka wa boifa, wena Jakobe motlhanka wa me,’ go bua Jehofa, ‘ka gonne ke na le wena. Ke tla fedisa ditšhaba tsotlhe tse ke go gasamiseditseng kwa go tsone,+Le fa go ntse jalo, wena ga nkitla ke go fedisa.+ Ke tla go otlhaya ka selekanyo se se tshwanetseng,+Mme ga nkitla ke go tlogela o sa otlhaiwa.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Thebe e nnye e gantsi e neng e tsholwa ke bahulametswi.
Seheb., “gata.”
Kgotsa “polao.”
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Kgotsa “Memefise.”
Seheb., “nako e e tlhomilweng.”
Go tewa yo o tla fenyang Egepeto.
Kgotsa “Memefise.”
Kgotsa gongwe “O tla fetoga naga e e kgakgabetseng.”
Kgotsa “kgomo e e iseng e nne le namane.”
Kgotsa “ba ba rwalelang dikgong.”
Go tewa Thebesa.
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Seheb., “losika.”