Jeremia 47:1-7

  • Boporofeti ka se se tla diragalelang Bafilisitia (1-7)

47  Leno ke lefoko la ga Jehofa le le neng la tla mo go moporofeti Jeremia le le amanang le Bafilisitia,+ pele ga Faro a kgemetha Gasa.  Seno ke se Jehofa a se buang: “Metsi a tla a tswa kwa bokone. A tla fetoga molatswana o o penologang. Mme a tla gogola lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone,Motse le ba ba nnang mo go one. Banna ba tla goa,Le mongwe le mongwe yo o nnang mo nageng eo o tla bokolela.   Fa go utlwala modumo wa go tiba ga ditlhakwana tsa dipitse tsa gagwe tse ditonanyana,Go tlharakana ga dikara tsa gagwe tsa ntwaLe modumo wa maotwana a dikara tsa gagwe,Tota le borre ba tla sia,Ka gonne ba se na bopelokgale jwa go thusa bana ba bone,   Ka gonne letsatsi le le tlang le tla fedisa Bafilisitia botlhe;+Le tla fedisa batho botlhe ba ba setseng, ba ba ikgolagantseng le Ture+ le Sidona.+ Gonne Jehofa o tla fedisa BafilisitiaBa ba setseng ba ba tswang kwa setlhaketlhakeng sa Kafetore.*+   Gasa o tla nna lefatla.* Ashekelone o didimaditswe.+ Lona masalela a lebala le le kwa tlase,Lo tla nna lo itshegaka ka lobaka lo lo kae?+   Ao tlhe tšhaka ya ga Jehofa!+ O tla nna o sa didimala ka lobaka lo lo kae? Boela mo kgetsaneng ya gago. Ikhutse mme o didimale.   E ka didimala jangJehofa a e laetse? O e rometse gore e ye go tlhaselaKwa Ashekelona le kwa losing lwa lewatle.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa Kereta.
Go tewa gore ba tla beola ditlhogo tsa bone ka ntlha ya khutsafalo le go tlhabiwa ke ditlhong.