Jeremia 50:1-46

  • Boporofeti ka se se tla diragalelang Babelona (1-46)

    • Tswang mo Babelona (8)

    • Iseraele o tla busediwa kwa nageng ya gagwe (17-19)

    • Metsi a Babelona a tla kgala (38)

    • Babelona ga a kitla a nniwa (39, 40)

50  Leno ke lefoko le Jehofa a neng a le bua ka moporofeti Jeremia le le amanang le Babelona,+ le le amanang le lefatshe la Bakaladia:   “Bolelang seno mo ditšhabeng lo bo lo se itsise. Tsholetsang sesupo* lo bo lo se itsise. Lo se ka lwa fitlha sepe! Buang lo re, ‘Babelona o gapilwe.+ Bele o tlhabisitswe ditlhong.+ Merodake o tshogile. Ditshwantsho tsa gagwe di tlhabisitswe ditlhong. Medingwana ya gagwe e e ferosang sebete* e tshogile.’   Gonne setšhaba se mo tlhasetse se tswa kwa bokone.+ Se dira gore lefatshe la gagwe le nne selo se se tshosang;Ga go na ope yo o nnang mo go lone. Motho mmogo le phologolo ba tshabile;Ba tsamaile.”  Jehofa a re, “Mo metlheng eo le mo nakong eo, batho ba Iseraele le batho ba Juda ba tla phuthega mmogo.+ Ba tla tsamaya ba ntse ba lela,+ mme ba tla batla Jehofa, Modimo wa bone ba le mmogo.+  Ba tla botsa tsela ya go ya kwa Siona, difatlhego tsa bone di lebile ntlheng eo,+ ba re, ‘Tlang mme re ikgolaganye le Jehofa mo kgolaganong e e nnelang ruri e e se kitlang e lebalwa.’+  Batho ba me ba fetogile letsomane la dinku tse di latlhegileng.+ Badisa ba bone ba ba timeditse.+ Ba ba isitse kwa dithabeng, ba tsamayatsamaya ba tswa mo thabeng e nngwe ba ya kwa thoteng e nngwe. Ba lebetse lefelo la bone la boikhutso.  Botlhe ba ba kopanang le bone ba ba komeditse,+ mme baba ba bone ba rile, ‘Ga re na molato, ka gonne ba leofetse Jehofa, ba leofetse ene yo e leng lefelo la tshiamo le tsholofelo ya borraabonemogolo, e bong Jehofa.’”   “Tshabang lo tswe mo Babelona,Tswang mo lefatsheng la Bakaladia,+Mme lo nne jaaka diphologolo tse di etelelang letsomane pele.   Gonne jaanong ke tlhotlheletsa ditšhaba tse dikgolo tse di phuthegilengTse di tswang kwa lefatsheng la bokone gore di tlhasele Babelona.+ Di tla tla go mo tlhasela di tlhomagane go ya ka thulaganyo ya tlhabano;O tla gapiwa go tswa ntlheng eo. Metswi ya bone e tshwana le ya motlhabaniYo o amogang batsadi bana;+Ga ba boe ba sa gapa sepe. 10  Kaladia o tla gapiwa.+ Botlhe ba ba gapang dilo mo go ene ba tla kgotsofala,”+ go bua Jehofa. 11  “Gonne lo ne lo ntse lo ipela,+ lo ne lo ntse lo itumelaFa lo gapa boswa jwa me.+ Gonne lo ne lo ntse lo tiba jaaka kgomo ya moroba* mo bojannyeng,E bile lo ne lo ntse lo taboga jaaka dipitse tse ditonanyana tse di batlang go gwela. 12  Mmaalona o tlhabilwe ke ditlhong.+ Ene yo o lo belegeng o swabile. Ke ene yo mmotlana mo ditšhabeng tsotlhe,Ke naga e e se nang metsi e bile ke sekaka.+ 13  Ga a kitla a nniwa ka ntlha ya bogale jwa ga Jehofa;+O tla kgakgabala.+ Ope fela yo o fetang gaufi le Babelona o tla mo tlhoma matlho a tshogileA bo a letsa molodi ka ntlha ya dipetso tsotlhe tse di mo wetseng.+ 14  Tlhaselang Babelona lo tlhomagane go ya ka thulaganyo ya tlhabano go tswa mo matlhakoreng otlhe,Lona lotlhe ba lo obang* bora. Mo huleng, lo se ka lwa sadisa motswi ope,+Ka gonne o leofetse Jehofa.+ 15  Mo tlhabeleng mokgosi wa ntwa mo matlhakoreng otlhe. O ineetse.* Dipilara tsa gagwe di ole, dipota tsa gagwe di digilwe,+Ka gonne Jehofa o a ipusolosetsa.+ Ipusolosetseng mo go ene. Mo direng fela jaaka a dirile.+ 16  Fedisang mojadi mo BabelonaLe motho yo o tsholang sekele ka nako ya thobo.+ Mongwe le mongwe o tla boela kwa bathong ba gagabo,Mongwe le mongwe o tla tshabela kwa lefatsheng la gagabo,+ ka ntlha ya tšhaka e e setlhogo. 17  “Batho ba Iseraele ba tshwana le dinku tse di gasameng.+ Ditau di ba phatlaladitse.+ La ntlha, kgosi ya Asiria e ne ya ba kometsa;+ go tswa foo Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona o ne a phura marapo a bone.+ 18  Ka jalo, seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang: ‘Jaanong ke tla dira kgosi ya Babelona le lefatshe la yone fela jaaka ke ne ka dira ka kgosi ya Asiria.+ 19  Mme ke tla busetsa Iseraele kwa mafulong a gagwe,+ mme o tla fula mo Karemele le mo Bashana,+ e bile o tla kgotsofala mo dithabeng tsa Eferaime+ le tsa Gileade.’”+ 20  Jehofa a re, “Mo metlheng eo le ka nako eo,Molato wa Iseraele o tla batliwa,Mme o tla bo o seyo,Le maleo a Juda ga a kitla a bonwa,Ka gonne ke tla itshwarela ba ke letlang gore ba sale.”+ 21  “Tsamaya o ye go tlhasela lefatshe la Merathaime le banni ba Pekode.+ A ba gailwe ba bo ba senngwe,” go bua Jehofa. “Dira sotlhe se ke se go laetseng. 22  Go na le modumo wa ntwa mo lefatsheng,Masetlapelo a magolo. 23  Ruri hamore* ya lefatshe lotlhe e kgaotswe e bile e robegile!+ Ruri Babelona o fetogile selo se se tshosang mo ditšhabeng!+ 24  Ke go beetse serai, mme se go tshwere wena Babelona,Mme o ne o sa itse ka sone. O ne wa bonwa mme wa tshwarwa,+Ka gonne o ne o ganetsana le Jehofa. 25  Jehofa o butse ntlo ya gagwe ya polokelo,Mme o ntsha dibetsa tsa tšhakgalo ya gagwe.+ Gonne Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo, o na le tiroMo lefatsheng la Bakaladia. 26  Mo tlhaseleng lo tswa kwa mafelong a a kgakala.+ Bulang mabolokelo a gagwe a dijo tsa ditlhaka.+ Mo koaganyeng fela jaaka mekoa ya dijo tsa ditlhaka. Mo senyeng.+ E kete a ka se ka a salelwa ke motho ope. 27  Gailang dipowana tsa gagwe tsotlhe;+A di ye tlhabong. Ruri go tla latlhega tsone, ka gonne letsatsi la tsone le gorogile,Nako ya gore di atlholwe! 28  Go na le modumo wa batho ba ba tshabang,Ba ba tswang mo lefatsheng la BabelonaGore ba ye go itsise kwa Siona gore Jehofa, Modimo wa rona o a ipusolosetsa,O busolosetsa tempele ya gagwe.+ 29  Bitsang bahudi ba metswi gore ba tle go tlhasela Babelona,Botlhe ba ba obang* bora.+ Kampang go dikologa motse; lo se ka lwa letla ope a falola. Mo dueleng go ya ka ditiro tsa gagwe.+ Mo direng fela jaaka a dirile.+ Gonne o ne a ikgodisetsa Jehofa,A ikgodisetsa Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele.+ 30  Ka jalo, makawana a gagwe a tla wela mo dipatlelong tsa gagwe,+Le masole otlhe a gagwe a tla nyelela* mo letsatsing leo,” go bua Jehofa. 31  “Ke tla go otlhaya+ wena yo o tlhogoethata,”+ go bua Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo,“Gonne letsatsi la gago le tla tla, nako e ke tla go otlhayang ka yone. 32  Wena yo o tlhogoethata, o tla kgopiwa o bo o wa,Go se na ope yo o go emisang.+ Mme ke tla tshuba metse ya gago ka molelo,E bile o tla laila sengwe le sengwe se se go dikologileng.” 33  Seno ke se Jehofa wa masomosomo a se buang: “Batho ba Iseraele le ba Juda ba a gatelelwa,Mme botlhe ba ba ba isitseng botshwarwa ba ba tswaletse.+ Ba ganne go ba lesa ba tsamaya.+ 34  Le fa go ntse jalo, Morekolodi wa bone o nonofile.+ Leina la gagwe ke Jehofa wa masomosomo.+ Eleruri o tla seka kgang ya bone,+Gore a tlisetse lefatshe boikhutso+Le gore a tlisetse banni ba Babelona khuduego.”+ 35  Jehofa a re, “Go na le tšhaka e e tlhaselang Bakaladia,E e tlhaselang banni ba Babelona le dikgosana tsa gagwe le batho ba gagwe ba ba botlhale.+ 36  Go na le tšhaka e e tlhaselang batho ba ba buang dilo tse di se nang mosola,* mme ba tla dira ka boeleele. Go na le tšhaka e e tlhaselang batlhabani, mme ba tla tshoga.+ 37  Go na le tšhaka e e tlhaselang dipitse tsa bone le dikara tsa bone tsa ntwa,Le e e tlhaselang batho ba ditso tse di farologaneng ba ba mo go ene,Mme ba tla nna jaaka basadi.+ Go na le tšhaka e e tlhaselang matlotlo a gagwe, mme a tla gapiwa.+ 38  Metsi a gagwe a tla senyega, ka gonne a tla kgala!+ Gonne ke lefatshe la ditshwantsho tse di betlilweng,+Mme ba nna ba itshwara jaaka ditsenwa ka ntlha ya diponatshegelo tsa bone tse di tshosang. 39  Ka jalo, ditshedi tsa kwa sekakeng di tla nna le diphologolo tse di bokolelang,Mme bontšhe ba tla nna mo go ene.+ Ga go kitla go tlhola go nna le motho yo o nnang mo go ene gape,E bile ga a kitla a tlhola a nna lefelo le go nniwang mo go lone mo dikokomaneng tsotlhe.”+ 40  “Fela jaaka fa Modimo a ne a senya Sodoma le Gomora+ le metsana e e bapileng le tsone,”+ go bua Jehofa, “ga go na ope yo o tla nnang koo, e bile ga go na motho ope yo o tla agang teng.+ 41  Setšhaba se tla se tswa kwa bokone;Setšhaba se segolo le dikgosi tse dikgolo+ di tla ipaakanyetsa go go tlhaselaDi tswa kwa dikarolong tse di kgakala thata tsa lefatshe.+ 42  Ba kgatikanya bora le lerumo le le konopiwang.+ Ba setlhogo e bile ga ba kitla ba utlwela ope botlhoko.+ Modumo wa bone o tshwana le lewatle le le fuduegang+ Fa ba ntse ba patakela ka dipitse tsa bone. Ba tlhomagana go ya ka thulaganyo ya tlhabano ba le seoposengwe gore ba go tlhasele, wena morwadia Babelona.+ 43  Kgosi ya Babelona e utlwile pego ka ga bone,+Mme diatla tsa gagwe di repile.+ O aparetswe ke letshogo,O mo ditlhabing jaaka mosadi yo o belegang. 44  “Mongwe o tla tla go tlhasela mafulo a a sireletsegileng fela jaaka tau e tswa mo ditlhatshaneng tse di kitlaneng tse di fa thoko ga Joredane, mme mo nakong e khutshwane ke tla dira gore ba tshabe ba tswe mo go ene. Mme ke tla mo tlhomela yo o tlhophilweng gore a mo okamele.+ Gonne ke mang yo o tshwanang le nna, le gone ke mang yo o ka emelanang le nna? Ke modisa ofe yo o ka emang fa pele ga me?+ 45  Ka jalo, lona batho, utlwang tshwetso* e Jehofa a e dirileng ka Babelona+ le se a se akantseng ka naga ya Balakadia. Eleruri dikwanyana tsa letsomane di tla gogagogiwa. O tla dira gore lefelo le di nnang mo go lone le kgakgabale ka ntlha ya bone.+ 46  Lefatshe le tla roroma ka ntlha ya modumo wa gore Babelona o gapilwe,E bile go tla utlwiwa selelo mo ditšhabeng.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kota ya sesupo.”
Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.
Kgotsa “kgomo e e iseng e nne le namane.”
Seheb., “gatang.”
Seheb., “O ntshitse seatla sa gagwe.”
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Kgotsa “hamole.”
Seheb., “gatang.”
Seheb., “didimadiwa.”
Kgotsa “baporofeti ba maaka.”
Kgotsa “kgakololo.”