Jeremia 51:1-64

  • Boporofeti ka se se tla diragalelang Babelona (1-64)

    • Bameda ba tla tlhasela Babelona ka tshoganyetso (8-12)

    • Buka e latlhelwa mo Euferatese (59-64)

51  Seno ke se Jehofa a se buang: “Jaanong ke tlisa phefo e e senyang,Ke e tlisetsa Babelona+ le banni ba Lebe-kamai.*   Ke tla romela baolosi kwa Babelona,Mme ba tla mo olosa ba bo ba dira gore lefatshe la gagwe le sale le se na sepe;Ba tla mo tlhasela mo matlhakoreng otlhe mo letsatsing la masetlapelo.+   A mohudi wa metswi a se ka a oba* bora jwa gagwe. E bile a go se nne le ope yo o emang a apere diaparo tsa gagwe tsa phemelo. Lo se ka lwa tlhomogela makawana a gagwe pelo.+ Senyang masole otlhe a gagwe.   Mme ba ba bolailweng ba tla rapalala mo lefatsheng la Bakaladia,Ba tlhabilwe mo mebileng ya gagwe.+   Gonne Jehofa wa masomosomo ga a latlha Iseraele le Juda, ga ba a fetoga batlholagadi.+ Le fa go ntse jalo, lefatshe la bone* le na le molato o mogolo fa pele ga Modimo yo o Boitshepo wa Iseraele.   Tshabang lo tswe mo Babelona,Mme lo falotse botshelo* jwa lona,+Gore lo se ka lwa nyelela ka ntlha ya molato wa gagwe. Gonne ke nako ya gore Jehofa a ipusolosetse. O mo duelela se a se dirileng.+   Babelona e ntse e le senwelo sa gauta mo seatleng sa ga Jehofa;O ne a tagisa lefatshe lotlhe. Ditšhaba di nole beine ya gagwe;+Ke gone ka moo ditšhaba di tsenwang.+   Babelona o ole ka tshoganyetso e bile o robegile.+ Bokolelang ka ntlha ya gagwe!+ Batlelang ditlhabi tsa gagwe balema; gongwe o tla fola.”   “Re ne ra leka go fodisa Babelona, mme ga a ka a fola. Mo tlogeleng mme re tsamaye, mongwe le mongwe a ye kwa lefatsheng la gagabo.+ Gonne katlholo ya gagwe e fitlhile kwa magodimong;E kwa godimo thata fela jaaka maru.+ 10  Jehofa o re tliseditse tshiamiso.+ Tlang, a re aneleng ditiro tsa ga Jehofa, Modimo wa rona mo Siona.”+ 11  “Phatsimisang metswi;+ tsayang dithebe tse di kgolokwe.* Jehofa o tlhotlheleditse moya wa dikgosi tsa Bameda,+Ka gonne o ikaeletse go senya Babelona. Gonne jaanong Jehofa o a ipusolosetsa, o busolosetsa tempele ya gagwe. 12  Tsholeletsang dipota tsa Babelona sesupo.*+ Nonotshang bafemedi, tlhomang balebeledi. Rulaganyang ba ba lalelang. Gonne Jehofa o logile leano,Mme o tla diragatsa se a solofeditseng gore o tla se dira banni ba Babelona.”+ 13  “Wena mosadi yo o nnang mo metsing a mantsi,+Yo o nang le matlotlo a mantsintsi,+Wena le lotseno lo o lo dirang, bokhutlo jwa lona bo gorogile.+ 14  Jehofa wa masomosomo o ikanne ka ene a re,‘Ke tla go tlatsa ka batho ba le bantsi jaaka tsie,Mme ba tla goa ka boitumelo ba go fentse.’+ 15  Ke Ene yo o dirileng lefatshe ka maatla a gagwe,Ene yo o neng a dira naga e e ungwang ka botlhale jwa gagwe,+Le yo o neng a phutholola magodimo ka tlhaloganyo ya gagwe.+ 16  Fa a dira gore lentswe la gagwe le utlwiwe,Metsi a a kwa magodimong a a kgoberega,E bile o dira gore maru* a tlhatloge go tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe. O direla pula legadima,*E bile o ntsha phefo mo mabolokelong a gagwe.+ 17  Motho mongwe le mongwe o dira dilo tsa go sa akanye le tsa go tlhoka kitso. Mothudi mongwe le mongwe wa tshipi o tla tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya setshwantsho se se betlilweng;+Gonne setshwantsho* sa gagwe se se bopilweng ke maaka,E bile ga go na moya* mo go tsone.+ 18  Ga di na mosola,*+ ke tiro e e tshwanelwang ke go sotlwa. Fa letsatsi la katlholo le tla, di tla nyelela. 19  Yo e leng Kabelo ya ga Jakobe ga a tshwane le dilo tseno,Gonne ke Ene yo o bopileng dilo tsotlhe,Tota e bile o bopile le thobane ya boswa jwa gagwe.+ Leina la gagwe ke Jehofa wa masomosomo.”+ 20  “O molamu wa me wa ntwa, o sebetsa sa tlhabano,Gonne ke tla thubaganya ditšhaba ka wena. Ke tla senya magosi ka wena. 21  Ke tla thubaganya pitse le mopalami wa yone ka wena. Ke tla thubaganya kara ya ntwa le mopalami wa yone ka wena. 22  Ke tla thubaganya monna le mosadi ka wena,Ke tla thubaganya monnamogolo le mosimane ka wena,Ke tla thubaganya lekawana le lekgarebe ka wena. 23  Ke tla thubaganya modisa le motlhape wa gagwe ka wena. Ke tla thubaganya molemi le diphologolo tse a lemang ka tsone ka wena. Ke tla thubaganya babusi le balaodi ka wena. 24  Mme ke tla otlhaela Babelona le banni botlhe ba KaladiaBosula jotlhe jo ba bo dirileng kwa Siona fa pele ga matlho a lona,”+ go bua Jehofa. 25  “Jaanong ke tlhabana le wena,+ wena thaba e e senyang,” go bua Jehofa,“Wena yo o senyang lefatshe lotlhe.+ Ke tla go otlololela seatla ke bo ke go pitikolola ke go ntsha mo mafikengMme ke tla dira gore o nne thaba e e sheleng.” 26  “Batho ga ba kitla ba tsaya leje la sekhutlo* kgotsa leje la motheo mo go wena,Ka gonne o tla kgakgabala ka bosakhutleng,”+ go bua Jehofa. 27  “Tsholetsang sesupo* mo lefatsheng.+ Letsang lonaka mo ditšhabeng. Tlhomang* ditšhaba gore di mo tlhasele. Bitsang magosi a Ararata,+ Minni le Ashekenase+ gore a mo tlhasele. Laelang modiredi yo o phuthelang batho sesoleng gore a mo tlhasele. Dirang gore dipitse di tle jaaka ditlhopha tse dikgolo tsa tsie e e gagabang. 28  Tlhomang* ditšhaba gore di mo tlhasele,Dikgosi tsa Media,+ babusi ba tsone le balaodi botlhe ba tsone Le dinaga tsotlhe tse ba di busang. 29  Mme lefatshe le tla reketla le bo le roroma,Gonne dikakanyo tsa ga Jehofa tse di kgatlhanong le Babelona di tla diragadiwaGore lefatshe la Babelona e nne selo se se tshosang, le sale le se na monni.+ 30  Batlhabani ba Babelona ba tlogetse go tlhabana. Ba ntse mo dikagong tsa bone tse di thata. Ba feletswe ke nonofo.+ Ba tshwana le basadi.+ Magae a gagwe a fisitswe ka molelo. Mephakalego ya gagwe e robagantswe.+ 31  Morongwa yo mongwe o siana a ya go kgatlhantsha morongwa yo mongwe,Le mmegi yo mongwe a ya go kgatlhantsha mmegi yo mongwe,Ba ya go begela kgosi ya Babelona gore karolo nngwe le nngwe ya motse wa gagwe e gapilwe,+ 32  Gore mafelo a batho ba kgabaganyang dinoka kwa go one a gapilwe,+Gore mekoro ya papirase e fisitswe ka molelo,Le gore masole a tshogile.” 33  Gonne seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang: “Morwadia Babelona o tshwana le seboana. Ke nako ya go mo gataka gore a nne thata. Go ise go ye kae o tla tlelwa ke nako ya thobo.” 34  “Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona o nkomeditse;+O ntlhakantse tlhogo. O mpeile fa fatshe jaaka sejana se se se nang sepe. O mmeditse jaaka noga e kgolo;+O tladitse mpa ya gagwe ka dilo tsa me tse di monate. O ntsokoditse ka metsi. 35  ‘E kete thubakanyo e ke e diretsweng e ka tlela Babelona!’ go bua monni wa Siona.+ ‘Mme a molato wa madi a me o boele mo ditlhogong tsa banni ba Kaladia!’ go bua Jerusalema.” 36  Ka jalo, seno ke se Jehofa a se buang: “Jaanong ke seka kgang ya gago,+Mme ke tla go busolosetsa.+ Ke tla kgadisa lewatle la gagwe le didiba tsa gagwe.+ 37  Mme Babelona o tla nna mekoa ya maje,+Mongobo wa bophokoje,+Selo se se tshosang le sengwe sa go lelediwa molodi,O tla sala a se na monni.+ 38  Botlhe ba tla kurutla fela jaaka ditawana.* Ba tla duma jaaka bana ba ditau.” 39  “Fa dikeletso tsa bone di gotetse, ke tla ba direla mokete ke bo ke ba tagisa,Gore ba tle ba itumele;+Go tswa foo, ba tla robalela ruri,Mme ga ba kitla ba tsoga,”+ go bua Jehofa. 40  “Ke tla ba isa tlhabong jaaka dikwanyana,Jaaka diphelefu di na le dipodi.” 41  “Ruri Sheshake* o gapilwe,+Ruri Pako ya lefatshe lotlhe e gapilwe!+ Ruri Babelona o fetogile selo se se tshosang mo ditšhabeng! 42  Lewatle le khurumeditse Babelona. O khurumeditswe ke makhubu a lone a mantsintsi. 43  Metse ya gagwe e fetogile selo se se tshosang, naga e e se nang metsi le sekaka. Naga e go se nang motho ope yo o tla nnang mo go yone, e go se nang motho ope yo o tla e ralalang.+ 44  Ke tla sekisa Bele+ mo Babelona,Mme ke tla ntsha se se mo molomong wa gagwe se a se meditseng.+ Ditšhaba ga di kitla di tlhola di ologela kwa go ene. E bile lobota lwa Babelona lo tla wa.+ 45  Tswang mo go ene, batho ba me!+ Falotsang matshelo* a lona+ mo bogaleng jo bo tukang jwa ga Jehofa!+ 46  Lo se ka lwa boifa kgotsa lwa tshoga ka ntlha ya pego e e tla utlwiwang mo lefatsheng. Mo ngwageng o le mongwe go tla tla pego,Mme mo ngwageng o o latelang go tla tla pego e nngwe,E e amanang le thubakanyo mo lefatsheng le e e amanang le mmusi yo o tlhaselang mmusi yo mongwe. 47  Ka jalo, metlha e etlaE mo go yone ke tla sekisang ditshwantsho tse di betlilweng tsa Babelona. Lefatshe lotlhe la gagwe le tla tlhabiwa ke ditlhong,Le batho botlhe ba gagwe ba ba bolailweng ba tla wela teng koo.+ 48  Magodimo le lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go tsoneDi tla goa ka boitumelo ka ntlha ya Babelona,+Ka gonne ke tla mo romelela ba ba tla mo senyang ba tswa kwa bokone,”+ go bua Jehofa. 49  “Babelona ga a bolaya batho ba Iseraele fela+Mme gape o bolaile le batho ba lefatshe lotlhe kwa Babelona. 50  Lona ba lo falotseng tšhaka, nnang lo tsamaye, lo se ka lwa ema fela!+ Gakologelwang Jehofa lo le kgakala,Mme e kete lo ka akanya ka Jerusalema.”+ 51  “Re tlhabilwe ke ditlhong, ka gonne re utlwile mafoko a tshotlo. Difatlhego tsa rona di apesitswe ke tlontlologo,Ka gonne batswakwa ba tlhasetse mafelo a a boitshepo a ntlo ya ga Jehofa.”+ 52  Jehofa a re, “Ka jalo, metlha e etla,E mo go yone ke tla sekisang ditshwantsho tsa gagwe tse di betlilweng,Mme ba ba gobetseng ba tla lela mo lefatsheng lotlhe la gagwe.”+ 53  “Tota le fa Babelona a ka tlhatlogela kwa magodimong,+Tota le fa a ka nonotsha dikago tsa gagwe tse di thata tse di goletseng kwa godimo,Ke tla mo romelela ba ba tla mo senyang,”+ go bua Jehofa. 54  “Reetsang! Go utlwala selelo se se tswang kwa Babelona,+Modumo wa masetlapelo a magolo o o tswang kwa lefatsheng la Bakaladia,+ 55  Gonne Jehofa o senya Babelona,O tla didimatsa lentswe la gagwe le legolo,Mme modumo o o dirwang ke baba ba gagwe o tla tshwana le wa makhubu a lewatle. Go tla utlwala modumo wa lentswe la bone. 56  Gonne mosenyi o tla tla go tlhasela Babelona;+Batlhabani ba gagwe ba tla gapiwa,+Mara a bone a tla tšhwetlakanngwa,Ka gonne Jehofa ke Modimo wa pusoloso.+ Eleruri o tla busolosa.+ 57  Ke tla tagisa dikgosana tsa gagwe le batho ba gagwe ba ba botlhale,+Babusi ba gagwe le balaodi ba gagwe le batlhabani ba gagwe,Mme ba tla robalela ruri,Ga ba kitla ba tsoga,”+ go bua Kgosi, e leina la yone e leng Jehofa wa masomosomo. 58  Seno ke se Jehofa wa masomosomo a se buang: “Le fa gone lobota lwa Babelona lo le sephara, lo tla thubiwa,+E bile le fa gone dikgoro tsa gagwe di le kwa godimo, di tla fisiwa ka molelo. Ditšhaba di tla dira ka natla di direla lefela;Merafe e tla itapisa e le fela gore e kgotletse molelo.”+ 59  Leno ke lefoko le moporofeti Jeremia a neng a le laela Seraia morwa Neria+ morwa Maseia fa a ne a tsamaya le Kgosi Sedekia wa Juda kwa Babelona mo ngwageng wa bonê wa puso ya gagwe; Seraia ke ene yo o neng a tlhokomela dilo tsa kgosi. 60  Jeremia o ne a kwala masetlapelo otlhe a a neng a tla tlela Babelona mo bukeng e le nngwe, mafoko ano otlhe a ne a kwadilwe gore a tla diragalela Babelona. 61  Mo godimo ga moo, Jeremia o ne a raya Seraia a re: “Fa o goroga kwa Babelona mme o mmona, o balele mafoko ano otlhe kwa godimo. 62  Go tswa foo o re, ‘Jehofa, o buile gore lefelo leno le tla senngwa le bo le sala le se na monni, motho kgotsa phologolo, le gore le tla nna le kgakgabetse ka bosakhutleng.’+ 63  Mme fa o sena go bala buka eno, o bofelele leje mo go yone o bo o e latlhela mo Euferatese. 64  Go tswa foo o re, ‘Babelona o tla nwelelela kwa tlase ka tsela eno e bile ga a kitla a tlhola a ema gape+ ka ntlha ya masetlapelo a ke mo a tlisetsang; mme ba tla lapa.’”+ Mafoko a ga Jeremia a felela fano.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go bonala e le leina le lengwe la Kaladia.
Seheb., “gata.”
Go tewa lefatshe la Bakaladia.
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa gongwe “tlatsang mekotlopo.”
Kgotsa “kota ya sesupo.”
Kgotsa “mouwane.”
Kgotsa gongwe “mesele.”
Kgotsa “sefikantswe.”
Kgotsa “mohemo.”
Kgotsa “Ke lefela.”
Kgotsa “kota ya sesupo.”
Seheb., “Itshepiseng.”
Seheb., “Itshepiseng.”
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Kgotsa “ditawana tse di seriri.”
Go bonala e le leina le lengwe la Babele (Babelona).
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.