Jeremia 48:1-47

  • Boporofeti ka se se tla diragalelang Moabe (1-47)

48  Seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang ka ga Moabe:+ “Ruri go latlhega Nebo,+ ka gonne o fedisitswe! Kiriathaime+ o tlhabisitswe ditlhong e bile o gapilwe. Lefelo la botshabelo le le sireletsegileng* le tlhabisitswe ditlhong e bile le thubagantswe.+   Ga ba tlhole ba baka Moabe. Kwa Heshebone+ ba mo logetse leano la go mo diga ba re: ‘Tlang, a re mo fediseng gore a se tlhole a nna setšhaba.’ Le wena Matemene, o tshwanetse go didimala,Gonne tšhaka e go setse morago.   Go na le modumo wa selelo go tswa kwa Horonaime,+Wa go senngwa le go gosomana mo gogolo.   Moabe o sentswe. Bana ba gagwe ba bannye ba a lela.   Ba lela ba sa kgaotse fa ba ntse ba tlhatloga thotana ya Luhithe. Mme fa ba le mo tseleng e e tswang kwa Horonaime ba utlwa selelo sa masetlapelo ka ntlha ya tshenyego e e diregileng.+   Tshabang, falotsang botshelo* jwa lona! Lo tshwanetse go nna jaaka setlhare sa mofira mo nageng.   E re ka o ikanya ditiro tsa gago le matlotlo a gago,Le wena o tla gapiwa. Mme Kemoshe+ o tla ya botshwarwa,Mmogo le baperesiti ba gagwe le dikgosana tsa gagwe.   Mosenyi o tla tsena mo motseng mongwe le mongwe,Mme ga go na motse ope o o tla falolang.+ Mokgatšha* o tla nyelela,Le naga e e lebala* e tla nyelediwa, fela jaaka Jehofa a buile.   Tlhomelang Moabe letshwao la tsela,Gonne o tla tshaba fa a nna marope,Le metse ya gagwe e tla nna selo se se tshosang,E tla sala e se na monni.+ 10  A go hutsege yo o diragatsang thomo ya ga Jehofa ka go itsemeletsa! A go hutsege yo o thibelang tšhaka ya gagwe go bolaya motho! 11  Bamoabe ba ntse ba sa tshwenngwe ke sepe go tloga bosheng jwa bone,Jaaka beine e e itshekileng mo dintsheng.* Ga ba a ntshiwa mo nkgong e nngwe ba bo ba tsenngwa mo go e nngwe,E bile ga ba ise ba ko ba ye botshwarwa. Ke gone ka moo tatso ya bone e ntseng e tshwana,Le lonko lwa bone lo sa fetoga. 12  “‘Ka jalo, metlha e etla,’ go bua Jehofa, ‘ya fa ke tla romela batho gore ba ba pitikolole. Ba tla ba pitikolola ba bo ba tsholola se se mo dijaneng tsa bone, e bile ba tla thubaganya dinkgo tsa bone tse dikgolo. 13  Mme Bamoabe ba tla tlhabisiwa ditlhong ke Kemoshe, fela jaaka Baiseraele ba tlhabisiwa ditlhong ke Bethele, e ba neng ba e tshepile.+ 14  Go tla jang gore lo re: “Re batlhabani ba ba maatla, ba ba ipaakanyeditseng go ya ntweng”?’+ 15  ‘Moabe o sentswe,Metse ya gagwe e tlhasetswe,+Le makawana a bone a a nonofileng a bolailwe,’+ Go bua Kgosi, e leina la yone e leng Jehofa wa masomosomo.+ 16  Masetlapelo a gaufi le go tlela Bamoabe,Le go fedisiwa ga bone go atamela ka bofefo.+ 17  Botlhe ba ba ba dikologileng ba tla tshwanelwa ke go ba utlwela botlhoko,Botlhe ba ba itseng leina la bone. Ba reyeng lo re, ‘Ruri thobane e e thata e robagantswe, e leng puso e galalelang!’ 18  Fologa mo kgalalelong ya gago,Mme o nne fa fatshe o tshwerwe ke lenyora,* wena morwadi yo o nnang mo Dibone,+Gonne mosenyi wa Moabe o a go tlhasela,E bile o tla senya mafelo a gago a a sireletsegileng.+ 19  Ema gaufi le tsela, wena yo o nnang mo Aroere.+ Botsa monna yo o tshabang le mosadi yo o falolang o re, ‘Go diragetse eng?’ 20  Moabe o tlhabisitswe ditlhong e bile o wetswe ke poifo. Bokolelang lo bo lo goe. Itsiseng mo Arenone+ gore Moabe o fedisitswe. 21  “Katlholo e tlile mo nageng e e lebala,*+ e tletse Holone, Jahase+ le Mefaathe;+ 22  e tletse Dibone,+ Nebo+ le Bethe-dibelathaime; 23  e tletse Kiriathaime,+ Bethe-gamule le Bethe-meone;+ 24  e tletse Keriothe+ le Bosera; e bile e tletse le metse yotlhe ya lefatshe la Moabe, e e kgakgala le e e gaufi. 25  ‘Nonofo ya Moabe e fedisitswe;*Lebogo la gagwe le robagantswe,’ go bua Jehofa. 26  ‘Mo tagiseng,+ ka gonne o ikgodisetsa Jehofa.+ Moabe o bidikama mo matlhatseng a gagwe,Mme o fetogile sengwe se batho ba se sotlang. 27  A o ne o sa sotle Iseraele?+ A o ne a fitlhelwa a na le magodu,Mo o ka tshikinyang tlhogo ya gago o bo o mo latofatsa? 28  Tswang mo metseng mme lo ye go nna mo lefikeng, lona banni ba Moabe,Mme lo nne jaaka leeba le le agileng mo matlhakoreng a khuti e e mo gare ga dithaba.’” 29  “Re utlwile ka mabela a ga Moabe gore o ikgogomosa thata,Re utlwile ka boikgodiso jwa gagwe, mabela a gagwe, boikgogomoso jwa gagwe le go itlotlomatsa ga pelo ya gagwe.”+ 30  “‘Ke itse tšhakgalo ya gagwe,’ go bua Jehofa,‘Mme puo ya gagwe e e se nang mosola e tla nna lefela. Ga ba kitla ba dira sepe. 31  Ke gone ka moo ke tla bokolelang ka ntlha ya Moabe,Gonne batho botlhe ba Moabe ba tla lela. E bile ba tla hutsafalela banna ba Kire-herese.+ 32  Ke tla go lelela thata go feta Jasere,+Wena morara* wa Sibema.+ Matlhogela a gago a a golang sentle a kgabagantse lewatle. A fitlhile kwa lewatleng, kwa Jasere. Mosenyi o fologetse+Mo maungong a gago a selemo* le mo morareng wa gago o o o kgetlileng. 33  Boitumelo le boipelo di tlositswe mo tshingwaneng ya maungoLe mo lefatsheng la Moabe.+ Ke dirile gore beine e kgaotse go elela mo segatisetsong sa beine. Ga go na ope yo o tla gatang morara a ntse a goa ka boitumelo. Go tla utlwala go goa ga mofuta o mongwe.’”+ 34  “‘Go utlwala modumo wa go goa go tswa kwa Heshebone+ go ya go fitlha kwa Eleale.+ Ba goa ka lentswe le le kwa godimo le le utlwiwang kwa Jahase,+Go tswa kwa Soare go ya kwa Horonaime+ go ya go fitlha kwa Egelatha-shelishiya. Tota le metsi a Nimerime a tla kgala.+ 35  Ke tla dira gore mo Moabe,Go se tlhole go nna le motho yo o fisang maswalo mo lefelong le le kwa godimo le le boitshepo,Le yo o ntshetsang modimo wa gagwe ditlhabelo’ go bua Jehofa. 36  ‘Ke gone ka moo pelo ya me e tla hutsafalelang* Moabe jaaka modumo wa fulutu,*+Le pelo ya me e tla hutsafalelang* batho ba kwa Kire-herese jaaka modumo wa fulutu.* Gonne dikhumo tse a di kokoantseng di tla nyelela. 37  Gonne tlhogo nngwe le nngwe e lefatla,+Le ditedu tsotlhe di kgaotswe. Seatla sengwe le sengwe se segakilwe,+E bile ba apare letsela la kgetsi mo dinôkeng!’”+ 38  “‘Mo marulelong otlhe a MoabeLe mo dipatlelong tsotlhe tsa gagweGo utlwala go bokolela fela. Gonne ke thubagantse MoabeFela jaaka nkgo e e se nang mosola,’ go bua Jehofa. 39  ‘Ruri o tshogile! Bokolelang! Ruri Moabe o ne a tshaba a tlhabilwe ke ditlhong! Moabe o fetogile selo sa go sotliwa,Sengwe se se tshosang mo go botlhe ba ba mo dikologileng.’” 40  “Gonne seno ke se Jehofa a se buang: ‘Mmaba o tla tsharololela diphuka tsa gagwe mo godimo ga Moabe+Fela jaaka ntsu e e fologelang kwa tlase gore e phamole sengwe.+ 41  Metse ya gagwe e tla gapiwa,Le dikago tsa gagwe tse di thata di tla fenngwa. Mo letsatsing leo, batlhabani ba Moabe ba tla tshogaFela jaaka mosadi yo o belegang.’” 42  “‘Mme Moabe o tla fedisiwa gore a se tlhole a nna setšhaba,+Ka gonne o ikgodiseditse Jehofa.+ 43  Fa pele ga gago go na le letshogo le khuti le serai,Wena monni wa Moabe,’ go bua Jehofa. 44  ‘Mongwe le mongwe yo o tshabang ka ntlha ya letshogo o tla wela mo khuting,E bile mongwe le mongwe yo o tswang mo khuting o tla tshwarwa ke serai.’ ‘Gonne ke tla tlisetsa Moabe ngwaga o ke tla ba otlhayang ka one,’ go bua Jehofa. 45  ‘Ba ba tshabang ba eme fela mo moriting wa Heshebone ba se na maatla. Gonne molelo o tla tswa mo HesheboneLe kgabo ya molelo e tla tswa mo motseng wa ga Sihone.+ E tla laila phatla ya MoabeLe logata lwa batlhabani ba ba ratang ntwa.’+ 46  ‘Ruri go latlhega wena, Moabe! Batho ba Kemoshe+ ba nyeletse. Gonne bomorwao ba isitswe botshwarwaLe bomorwadio ba ile botshwarwa.+ 47  Le fa go ntse jalo, go ela kwa bokhutlong jwa metlha ke tla phutha batho ba Moabe ba ba isitsweng botshwarwa,’ go bua Jehofa. ‘Molaetsa wa katlholo e e tlelang Moabe+ o felela fano.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kago e e sireletsegileng.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “Lebala le le kwa tlase.”
Kgotsa “naga e e kwa godimo e e sephaphathi.”
Kgotsa “maritseng.”
Kgotsa gongwe “mo mmung o o omeletseng.”
Kgotsa “mo nageng e e kwa godimo e e sephaphathi.”
Seheb., “Lonaka lwa Moabe lo robilwe.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Segolobogolo difeige, gongwe le maungo a mokolane.
Kgotsa “fuduegelang.”
Go tewa fulutu e e lediwang ka khutsafalo kwa phitlhong.
Kgotsa “fuduegelang.”
Go tewa fulutu e e lediwang ka khutsafalo kwa phitlhong.